Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Romans 4 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 What then should we say that Abraham, our physical forefather, has found? Aberahame fa re bua ka fa nameng, re ka re ke mosimolodi wa sechaba sa Sejuta. Maitemogelo a gagwe kaga potso e ya go bolokwa ka tumelo e ne e le eng? A Modimo o ne wa mo amogela ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di molemo? Fa e le gore go ntse jalo, o ne a ka nna le sengwe se a ipelafatsang ka sone. Mme mo mogopolong wa Modimo, Aberahame o ne a sena sepe se a ka ipelafatsang ka sone.
2 For if Abraham was justified by works, he has something to boast about—but not before our Father. Not in this edition
3 For what does Scripture say? Abraham believed our Father, and it was counted to him as righteousness. Gonne dikwalo di re bolelela gore Aberahame o ne a dumela Modimo, mme ke sone se Modimo o neng wa phimola dibe tsa gagwe wa mo supa gore “ga a na molato”.
4 To the one who works, wages aren't credited as a gift but as what's owed. A mme ga a a ka a bona tshwanelo ya gagwe go ya kwa legodimong ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di molemo tse a di dirileng? Nnyaa, gonne go bolokwa, ke mpho; fa e le gore motho o ne a ka e bona ka go e fufulela, mme e ne e ka seka ya nna mpho fela ntswa tota e le mpho fela! E newa ba ba sa e fufuleleng: Gonne Modimo o supa baleofi ba le molemo mo ponong ya one fa ba na le tumelo mo go Keresete go ba boloka mo bogaleng jwa Modimo.
5 But to one who does not work, but trusts him who justifies the wicked, his faith is counted as righteousness. Not in this edition
6 As David also speaks of the blessing of the person our Father credits righteousness to, apart from works: Kgosi Dafide o buile ka sone selo se, fa a tlhalosa boitumelo jwa moleofi yo o neng a sa bo tshwanela pele ga a supiwa a “sena molato” ke Modimo.
7 "Blessed are those whose lawless deeds are forgiven, and whose sins are covered; O ne a re, “Go sego ba ba itshwaretsweng dibe ebile di tlositswe mo matlhong a bone.
8 blessed is the one whose sin our Father will never count against him." Ee, go boitumelo thata jang mo mothong yo dibe tsa gagwe a sa tlholeng a di balelwa ke Morena.”
9 Is this blessing only for the circumcised, or also the uncircumcised? We say Abraham's faith was credited as righteousness. Jaanong he, potso ke gore: A lesego le le neelwa fela ba ba dumelang mo go Keresete ebile ba boloka melao ya Sejuta, kgotsa le neelwa le ba ba sa bolokeng melao ya Sejuta, mme ba ikanya Keresete fela. Mme he, ra reng kaga Aberahame? Ra re o amogetse masego a ka tumelo ya gagwe. A e ne e le ka tumelo fela? Kgotsa a e ne e le ka ntlha ya gore le ene o ne a boloka melao ya Sejuta?
10 How then was it credited? While he was circumcised, or uncircumcised? Not while circumcised, but while uncircumcised. Mo go arabeng potso eo, arabang e: Modimo o neetse Aberahame masego a leng? O a mo neetse pele ga a nna Mojuta, pele ga a tsena mo modirong wa thupiso ya Sejuta.
11 He received circumcision as a sign, a seal of the righteousness he had by faith while still uncircumcised, so he would be father of all who believe though uncircumcised, with righteousness credited to them too, Erile Modimo o sena go solofetsa go mo segofatsa ka ntlha ya tumelo ya gagwe, a rupisiwa. Sekao sa thupiso e ne e le sesupo sa gore Aberahame o ne a setse a na le tumelo le gore Modimo o ne o setse o mo amogetse o mo supile fa a le tshiamo mo ponong ya one pele ga modiro wa thupiso o diragala. Jalo Aberahame ke rara wa semowa wa ba ba dumelang mme ba bolokwa kwa ntle ga go tshegetsa melao ya Sejuta. Re a bona, jaanong gore ba ba sa tshegetseng melao e, ba siamisiwa ke Modimo ka tumelo.
12 and father of the circumcised who are not only circumcised but also walk in the footsteps of the faith our father Abraham had while uncircumcised. Gape Aberahame ke rara wa semowa wa Bajuta ba ba rupisitsweng, gonne Aberahame o ne a bona kutlwelo botlhoko ya Modimo ka ntlha ya tumelo fela, pele ga a rupisiwa.
13 For the promise to Abraham and his offspring that he would inherit the world did not come through the law, but through faith's righteousness. Jaanong go bonala sentle gore tsholofetso e Modimo o neng wa e naya Aberahame ya gore o tlaa mo naya lefatshe lotlhe mmogo le losika lwa gagwe, e ne e se ka ntlha ya gore Aberahame o ne a tshegetsa melao ya Modimo, mme e ne e le ka ntlha ya gore o ne a ikanya Modimo gore o tlaa diragatsa tsholofetso ya one.
14 For if those who live by the law are heirs, faith is emptied and the promise nullified. Mme fa e le gore o sa ntse o re masego a Modimo a ya kwa go ba ba “siameng thata” mme o raya gore ditsholofetso tsa Modimo mo go ba ba nang le tumelo ga di reye sepe, ebile tumelo ke boeleele.
15 Law brings wrath; where there is no law, there is no violation. Mme boammaaruri ke gore: Fa re leka go nna le lesego le poloko ya Modimo ka go boloka melao ya one re aga re felela mo bogaleng jwa one, gonne re palelwa ke go e tshegetsa malatsi otlhe. Tsela e nngwe fela e re ka ipabalelang ka yone gore re seka ra tlola melao, ke ya gore go seka ga bewa melao, e se re kgotsa ra e tlola.
16 So it comes by faith, to be by grace, guaranteeing the promise to all the offspring—not only those tied to the law but also those who share Abraham's faith, father of us all, Jalo masego a Modimo re a newa ka tumelo, e le neo fela; re tlhomamisa go nna le one re sala morago ngwao ya Sejuta kgotsa re sa e sale morago fa re na le tumelo e e tshwanang le ya ga Aberahame, gonne Aberahame ke rraa rona rotlhe fa go tla mo dilong tse tsa tumelo.
17 as it is written, "I have made you father of many nations"—before our Father, in whom he believed, who gives life to the dead and calls things that do not exist into being. Ke sone se dikwalo di se rayang fa di re Modimo o dirile Aberahame rara wa dichaba tse dintsi. Modimo o tlaa amogela batho botlhe mo dichabeng tsotlhe ba ba o ikanyang jaaka Aberahame a ne a dira. Mme tsholofetso e, e tswa mo Modimong ka bo one, o o dirang gore baswi ba tshele gape, ebile o bua ka ditiragalo tsa malatsi a a tlang ka tlhomamiso e e gagametseng jaaka o ka re di setse di bile di diragetse!
18 Against hope, he believed in hope, becoming father of many nations, as he'd been told: "So will your offspring be." Jalo erile fa Modimo o raya Aberahame o re o tlaa mo naya ngwana wa mosimane yo o tlaa nnang ra-merafe e mentsi e bo e nna chaba e tona, Aberahame o ne a dumela Modimo le fa tsholofetso e e ntseng jalo e ne e ka seka ya diragala!
19 Not weak in faith, he considered his own body already as good as dead—he was about one hundred—and Sarah's womb lifeless. Mme ka ntlha ya gore tumelo ya gagwe e ne e nonofile, o ne a seka a tshwenyega kaga lobaka lwa gore o ne a tsofetse thata go ka nna motsadi, ka nako eo o ne a le dingwaga di le lekgolo, le ene Sara mosadi wa gagwe o ne a le dingwaga di le masome a fera bongwe, a tsofetse thata go ka nna le ngwana.
20 He did not doubt our Father's promise in lack of faith, but was strengthened in faith, giving glory to our Father, Mme Aberahame ga a ise a ke a belaele. O ne a dumela Modimo, gonne tumelo ya gagwe le tshepo di ne di nonofile, mme o ne a galaletsa Modimo, ka masego a, le pele ga a diragala.
21 fully convinced that what our Father had promised he was also able to do. O ne a tlhomamisa thata gore Modimo o ne o kgona sentle go dira le fa e le eng se o se solofeditseng.
22 That is why "it was credited to him as righteousness." Mme ka ntlha ya tumelo ya ga Aberahame Modimo o ne wa mo itshwarela dibe wa mo supa “a sena molato.”
23 But the words "it was credited to him" were written not for his sake alone, Jaanong polelo e ntle e, ya gore o ne a amogelwa a bo a letlelesega ka tumelo ya gagwe, e ne e sa solegele Aberahame molemo a le nosi.
24 and also for us who will be credited with it—those trusting the one who raised our Lord Jesus from the dead, Le rona e ne e le ya rona, e re tlhomamisetsa gore Modimo o tlaa re amogela ka yone tsela e o amogetseng Aberahame ka yone, fa re dumela ditsholofetso tsa Modimo o o tsositseng Jesu Morena wa rona mo baswing.
25 who was delivered over for our sins and raised to make us right with our Father. O swetse dibe tsa rona mme a tsoga gape go re siamisa mo Modimong a re tlatsa ka tshiamo ya Modimo.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]