Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

1 Timothy 1 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Paul, an apostle of Christ Jesus by command of our Father, our Savior, and of Christ Jesus our hope, Lokwalo lo lo tswang kwa go Paulo, morongwa wa ga Jesu Keresete, yo o rometsweng ke Mmoloki wa rona le Jesu Keresete Morena wa rona, yo e leng ene fela tsholofelo ya rona.
2 to Timothy, my true child in the faith: grace, mercy, peace from our Father and Christ Jesus our Lord. Lo ya kwa go! Timotheo. Timotheo o ntse jaaka morwaake mo dilong tsa Modimo. A Modimo Rraa rona le Jesu Keresete Morena wa rona a go bontshe tshiamo ya gagwe le kutlwelobotlhoko mme a go neye kagiso e kgolo ya pelo le mogopolo.
3 As I urged you when leaving for Macedonia, stay in Ephesus to instruct some people not to teach different doctrine, Jaaka ke buile fa ke ya Masedonia, tswee-tswee nna koo mo Efeso o leke go kganela batho ba ba rutang thuto e e sa siamang. Khutlisa ditlhamane tsa bone, le dinaane tsa bone le mogopolo wa bone wa go bolokwa ka go bona kutlwelo botlhoko ka tlhatlologano ya baengele go fitlha kwa Modimong, megopolo ya sephologolo e e tsosang dipotso le dikganetsanyo boemong jwa go thusa batho go amogela leano la Modimo la tumelo.
4 nor devote themselves to myths and endless genealogies, which breed speculations instead of our Father's stewardship through faith. Not in this edition
5 The goal of this command is love from a pure heart, good conscience, and sincere faith. Se ke se tlhwaafaletseng ke gore Bakeresete botlhe koo ba tlale lorato lo lo tswang mo dipelong tse di itshekileng, le gore megopolo ya bone e nne phepa le tumelo ya bone e nonofe.
6 Some have wandered away from these and turned aside to meaningless talk, Mme baruti ba, ba tlhokomologile mogopolo o otlhe, ba bo ba senya nako ya bone mo dikganetsanyong le go bua ka boeleele.
7 wanting to be teachers of the law, without understanding either what they say or what they insist on so confidently. Ba batla go nna baruti ba melao ya ga Moshe ntswa ba sena mogopolo o o tlhomameng wa gore melao eo tota e re supegetsa eng.
8 Now we know that the law is good, as long as it is used lawfully, Melao eo e siame fa e dirisiwa jaaka Modimo o ratile.
9 knowing this: the law isn't laid down for the righteous but for the lawless and rebellious, the wicked and sinful, the unholy and irreverent, for those who strike their fathers and mothers, for murderers, Mme ga e a direlwa rona, ba Modimo o re bolokileng; ke ya baleofi ba ba ilang Modimo, ba ba dipelo di tsuololang, ba ba hutsang ba tlhapatsa, ba tlhasela borraabo le bommaabo ba bo ba bolaya batho.
10 sexual sinners, men who sleep with men, slave traders, liars, perjurers, and whatever else opposes sound teaching, Ee, melao e e diretswe go supa baleofi botlhe ba ba makgapha le ba ba itshekologileng! Ba ba robalanang le banna ba bangwe, bautswi ba batho, baaki le botlhe ba ba dirang dilo tse di kgatlhanong le Mafoko a a Molemo a a galalelang a Modimo wa rona, o ke leng morongwa wa One.
11 in keeping with the glorious gospel of our blessed Father, with which I have been entrusted. Not in this edition
12 I thank Christ Jesus our Lord, who strengthened me, since he considered me faithful, appointing me to his service. Ke leboga Morena wa rona Keresete jang ka go ntlhopha mongwe wa barongwa ba gagwe, le go nnaya thata ya go nna boikanyo mo go ene,
13 I once insulted God, persecuted others, and was violent—yet I was shown mercy, since I acted ignorantly, lacking faith. le fa ke ne ke tle ke tlhapatse leina la ga Keresete. Ke ne ke tsoma batho ba gagwe, ke ba utlwisa botlhoko ka tsela nngwe le nngwe e ke neng ke ka e kgona. Mme Modimo wa nkutlwela botlhoko gonne ke ne ke sa itse se ke neng ke se dira, gonne ke ne ke sa itse Keresete ka nako eo.
14 Our Lord's grace overflowed for me, with faith and love in Christ Jesus. Oo! Morena wa rona o ne a le pelotlhomogi go le kae, gonne o ntshupegeditse gore ke ka mo ikanya jang le go nna lorato lo lo tletseng lwa ga Jesu Keresete.
15 A trustworthy saying worthy of full acceptance: Christ Jesus came into the world to save sinners—I am the worst of them. Kana go boammaaruri jang, ebile ke tlhwaafalela jang gore mongwe le mongwe a bo a itse, gore Jesu Keresete o tletse mo lefatsheng go boloka baleofi, mme ke ne ke le mogolo mo go bone botlhe.
16 But I was shown mercy for this: in me, the worst of sinners, Christ Jesus could display his complete patience, as a pattern for those who would believe in him for eternal life. Mme Modimo o nkutlwetse botlhoko gore Jesu Keresete a ntirise jaaka sekao go supegetsa mongwe le mongwe gore o pelotelele go le kae le e leng mo baleofing ba bagolo, gore ba bangwe ba tle ba lemoge gore, le bone, ba ka nna le botshelo jo bo sa khutleng.
17 To the King of the ages, immortal, invisible, the only God, be honor and glory forever and ever. Amen. A kgalalelo le tlotlo di nne go Modimo ka metlha le metlha. Ke kgosi ya dingwagangwaga, e e sa bonweng, e e sa sweng; ene ka esi ke Modimo, ebile o tletse botlhale Amen.
18 Timothy, my child, I entrust you with this charge, matching the prophecies once spoken over you, so that by them you may fight the good fight, Jaanong Timotheo, morwaaka, se ke taolo ya me mo go wena: tlhabana sentle mo dintweng tsa Morena, fela jaaka Morena a re boleletse ka baporofiti ba gagwe gore o tlaa dira.
19 holding on to faith and a good conscience. By rejecting these, some have shipwrecked their faith, Ngaparela tumelo ya gago thata mo go Keresete mme ka nako tsotlhe a segakolodi sa gago se nne se le phepa, o dira se o itseng gore se siame. Gonne batho ba bangwe ba tlhokile kutlo mo digakoloding tsa bone, mme ba dira ka bomo tse ba itsileng gore ga di a siama. Ga go hakgamatse gore erile ka bofefo ba latlhegelwa ke tumelo ya bone mo go Keresete ba sena go nyatsa Modimo jalo.
20 including Hymenaeus and Alexander, whom I handed to Satan to be taught not to insult God. Humenaio le Alekesenda ke dikai tse pedi tsa sone se, ke ne ka ba neela Satane go ba otlhaya go fitlhelela ba ithuta go sa tlhabiseng leina la ga Keresete ditlhong.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]