Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

1 Peter 1 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Peter, apostle of Jesus Christ, to the chosen exiles scattered through Pontus, Galatia, Cappadocia, Asia, and Bithynia. Lokwalo lo lo tswang kwa go: Petere, mo rongwa wa ga Jesu Keresete. A kwalela: Bakeresete ba Bajuta ba ba lelekilweng mo Jerusalema mme ba falalela mo Pontose, Galalea, Kapadosia, Ausia, le Bethania.
2 Chosen by our Father's foreknowledge, made holy by the Holy Spirit, to obey Jesus Christ and be sprinkled with his blood: grace and peace multiplied to you. Ditsala tse di rategang, Modimo Rara o lo tlhophile bogologolo e bile o itsile gore lo tlaa nna bana ba one. Mme Mowa o o Boitshepo o ntse o dira mo dipelong tsa lona, o lo tlhatswa ka madi a ga Jesu Keresete go lo dira gore lo mo itumedise. A Modimo o lo segofatse thata mme o lo okeletse kgololesego mo tlalelong yotlhe le poifo.
3 Blessed is our Father, and the Father of our Lord Jesus Christ: by his great mercy he gave us new birth into a living hope through Jesus Christ's resurrection from the dead, A tlotlo yotlhe e nne mo Modimong, Modimo Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete: gonne ke kutlwelo-botlhoko ya gagwe ya kgololesego e e re neileng tshwanelo e e faphegileng ya go tsalwa sesha; gore jaanong re bo re le maloko mo lwapeng lwa Modimo. Jaanong re tshela mo tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya gore Keresete o tsogile gape mo baswing.
4 into an inheritance that can never perish, spoil, or fade, kept in heaven for you, Mme Modimo o beetse bana ba one mpho e e sa rekweng ya botshelo jo bo sa khutleng; lo e beetswe kwa legodimong, mpho e e itshekileng ebile e sa leswafala, e e sa fetogeng ebile e sa bole.
5 protected through faith by our Father's power for the salvation ready to be revealed in the last time. Mme Modimo, mo nonofong ya one e kgolo, o tlaa tlhomamisa gore lo tsene koo lo babalesegile go e amogela, ka gonne lo a o ikanya. E tlaa nna ya lona mo letsatsing leo la bofelo gore lo e bone lotlhe.
6 You rejoice greatly in this, though now, briefly, you may have had to be distressed by various trials. Jalo itumeleng ka boammaaruri! Go na le boitumelo jo bogolo kwa pele, le fa go tsamaya go sa itumedise ka lobakanyana fano.
7 These have come so that your faith—tested and found genuine, worth more than fire-refined gold that still gets destroyed—may bring praise, glory, and honor when Jesus Christ appears. Diteko tse ke go leka tumelo ya lona fela, go bona gore a e nonofile ebile e itshekile kgotsa nnyaa. E lekwa jaaka molelo o leka gauta o bo o e tlhatswa, mme tumelo ya lona e botlhokwa thata mo Modimong go gaisa gauta; jalo fa tumelo ya lona e sala e nonofile e sena go lekwa ka molelo, e tlaa lo tlisetsa pako le kgalalelo le tlotlo mo letsatsing la go bowa go gagwe.
8 Though you've never seen him, you love him; though you don't see him now, you trust him, rejoicing with joy beyond words and full of glory, Lo a mo rata ntswa lo ise lo ke lo mmone; le fa lo sa mmone, lo a mo ikanya; mme jaanong lo itumela ka boitumelo jo bo bonalang bo tswa legodimong ka bo lone.
9 for you are receiving the goal of your faith, the salvation of your souls. Mme tuelo ya lona ya go mo ikanya e tlaa nna poloko ya mewa ya lona.
10 Prophets who spoke of the grace meant for you investigated and searched carefully into this salvation, Poloko e, e ne e le sengwe se baporofiti ba neng ba sa se tlhaloganye ka botlalo. Le fa ba kwadile ka yone, ba ne ba nna le dipotso tse di ntsi gore e ka ne e ne e raya eng?
11 searching for the time and situation the Spirit of Christ in them pointed to, when he predicted Christ's sufferings and the glories after them. Ba ne ba hakgamala gore Mowa wa ga Keresete o o mo teng ga bone o ne o bua kaga eng, gonne o ba reile wa re ba kwale ditiragalo, tse di setseng di diragaletse Keresete go tloga ka lobaka loo: ebong go boga ga gagwe, le kgalalelo ya gagwe e kgolo e e ileng ya diragala kwa morago. Mme ba hakgamala gore mo gotlhe go tlaa diragala leng ebile go diragalela mang.
12 It was revealed to them: they served not themselves but you, when they spoke of these things now announced to you through those who preached the good news to you by the Holy Spirit sent from heaven. Even angels long to look into these things. Ba ne ba bolelelwa kwa morago gore dilo tse ga di kitla di diragala mo lobakeng lwa botshelo jwa bone, mme e leng morago ga dingwaga tse di tlang, mo lobakeng lwa lona. Mme jaanong kwa bofelong Mafoko a a Molemo a, re a boleletswe sentle rotlhe. Re a reretswe ka nonofo ya Mowa o o Boitshepo o o buileng le bone; mme ga go a tlwaelesega ebile go a hakgamatsa gore le e leng bone baengele kwa legodimong ba tlaa dira thata go itse kaga gone.
13 So, minds braced for action and fully sober, hope completely on the grace to be brought to you when Jesus Christ is revealed. Jaanong lo ka lebelela ka tlhoafalo le tlhalefo ya tshiamo ya Modimo fa Keresete Jesu a bowa.
14 As obedient children, don't let yourselves be shaped by the desires you once followed in your ignorance. Utlwang Modimo gonne lo bana ba One; se boeleng gape mo mekgweng ya lona ya bogologolo, lo dira bosula ka go bo lo ne lo sa itse tshiamo.
15 But just as the one who called you is holy, so be holy in all you do; Mme nnang boitshepo jaanong mo go sengwe le sengwe se lo se dirang, fela jaaka Morena yo o lo bileditseng go nna bana ba gagwe a le Boitshepo.
16 for it is written: "Be holy, because I am holy." Ene ka boene o rile, “Lo tshwanetse go nna Boitshepo, gonne ke Boitshepo.”
17 Since you call on a Father who judges every deed without favoritism, spend your exile time here in reverent fear. Mme gakologelwang gore Rraeno yo o kwa legodimong yo lo mo rapelang ga a na ba o ba ratang thata go gaisa ba bangwe fa a atlhola. O tlaa lo atlhola ka katlholo e e siametseng sengwe le sengwe se lo se dirang; jalo dirang ka poifo e e masisi mo go ene go tloga gompieno go fitlhelela lo tsena kwa legodimong.
18 You know silver and gold—things that decay—didn't rescue you from the empty life passed down from your ancestors, Modimo o duetse thekololo go lo boloka mo tseleng e e thata go ya legodimong e borraeno ba lekileng go e tsaya, mme thekololo e o e duetseng e ne e se gauta kgotsa selefera, jaaka lo itse sentle.
19 but with Christ's precious blood, a lamb without defect or stain. Mme o lo duetse ka madi a botlhokwa a botshelo a ga Keresete, yo o senang boleo, Kwana ya Modimo e e senang selabe.
20 Chosen before the world's foundation, revealed in these last times for your sake. Modimo o mo tlhophile ka maikaelelo a bogologolo pele ga tshimologo ya lefatshe, mme o senotswe mo lobakanyaneng lo lo fetileng, mo malatsing ano a bofelo, e le tshegofatso mo go lona.
21 Through him you believe in our Father, who raised him from the dead and glorified him, so your faith and hope are in our Father. Ka ntlha ya se, go ikanya ga lona go ka nna mo Modimong o o tsositseng Keresete mo baswing wa bo wa mo naya kgalalelo e kgolo. Jaanong tumelo ya lona le tshegofatso di ka nna mo go ene a le nosi.
22 Having purified your souls by obeying the truth for sincere love of the brothers, love each other deeply from a pure heart. Jaanong lo ka nna le lorato mo go mongwe le mongwe ka ntlha ya gore mewa ya lona e tlhatswitswe bohula le kilo fa lo ikanya Keresete go lo boloka; jalo ratanang thata, ka dipelo tsa lona tsotlhe.
23 For you have been born again—not of perishable seed but imperishable—through the living, enduring word of our Father. Gonne lo na le botshelo jo bosha. Ga lo a bo newa ke batsadi ba lona, gonne botshelo jo ba neng ba lo bo neile bo tlaa nyelela. Jo bosha jo bo tlaa nna ka bosakhutleng.
24 For, "All people are like grass, and all their glory like the flowers of the field; the grass withers and the flowers fall, Ee, botshelo jwa rona jwa tlholego bo tlaa nyelela jaaka bojang fa bo nna bosetlha bo omelela. Bogolo jwa rona jotlhe bo tshwana le sethunya se se kgolegang se bo se wela fa fatshe;
25 but the word of our Father endures forever." And this is the word that was preached to you. mme Lefoko la Morena le tlaa nna ka bosakhutleng. Le molaetsa wa gagwe ke Mafoko a a Molemo a lo a reretsweng.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]