Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

James 3 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 My brothers and sisters, not many of you should become teachers, since we teachers face stricter judgment. Bakaulengwe ba ba rategang, se gakaleleleng go bolelela ba bangwe diphoso tsa bone, gonne rotlhe re dira diphoso; mme fa rona baruti, ba re tshwanetseng go itse botoka, re dira diphoso, go otlhaiwa ga rona go tlaa nna gogolo go na le ga ba bangwe.
2 For we all stumble in many ways. Anyone who never stumbles in speech is a mature man, able to control his whole body too. Fa motho le fa e le mang a ka kgona go laola loleme lwa gagwe, go supa gore o na le thata ya go ikgapa ka ditsela tsotlhe.
3 If we put bits in horses' mouths to make them obey us, we guide their whole bodies too. Re ka dira gore pitse e tona e retologele kwa re batlang e ya teng ka tomonyana e e mo molomong wa yone.
4 Consider ships too: though large and driven by strong winds, a tiny rudder steers them wherever the pilot wants. Le lomatsanyana (seterebonyana) lo dira gore sekepe se se tona se retologele gongwe le gongwe kwa mokgweetsi a batlang se ya teng, le fa diphefo di tsubutla.
5 So too the tongue is a small body part, yet boasts great things. See how small a fire sets ablaze a great forest! Fela jalo loleme le lone ke selo se sennyennyane, mme lo ka dira tshenyo e kgolo thata. Sekgwa se se tona se ka tshujwa ke tlhasenyana.
6 The tongue is a fire, a world of wickedness placed among our body's parts. It stains the whole body, sets the whole course of life ablaze, and is itself set ablaze by hell. Mme loleme ke kgabo ya molelo. Lo tletse tshiamololo ebile lo leswafatsa tokololo nngwe le nngwe ya mmele. Mme loleme lo tlhosediwa ke molete ka sebele, jalo lo ka fetolela matshelo a rona otlhe mo kgabong e e lakaselang ya tshenyo e kgolo.
7 Every kind of beast, bird, reptile, and sea creature is tamed, and has been tamed, by humankind, Batho ba katisitse, kgotsa ba ka katisa, mofuta mongwe le mongwe wa phologolo kgotsa nonyane e e tshelang le mofuta mongwe le mongwe wa segagabi le ditlhapi,
8 but no human being can tame the tongue. It is a restless evil, full of deadly poison. mme ga go na ope yo o ka katisang loleme. Ka malatsi otlhe lo ipaakanyeditse go tsholola botlhole jwa lone jo bo bolayang.
9 With it we bless our Father; with it we curse people made in the likeness of our Father. Nako e nngwe lo galaletse Rara wa rona wa legodimo, mme ka nako e nngwe lo hutsa batho ba ba bopilweng mo setshwanong sa Modimo.
10 From the same mouth come blessing and cursing. My brothers and sisters, this should not be. Fela jalo, tshegofatso le phutso di tuntologa mo go one molomo. Bakaulengwe ba ba rategang, tota se ga se a siama.
11 Does a spring pour out both fresh and bitter water from the same opening? A motswedi wa metse o tlo o pumpunyege metse a a siameng lwa ntlha mme e re morago o tswe metse a a botlhoko?
12 Brothers and sisters, can a fig tree bear olives, or a vine figs? Neither can a salt spring yield fresh water. A o ka hula lotlhware mo setlhareng sa mofeige, kgotsa difeige mo setlharing sa mofine? Nnyaa, gape ga o kake wa ga metse a a monate mo sedibeng se se letswai.
13 Who is wise and understanding among you? Let him show his deeds through good conduct, in wisdom's humility. Fa o le botlhale, tshela botshelo jo bo molemo jo bo tlhomameng gore ditiro tse di molemo di tle di tote, mme fa o sa ikgantshe ka tsone, o tlaa nna botlhale ka boammaaruri!
14 But if bitter envy and selfish ambition fill your heart, don't boast or lie against the truth. Mme kaga dilo tsotlhe, o seka wa ikgantsha kaga go nna botlhale le go nna molemo fa o le bogalaka le lefufa ebile o ipona botoka; seo ke maaka a a maswe thata.
15 This is not the wisdom that comes down from above, but is earthly, unspiritual, demonic. Gonne lefufa le go ipona botoka ga se botlhale jo bo tswang kwa Modimong. Dilo tse di ntseng jaana ke tsa lefatshe ga se tsa semowa, di tlhotlhelediwa ke Satane.
16 For where there is jealousy and selfish ambition, there will be disorder and every vile practice. Gonne kwa go nang le lefufa teng kgotsa keletso ya go ipona botoka, go tlaa nna tobekano le mofuta mongwe le mongwe wa bosula.
17 Wisdom from above: pure first, then peace-loving, gentle, reasonable, full of mercy and good fruit, unbiased, sincere. Mme botlhale jo bo tswang kwa legodimong, bo simologa bo le phepa ebile bo le bonolo. Jalo bo rata kagiso le boikobo. Bo letlelela dipuisano ebile bo rata go ineela mo go ba bangwe; bo tletse kutlwelo-botlhoko le ditiro tse di molemo. Bo itekanetse, bo tlhamaletse ebile bo a ikanyega.
18 And the harvest of righteousness is sown in peace by those who make peace. Mme ba e leng badira kagiso ba tlaa jala dipeo tsa kagiso ba bo ba roba thobo ya bomolemo.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]