Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

1 Timothy 3 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Here is a trustworthy saying: whoever aspires to be an overseer desires a noble work. Mme ke boammaaruri gore fa motho a batla go nna modisa wa phuthego, o eletsa tiro e e molemo.
2 So an overseer must be blameless: faithful to his wife, level-headed, disciplined, orderly, hospitable, able to teach. Gonne modisa wa phuthego (moruti) o tshwanetse ya bo e le motho yo botshelo jwa gagwe bo sa belaetseng. O tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe fela, e le modiri yo o tlhaga, yo o dirisang tlhaloganyo yo o matsetseleko a bile a le ditiro di ntle. O tshwanetse go itumelela go amogela baeng mo lapeng la gagwe a bile a kgona go ruta Lefoko la Modimo sentle.
3 Not a drunkard, not violent but gentle, not quarrelsome, and not a lover of money. Ga aa tshwanela go bo a le letagwa kgotsa moomani, mme o tshwanetse go nna bonolo le bopelonomi, a sa rate madi.
4 He must manage his own household well, keeping his children submissive with all dignity, Ba ntlo ya gagwe ba tshwanetse go nna le maitseo, e le bana ba ba utlwang ka bonako le ka tshisimogo.
5 for if someone doesn't know how to manage his own household, how will he care for our Father's church? Gonne fa monna a sa ka ke a aga maitseo a ba ntlo ya gagwe, o ka thusa phuthego yotlhe jang?
6 He must not be a new convert, or he may be puffed up and fall under the same condemnation as the devil. Moruti ga a a tshwanela go bo e le Mokeresete yo mosha mo tumelong, gonne o ka tloga a ikgantsha ka go tlhophiwa ka bonako, mme maikgantsho a tla pele ga go wa. (Go wa ga ga Satane ke sekai).
7 He must also have a good reputation with outsiders, so he doesn't fall into disgrace and the devil's trap. Gape, o tshwanetse go kaiwa ka tshiamo ke batho ba ba kwa ntle ga phuthego, ba e seng Bakeresete, e se re kgotsa Satane a mo digela mo serung ka go mmaya melato e mentsi, mme a mo tlogele a sa gololesega go etelela phuthego ya gagwe pele.
8 Deacons too must be dignified, not two-faced, not given to much wine, not greedy for shameful gain. Batiakoni le bone ba tshwanetse go nna le tshiamo e e ntseng fela jalo, e le banna ba ba iketlileng jaaka baruti. Ga ba a tshwanela go bo e le matagwa le digagapa mo mading.
9 They must hold to the mystery of the faith with a clear conscience. Ba tshwanetse go nna tlhwaafalo, balatedi ba ba pelo dingwe fela ba ga Keresete, yo e leng motswedi o o fitlhegileng wa tumelo ya bone.
10 They too must first be tested; then, if they prove blameless, let them serve as deacons. Pele ga ba kopiwa go nna Batiakoni, ba tshwanetse go newa ditiro dingwe mo phuthegong e le go bona maitsholo (maitseo) a bone le nonofo, mme fa ba dira sentle, ke gone ba ka tlhophiwang go nna Batiakoni.
11 The women likewise must be worthy of respect, not slanderers, but clear-minded and faithful in everything. Basadi ba bone ba tshwanetse go nna masisi, e se matagwa, e se basebi, mme ba ikanyega mo dilong tsotlhe tse ba di dirang.
12 A deacon must be faithful to his wife and must manage his children and his household well. Motiakoni mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe ebile o tshwanetse go nna le lolwapa lo lo itumedisang lo lo nang le kutlo.
13 Deacons who serve well earn themselves a good standing and great confidence in faith in Christ Jesus. Batiakoni ba ba dirang sentle ba tlaa duelwa ka tlotlo ke ba bangwe le go godisa boikanyo le bopelokgale jwa bone mo go ikanyeng Morena.
14 I am writing these instructions to you, though I hope to come to you soon. Ke lo kwalela dilo tse jaanong, le fa ke solofela go nna le lona ka bonako,
15 But if I'm delayed, you will know how one ought to behave in our Father's household, the church of the living Father, pillar and foundation of the truth. gore e re fa ke sa tle ka lobakanyana lo itse mofuta wa batho ba lo tshwanetseng go ba tlhopha go nna badiredi ba phuthego ya Modimo o o tshelang, e e nang le boammaaruri jo bo tletseng jwa Modimo.
16 Undeniably, the mystery of devotion to God is great: he appeared in flesh, was proved right by the Holy Spirit, seen by angels, proclaimed among nations, believed in throughout the world, taken up in glory. Go boammaaruri tota gore go tshelela Modimo ga go motlhofo. Mme karabo e mo go Keresete, yo o tsileng mo lefatsheng a le mo setshwanong sa motho, yo o supegileng a sena selabe a bile a itshekile mo Moweng wa gagwe, yo o diretsweng ke baengele, a rerwa mo dichabeng, a amogelwa ke batho gongwe le gongwe mme a amogelwa gape mo kgalalelong ya gagwe kwa legodimong.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]