Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Romans 5 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 So, since we are made right by faith, we have peace with our Father through our Lord Jesus Christ. Mme jaanong, ka re siamisitswe mo ponong ya Modimo ka tumelo mo ditsholofetsong tsa one, re ka nna le kagiso mo go one ka ntlha ya se Jesu Keresete Morena wa rona o se re diretseng.
2 Through whom we've gained access by faith into this grace we stand in, and we rejoice in hope of our Father's glory. Gonne ka ntlha ya tumelo ya rona, o re beile mo lefelong le le nang le tshwanelo e e kwa godimo fa re leng teng jaanong, mme re lebeletse ka tshepo le ka boitumelo go nna se tota Modimo o neng o gopotse gore re nne sone.
3 Not only that, but we also boast in our suffering, since suffering produces endurance, Le rona re ka itumela, fa re tsena mo matha-teng le mo melekong gonne re itse gore mathata a re siametse, a re thusa go ithuta go nna pelotelele.
4 and endurance produces character, and character produces hope. Mme bopelotelele bo tlhogisa boitshwaro jo bo nonofileng mo go rona, ebile bo re thusa go ikanya Modimo thata mo nakong nngwe le nngwe fa re bo dirisa go fitlhelela lwa bofelo tsholofelo ya rona le tumelo di nonofa di bo di dira ka boiketlo le kelotlhoko di sa reketle.
5 Hope doesn't put us to shame, because our Father's love has been poured into our hearts through the Holy Spirit given to us. Mme fa moo go diragala, re kgona go ema re nitame, ga go re sepe gore go diragala eng ebile re itse gore gotlhe go siame, gonne re itse ka fa Modimo o re ratang ka teng, ebile re utlwa lorato lo lo tukang gongwe le gongwe mo go rona gonne Modimo o re neile Mowa O O Boitshepo go tlatsa dipelo tsa rona ka lorato lwa one.
6 While we were still weak, at the right time Christ died for the wicked. E rile re sa kgone go ithusa gotlhelele go se na letshoba la go falola, Jesu a tla ka nako e e tshwa-netseng mme a re swela rona baleofi ba re neng re sena molemo mo go ene.
7 Rarely would anyone die for a righteous person, though for a good person someone might even dare to die. Le fa tota re ne re siame, re ne re se ka ke ra solofela ope go re swela, lefa go ntse jalo, go re swela go ne go ka kgonega.
8 But our Father shows his own love for us: while we were still sinners, Christ died for us. Mme Modimo o ne wa supa lorato lwa one lo logolo mo go rona ka go romela Keresete go tla go re swela fa re ne re sa ntse re le baleofi.
9 Much more then, now made right by his blood, we will be saved through him from the wrath. Mme e re ka madi a gagwe a re diretse mo gotlhe re le baleofi, o tlaa re direla go le gogolo thata jang jaanong ka a re supile re se molato? Jaanong o tlaa re boloka mo bogaleng jotlhe jwa Modimo jo bo tlang.
10 If, as enemies, we were reconciled to our Father through the death of his Son, how much more, now reconciled, will his life save us? Mme e re ka re ne re le baba ba one, re ne ra busediwa kwa Modimong ka loso lwa Morwaa one, kana ke masego a magolo thata jang a o tshwanetseng go a re naya jaanong ka gore re ditsala tsa one, le ka gore o nna mo go rona!
11 Not only that—we also rejoice in our Father through our Lord Jesus Christ, through whom we have now received reconciliation. Jaanong re itumela mo kgolaganong ya rona e ntle e ncha le Modimo, gotlhe ka ntlha ya se Morena wa rona Jesu Keresete o se dirileng ka go swela dibe tsa rona, a re dira ditsala tsa Modimo.
12 So, as sin entered the world through one man, and death through sin, death spread to everyone, since all sinned. Erile fa Adamo a leofa, sebe sa tsena mo bathong botlhe. Sebe sa gagwe sa lere loso mo lefatsheng lotlhe, jalo sengwe le sengwe sa simolola go tsofala le go swa, gonne tsotlhe di leofile.
13 Before the law, sin was already in the world; but sin isn't counted where there's no law. (Re itse gore ke sebe sa ga Adamo se se dirileng selo se) gonne le fa go ntse jalo, batho ba ne ba tswelela ba leofa go simolola ka nako ya ga Adamo go fitlhelela ka Moshe, ka malatsi ao Modimo o ne o ise o ba neele melao ya one le fa e le go ba bolelela se o batlang ba se dira.
14 Still, death ruled from Adam to Moses, even over those whose sin didn't match Adam's wrongdoing—Adam foreshadows the one to come. Jalo e ne ya re fa mebele ya bone e e swa e bo e se ka ntlha ya dibe tsa bone, ka ntlha ya gore bone ka bo bone ba ne ba ise ba ke ba tlole molao mongwe wa botlhokwa wa Modimo kgatlhanong le go ja loungo lo lo idiwang, jaaka Adamo a ne a dira. A pharologanyo e tona fa gare ga ga Adamo le Keresete yo o neng a tlaa tloga a tla!
15 But the gift is not like the sin: if many died through one man's sin, much more has our Father's grace and the gift by the grace of the one man Jesus Christ overflowed to many. Gape a pharologanyo e tona fa gare ga sebe sa motho le boitshwarelo jwa Modimo! Gonne monna yo fela a le nosi Adamo, o lerile loso mo go ba le bantsi ka sebe sa gagwe. Mme monna yo ebong Jesu Keresete, o lerile boitshwarelo mo go ba le bantsi ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya Modimo.
16 And the gift is not like the result of that one man's sin: judgment from one sin brought condemnation, but the gift from many sins brought justification. Sebe sa ga Adamo se le sosi se lerile loso mo go ba le bantsi, fa Keresete a tlosa dibe tsotlhe a ba naya botshelo jo bo galalelang mo boemong jwa loso.
17 For if death reigned through that one man because of one trespass, how much more will those receiving grace's overflow and the gift of righteousness reign in life through the one man, Jesus Christ. Sebe sa monna yo a le nosi, ebong Adamo, se dirile loso go nna kgosi mo go botlhe, mme botlhe ba ba tlaa amogelang neo ya Modimo ya boitshwarelo le kgololo ke dikgosi tsa botshelo ka ntlha ya monna yo, a le nosi, ebong Jesu Keresete.
18 So then, as one trespass condemned everyone, one righteous act brings everyone justification and life. Ee, Sebe sa ga Adamo se tlisitse kotlhao mo go botlhe, mme tshiamo ya ga Keresete e dira batho tshiamo mo Modimong, gore ba tshele.
19 As one man's disobedience made the many sinners, so one man's obedience will make the many righteous. Adamo o dirile ba le bantsi gore ba nne baleofi gonne gaa a ka a reetsa Modimo, mme Keresete o dirile ba le bantsi go amogelesega kwa Modimong gonne o ne a reetsa Modimo.
20 Now the law came in so that the trespass might increase, but where sin increased, grace abounded all the more, Melao e e some e ne ya ntshiwa gore botlhe ba bone selekanyo sa ka fa ba tlhaelang ka teng go obamela melao ya Modimo. Mme fa re ntse re bona boleo jwa rona ke gone bogolo re bonang kutlwelobotlhoko ya Modimo o o re itshwarelang.
21 so that as sin reigned in death, grace might reign through righteousness to eternal life, through Jesus Christ our Lord. Pele, sebe se ne se busa batho botlhe mme sa ba lere mo losong, mme jaanong kutlwelo-botlhoko ya Mo-dimo e busa mo boemong jwa sebe, e re naya tshwanelo ya go ema fa pele ga Modimo re le ba ba itekanetseng gore re nne le botshelo jo bo sa khu-tleng ka Jesu Keresete Morena wa rona.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]