Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

1 Timothy 2 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 First of all, then, I urge that petitions, prayers, intercessions, and thanksgivings be offered for all people, Mme dikgakololo tsa me ke tse: Rapele lang ba bangwe thata; ba kopeleng kutlwelo botlhoko ya Modimo; lebogelang tsotlhe tse o tlaa di ba direlang.
2 for kings and all in authority, so we may live peaceful, quiet lives in full godliness and dignity. Ka yone tsela e, rapelelang dikgosi le botlhe ba ba nang le taolo mo go rona kgotsa ba maemo a a kwa godimo, gore re tle re tshele ka kagiso le kutlwano, re dirisa nako ya rona mo botshelong jwa Semodimo mme re akanya go le gontsi ka Morena.
3 This is good and pleasing to our Father, our Savior, Se, se molemo ebile se itumedisa Modimo Mmoloki wa rona,
4 who wants all people to be saved and to come to know the truth. gonne o eleletsa botlhe go bolokwa le go tlhaloganya boammaaruri jo:
5 For there is one Father, and one mediator between the Father and humanity, the man Christ Jesus, gore Modimo o mo ntlheng e nngwe le batho botlhe ba ka fa ntlheng e nngwe, mme Jesu Keresete, yo e leng motho ka sebele, o mo gare ga bone go ba kopanya,
6 who gave himself as a ransom for all—the testimony given at the proper time. ka go naya batho botlhe botshelo jwa gagwe. Se ke molaetsa o Modimo o o neetseng lefatshe ka nako e e tshwanetseng.
7 For this I was made a preacher and apostle—I'm telling the truth, not lying—a teacher of the nations in faith and truth. Mme ke tlhophilwe jaaka moruti le morongwa wa Modimo, se ke boammaaruri, gore ke rute Badichaba boammaaruri jo, le go ba supegetsa leano la poloko la Modimo ka tumelo.
8 I want the men in every place to pray, lifting up holy hands without anger or argument. Jalo ke batla banna gongwe le gongwe go rapela ka mabogo a a itshekileng a tsholeleditswe kwa Modimong, ba golotswe mo sebeng le mo bogaleng le mo kgannyeng.
9 Likewise, women should dress properly, with modesty and self-control, not in braided hair, gold, pearls, or costly clothing, Mme le basadi fela jalo, ba didimetse, ba le botlhale ka go itshwara sentle le ka go apara. Bakeresete ba basadi ba tshwanetse go bonwa ka tshiamo le molemo, e seng ka mokgwa o ba iphorang moriri ka one kgotsa ka ntlha ya dibaga tsa bone kgotsa diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo.
10 but with good works, as is right for women who profess reverence for our Father. Not in this edition
11 A woman should learn quietly, in full submission. Basadi ba tshwanetse go reetsa mme ba ithuta ka tidimalo le ka boikokobetso.
12 I don't allow a woman to teach or have authority over a man; instead, she should stay quiet. Ga ke ise ke ko ke letle basadi go ruta banna kgotsa go ba laola. A ba didimale mo dikopanong tsa diphuthego tsa lona.
13 For Adam was formed first, then Eve. Ka ntlha ya eng? Ka ntlha ya gore Modimo o dirile Adamo pele, mme morago wa dira Efa.
14 And Adam was not deceived, but the woman was deceived and became a transgressor. Mme ga se Adamo yo o neng a tsiediwa ke Satane, fa e se Efa, mme phelelo ya nna boleo.
15 But she will be saved through childbearing, if they remain in faith, love, holiness, with self-control. Jalo Modimo wa romela kutlobotlhoko le pogiso mo basading fa bana ba bone ba tsholwa, mme o tlaa boloka mewa ya bone fa ba mo ikanya, ba tshela ba didimetse, ba siame, ba na le matshelo a a itumedisang.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]