Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

James 5 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Come now, you who are rich, weep and wail over the miseries that are coming upon you. Bonang, lona bahumi, jaanong ke nako ya go lela le go bokolela ka bohutsana jo bogolo ka ntlha ya go bona matshwenyego otlhe a a boitshegang a a kwa pele ga lona.
2 Your riches have rotted, and your clothes have become moth-eaten. Gonne khumo ya lona e setse jaanong e bola, le diaparo tsa lona tse dintle di fetoga makgasa a a jelweng ke motoutwane.
3 Your gold and silver have rusted; their rust will witness against you and burn your flesh like fire. You piled up riches in the last days. Tlhwatlhwa ya gouta le selefera ya lona e wela kwa tlase ka bofefo, go ntse jalo e tlaa nna e le bosupi jo bo lo tlhabantshang, e bo e e ja nama ya lona jaaka molelo. Ke sone se lo se ipeetseng go se amogela mo letsatsing leo la tshekiso.
4 Look: the wages you held back from the workers who mowed your fields cry out, and the harvesters' cries have reached the ears of the Father of heaven's armies. Mme reetsang! Reetsang selelo sa badiri ba ba dirang mo masimong a lona ba lo ba tsieditseng ka tuelo ya bone. Selelo sa bone se tsenye mo ditsebeng tsa Morena wa Masomosomo.
5 You lived on earth in luxury and indulgence. You fattened your hearts in a day of slaughter. Lo dirisitse dingwaga tsa lona mo lefatsheng lo le mo letlepung, lo itumedisa dikeletso tsotlhe tsa dipelo tsa lona, mme jaanong dipelo tsa lona tse di nonneng di siametse polao.
6 You have condemned and murdered the righteous one, who does not resist you. Lo atlhotshe ebile lo bolaile batho ba ba molemo ba ba neng ba sena nonofo go itshireletsa mo go lona.
7 So be patient, brothers and sisters, until the Lord's coming. Think of the farmer: he waits patiently for the land's precious fruit, until it gets the early and late rains. Ke lona bagaetsho, bakaulengwe ba ba rategang, ba lo letetseng go bowa ga Morena, nnang pelotelele, jaaka molemi yo o letelang go fitlhelela letlhabula fa thobo ya gagwe ya botlhokwa e butswa.
8 You too must be patient. Strengthen your hearts, because the coming of the Lord is near. Ee nnang, pelotelele. Lo bo lo kgothale, gonne go tla ga Morena go gaufi.
9 Don't grumble against each other, brothers and sisters, or you'll be judged. Look—the Judge stands at the doors. Lo se ka lwa ngongoregela bakaulengwe. A lona ka bolona lo setse lo fetile go nyadiwa? Gonne bonang! Moatlhodi yo mogolo o e tla. O setse a le gaufi mo leseng e nne ene yo o tshwayang diphoso tsotlhe tse di tshwanetseng go supiwa.
10 Brothers and sisters, take the prophets who spoke in the name of our Father as examples of suffering and patience. Mo dikaing tsa bopelotelele mo dipogisegong, tsayang malebela mo baporofiting ba Morena.
11 See, we call those who endured blessed. You've heard of Job's endurance and seen what our Father brought about—our Father is rich in compassion and mercy. Re itse ka fa ba itumelang ka teng jaanong gonne ba ne ba le boammaruri mo go ene ka nako eo, le fa ba ne ba go bogela thata. Jobe ke sesupo sa motho yo o neng a tsweletse a ikanya Morena mo matshwenyegong; mo maitemogelong a gagwe re bona ka fa leano la Modimo le neng la felela ka bomolemo ka teng, gonne Morena o tletse bopelotlhomogi le kutlwelo-botlhoko.
12 Above all, my brothers and sisters, do not swear—neither by heaven, nor earth, nor any other oath. Let your yes be yes and your no, no, so you won't fall under judgment. Mme mo godimo ga dilo tsotlhe, bakaulengwe ba ba rategang, se ikaneng ka legodimo kgotsa ka lefatshe kgotsa le fa e le ka eng; lo re “ee” kgotsa “nnyaa” fela, gore lo seka lwa leofa lwa tloga lwa welwa ke phutso ya Modimo.
13 Is anyone among you suffering? Let them pray. Is anyone cheerful? Let them sing praises. A mongwe mo go lona o tlhokofetse? A a nne a tswelele a rapele ka gone. Mme ba ba nang le lobaka lwa go leboga ba tshwanetse go tswelela ba opelela Morena dipako.
14 Anyone sick among you? Have them call for the church elders, and have the elders pray over them, anointing them with oil in the name of the Lord. A mongwe o a lwala? O tshwanetse go bitsa bagolwane ba phuthego mme ba mo rapelele ba bo ba mo tshele lookwane ba kope Morena go mo fodisa.
15 The prayer of faith will save the sick person, and the Lord will raise him up. And if he has sinned, he will be forgiven. Mme thapelo ya bone, fa e dirwa ka tumelo, e tlaa mo fodisa, gonne o tlaa mo kakatlolola mme fa e le gore bolwetse jwa gagwe bo ne bo dirwa ke sebe sengwe, Morena o tlaa mo itshwarela.
16 So confess your sins to each other and pray for each other, that you may be healed. A righteous person's prayer is powerful and effective. Ipolelaneng ditlolo mme lo rapelelane gore lo tle lo fodisiwe. Thapelo ya mosiami e e tlhomameng e na le nonofo e kgolo le maungo a mantle.
17 Elijah was a man like us, and he prayed hard that it not rain; it did not rain on the land for three years and six months. Elija e ne e le motho fela jaaka rona, mme le fa go ntse jalo e ne ya re a rapela ka tlhoafalo gore pula e seka ya na ya se ka ya na mo dingwageng tse tharo le dikgwedi tse thataro tse di latelang!
18 Then he prayed again, and the heavens gave rain, and the earth produced its fruit. Mme a rapela gape, gore jaanong e ne, mme ya simolola go na mme bojang jwa nna botala le masingwana a simolola go ungwa gape.
19 My brothers and sisters, if anyone among you wanders from the truth and someone turns them back, Bagaetsho, ha mongwe mo go lona a timeletswe ke boammaruri, mme mongwe a mo sokolola;
20 know this: whoever turns a sinner from their wrong way saves that person's soul from death and covers a multitude of sins. a a itse ha yo o sokololang moleofi mo timelong ya tsela ya gagwe, a tlaa golola mowa mo losong, mme a ba a bipa bontsi jwa dibe.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]