Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Romans 3 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 What advantage, then, does the Jew have? Or what is the value of circumcision? Mme go thusang go nna Mojuta? A go na le botlhokwa bongwe mo thupisong ya Sejuta?
2 Much in every way. First of all, they were entrusted with the very words of our Father. Ee, go nna Mojuta go na le dithuso di le dintsi. Santlha Modimo o ne wa ba neela melao ya one ka go ba ikanya [gore ba tle ba itse mme ba dire go rata ga one].
3 What then? If some were unfaithful, will their unfaithfulness nullify the faithfulness of our Father? Boammaaruri ke gore, bangwe ba bone ba ne ba sa ikanyege, mme fela ka ntlha ya gore ba ne ba senya ditsholofetso tsa bone mo Modimong, a seo se raya gore Modimo o tlaa senya ditsholofetso tsa one?
4 No! Let our Father be true, though every person is a liar. As it is written: "You are proven right in your words, and win when judged." Ga go a nna jalo! Le fa batho mo lefatsheng e le baaki, Modimo one ga o a nna jalo. A o gakologelwa se se buiwang ke lokwalo lwa Dipesalema kaga selo se? Gore mafoko a Modimo a tlaa aga a supega a le boammaaruri a bile a siame, ga gore sepe gore mongwe o a ganetsa.
5 But if our wrongdoing highlights our Father's righteousness, what do we say? Is our Father unjust to bring wrath on us? (I speak in human terms.). Mme bangwe ba re, “Mme go senya tumelo ya rona mo Modimong go siame, tsa rona dibe di bontsha tshiamo, gonne batho ba tlaa lemoga gore Modimo o siame thata jang fa ba bona ka fa re leng maswe ka teng. A go siame jaanong, gore o re otlhae fa dibe tsa rona di o thusa?” (Ke ka fa batho bangwe ba buang ka teng.)
6 Certainly not! For then how could our Father judge the world? Modimo o a gana wa re a go se tualo! Gonne e ne e tlaa bo e le Modimo o o ntseng jang, fa o tlodisa sebe matlho? O ne o ka atlhola le fa e le mang jang?
7 But if my lie makes our Father's truth overflow to his glory, why am I still judged as a sinner? Gonne o ne o ka seka wa ntshekisa wa bo wa nkatlhola ke le moleofi fa go tlhoka go ikanyega ga me go ne go o leretse kgalalelo ka go supa go ikanyega ga one fa go tshwantshanngwa le maaka a me.
8 Why not say, as some slander us as saying, "Let's do evil so good may come"? Their judgment is deserved. Fa o tsweletse ka mogopolo o o reng: Modimo o itumela fa re le baleofi! Katlholo e go emetse wena yo o buang dilo tse di ntsengjaana. Legale bangwe ba re ke sone se ke se rutang se!
9 What then? Are we better off? Not at all—we've already charged that Jews and Greeks alike are all under sin's grip, Jalo he, a rona Bajuta re botoka go na le ba bangwe? Nnyaa, le goka, gonne re setse re supile gore batho botlhe ke baleofi ka go tshwana, a e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba.
10 as it is written: "There is no one righteous, not even one; Jaaka dikwalo di bua, “Ga go na ope yo o siameng, ga go na ope mo lefatsheng lotlhe yo o senang molato.”
11 no one understands; no one seeks our Father. Ga go na le fa e le ope yo o kileng a tsamaya sentle mo ditseleng tsa Modimo, kgotsa le fa e le go batla go tsamaya mo go tsone ka boammaaruri.
12 All have turned away; together they have become worthless; no one does good, not even one. Botlhe ba leofile ba fapogile. Ga go na ope le fa e le kae yo o tsweletseng pele a dira se se siameng; le fa e le a le mongwe.
13 Their throat is an open grave; they use their tongues to deceive." "The venom of snakes is under their lips. Dipuo tsa bone di leswe ebile di bosula jaaka monkgo wa sebodu o o tswang mo phupung e e atlhameng. Diteme tsa bone di tletse maaka. Sengwe le sengwe se ba se buang se na le lobolela le botlhole jwa dinoga tse di bolayang.
14 Their mouth is full of cursing and bitterness. Melomo ya bone e tletse thogakano le bogalaka.
15 Their feet are swift to shed blood; Ba bofefo go bolaya, ba ila le fa e le mang yo o sa dumalaneng le bone.
16 ruin and misery mark their ways, Gongwe le gongwe kwa ba yang teng ba tlogela tshotlego le matshwenyego kwa morago,
17 and the way of peace they have not known. le gone ga ba ise ba ke ba itse tsela ya kagiso le fa e le go akola masego a Modimo.
18 There is no fear of our Father before their eyes." Ga ba boife sepe kaga Modimo le fa e le se Modimo o se gopolang kaga bone.
19 We know whatever the law says applies to those under it, so every mouth is silenced and the whole world stands accountable to our Father. Jalo tshegetsa melao ya Modimo mo boemong jwa go dira dilo tse tsotlhe tse di bosula; ga go na le fa e le ope wa bone yo o nang le seipato; ka boammaaruri lefatshe lotlhe le didimetse ebile le molato fa pele ga Modimo Mothatayotlhe.
20 No one is made right before him by works of the law; the law brings awareness of sin. Jaanong a lo lemoga sentle? Ga go na le fa e le ope yo o ka siamisiwang mo ponong ya Modimo ka go dira se molao o se laolang. Gonne fa re ntse re tswelela ka go itse melao ya Modimo, re simolola go lemoga sentle gore ga re e obamele; melao ya one e dira gore re bone gore re baleofi.
21 But now, apart from the law, our Father's righteousness has been revealed, testified to by the Law and the Prophets. Mme jaanong Modimo o re supegeditse tsela e sele ya go ya kwa legodimong, e seng “ka go siama ga rona” le go leka go tshegetsa melao ya one, mme e leng ka tsela e ncha (lefa go ntse jalo tota ga e ncha, gonne dikwalo ga di bolo go bolela ka ga yone bogologolo). Jaanong Modimo wa re o tlaa re amogela o bo o re golola, o re supa “re se molato” fa re ikanya Jesu go tlosa dibe tsa rona. Mme le rona rotlhe re ka bolokwa mo go yone tsela e, ka go tla kwa go Keresete, ga gore sepe gore re bomang kgotsa gore ra re re ntse jang.
22 This righteousness of our Father comes through faith in Jesus Christ, to all who believe, for there's no distinction, Not in this edition
23 since all have sinned and fall short of the glory of our Father, Ee, botlhe ba leofile; botlhe ba tlhaela kgalaletso ya Modimo;
24 and are justified freely by his grace through the redemption that is in Christ Jesus. mme le fa go ntse jalo Modimo o re supa “re se molato” wa go o leofela fa re ikanya mo go Jesu Keresete, yo mo bopelonoming jwa gagwe o tlosang dibe tsa rona kwa ntle ga tuelo epe.
25 Our Father presented him as the atoning sacrifice, through faith in his blood, to show his righteousness, since in his patience he had passed over sins committed before, Gonne Modimo o rometse Jesu Keresete go tlosa kwatlhao ya rona ka ntlha ya dibe tsa rona, le go fedisa bogale jotlhe jwa Modimo jo bo re okameng. Modimo o dirisitse madi a ga Keresete le tumelo ya rona e le tsela ya go re boloka mo bogaleng jwa one. Ka yone tsela e, o ne wa supa tshiamo ya one o sa patike ope, le fa o ise o ke o otlhae ba ba neng ba leofa mo metlheng ya pele. Gonne o ne o lebetse kwa pele nako e Keresete o neng a tlaa tla ka yone go tlosa dibe tseo tsotlhe.
26 to show his righteousness now, so he is both just and the justifier of whoever trusts in Jesus. Mme jaanong le mo malatsing ano, o ka amogela baleofi ka yone tsela e, gonne Jesu o tlositse dibe tsa bone. A mme tota golo mo go siame gore Modimo o golole badira bosula, mme o bo o re ga ba na le fa e le molato ope? Nnyaa, gonne o go dira ka go ikanya ga bone mo go Jesu yo o tlositseng dibe tsa bone.
27 Where then is boasting? Excluded. By what law? Of works? No—by the law of faith. Mme re ka ipelafatsa ka go dira eng gore re bone poloko? Ga go sepe gotlhelele. Ka go reng? Gonne kgololo ya rona ga e a ikaega mo ditirong tsa rona tse di molemo; e ikaegile mo go se Keresete o se dirileng, le tumelo ya rona mo go ene.
28 For we maintain that a person is justified by faith apart from works of the law. Jalo go raya gore re bolokwa ka tumelo ya rona mo go Keresete e seng ka ditiro tse di molemo tse re di dirang.
29 Or is our Father the Father of Jews only? Not the Father of Gentiles too? Yes, of Gentiles too, A mme Modimo o boloka Bajuta fela ka yone tsela e? Nnyaa, le Badichaba ba ka tla kwa go ene ka yone tsela e.
30 since our Father is one, he will justify the circumcised by faith and the uncircumcised through faith. Modimo o re tsaya fela ka go tshwana; botlhe fela, a e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba, ba a gololwa fa ba na le tumelo.
31 Do we cancel the law through this faith? Never—we confirm the law. Mme jalo he, fa re bolokwa ka tumelo, a mo go raya gore ga re sa tlhole re tlhokana le go obamela melao ya Modimo? Nnyaa ga go a nna jalo! Tota fela fa re ikanya Jesu ke gone re ka o obamelang ka boammaaruri.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]