Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

James 4 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Where do wars and fights among you come from? Isn't it your cravings warring inside you? Se se dirang dikomano le dintwa mo gare ga lona ke eng? A ga se ka ntlha ya dikeletso tse di bosula tse di lwang mo ditokololong tsa lona.
2 You want and don't have—you kill. You crave and can't get it—you quarrel and fight. You don't have because you don't ask. Lo batla se lo senang naso, jalo lo a bolaya go nna naso. Lo eletsa se ba bangwe ba nang naso, mme ga lo kgone go nna naso, jalo lo simolola ntwa go se tsaya mo go bone. Mme le fa go ntse jalo lebaka la gore lo seka lwa nna le se lo se batlang ke ka ntlha ya gore ga lo se kope mo Modimong.
3 You ask and do not receive, because you ask wrongly, to spend it on your own pleasures. Mme le fa lo kopa ga lo se fiwe gonne maikaelelo otlhe a lona ga a a siama, lo batla fela se se tlaa lo nayang boitumelo.
4 You adulterous people! Don't you know friendship with the world is hostility toward our Father? Whoever chooses to be its friend becomes an enemy of our Father. Lo tshwana le mosadi yo o nyetsweng yo o sa ikanyegeng yo o ratang baba ba monna wa gagwe. A ga lo lemoge gore go nna botsalano le baba ba Modimo, ebong dithato tse di bosula tsa lefatshe leno, go lo dira baba ba Modimo? Ke bua gape ka re fa maikaelelo a lona e le go itumela mo dithatong tse di bosula tsa lefatshe leno, le le sa bolokwang, ga lo kake gape lwa nna ditsala tsa Modimo.
5 Or does Scripture speak for nothing, saying the spirit he placed in us longs jealously? Kgotsa lo akanya gore lokwalo lo raya eng fa lo re Mowa O O Boitshepo, o Modimo o o agisitseng mo go rona, o re disitse ka lefufa le le bonolo.
6 But he gives more grace. That is why Scripture says, "Our Father opposes the proud but gives grace to the humble." Mme o re naya nonofo ya go tlhabana le dikeletso tsotlhe tse di bosula tse di ntseng jaana. Jaaka Lokwalo lo re, Modimo o naya ba ba ingotlang nonofo, mme o kgatlhanong le ba ba ikgodisang le ba ba mabela.
7 Submit yourselves, then, to our Father. Resist the devil, and he will flee from you. Ke gone ineeleng mo Modimong ka boingotlo. Tlhabanang le diabolo mme o tlaa lo tshaba.
8 Come close to our Father, and he will come close to you. Cleanse your hands, sinners; purify your hearts, double-minded. Mme fa lo atamela mo Modimong, le One o tlaa lo atamela. Tlhapang diatla tsa lona, baleofi ke lona lo bo lo letle dipelo tsa lona di tlale ka Modimo fela go di ntlafatsa le gore di ikanyege mo go One.
9 Grieve, mourn, and weep. Turn your laughter to mourning and your joy to gloom. Hutsafalang lo lele ka ntlha ya dilo tse di sa siamang tse lo di dirileng. A go nne boikotlhao le bohutsana jwa boammaaruri. A go nne bohutsana mo boemong jwa setshego, le go sa itumeleng mo boemong jwa boitumelo.
10 Humble yourselves before our Father, and he will lift you up. Ke gone e tlaa reng fa lo ikutlwa lo se ba sepe fa pele ga Morena, o tlaa lo tsholeletsa kwa godimo a lo kgothatsa a bo a lo thusa.
11 Don't speak against each other, brothers and sisters. Whoever speaks against a brother, or judges him, speaks against the law and judges it. But if you judge the law, you're not keeping it—you're judging it. Se tshwaaneng diphoso lwa ba lwa buana bosula bakaulengwe ba ba rategang. Fa lo dira jalo, lo tlaa bo lo tlhabana le molao wa Modimo o o reng lo ratane, lo o supa o sa siama. Mme tiro ya lona ga se go akanya gore a molao o o siame kgotsa ga o a siama, fa e se go o obamela fela.
12 Only one gives the law and judges—able to save or destroy. Who are you to judge your neighbor? Yo o dirileng molao ke ene fela a ka atlholang sentle mo gare ga rona. Ke ene fela o ka atlholang go re boloka kgotsa go re nyeletsa. Jalo lo na le tshwanelo efe go sekisa kgotsa go bona ba bangwe diphoso?
13 Come now, you who say, "Today or tomorrow we will go to this or that city, spend a year, trade, and profit." Bonang, lona batho ba lo reng, “Gompieno kgotsa ka moso re tlaa ya kwa motsing wa bolebe, re nna teng koo ngwaga, mme re simolole teng madirelo a papadi.”
14 You don't know what tomorrow brings. What is your life? For you're a mist, visible briefly, then gone. Lo itse jang se se tlaa lo diragalelang ka moso? Gonne boleele jwa matshelo a lona ga bo tlhomamisege fela jaaka mouwane wa mo mosong, o bonala jaanong jaana; mme e re ka lobakanyana o bo o nyeletse.
15 Instead you ought to say, "If our Father wills, we will live and do this or that." Se lo tshwanetseng go se bua ke se, “Fa Morena a rata, re tlaa tshela re bo re dira se kgotsa sele.”
16 As it is, you boast in your arrogance. All such boasting is evil. E seng jalo lo tlaa bo lo ikgantsha ka maano a e leng a lona, mme go itshepa mo go ntseng jaana ga go itumedise Modimo.
17 So whoever knows the good to do and fails to do it, sin is theirs. Gakologelwang gape gore, go itse se se molemo se se tshwanetseng go dirwa, mme se bo se sa dirwe, ke boleo.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]