Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Romans 2 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 So you have no excuse, whoever you are, when you judge another—in judging them you condemn yourself, since you do the same things. Go siame, o ka ne kgotsa o re, “O ntse o bua kaga batho ba ba sa siamang thata jang!” Iketle pele! Le wena o tshwana nabo. Fa lo re ba ikepile ba tshwanetse go otlhaiwa, go ithaya lona gonne lo dira tsone fela ditiro tse ba di dirang.
2 Now we know that our Father's judgment rightly falls on those who do such things. Mme re itse gore Modimo mo tshekisong o tlaa otlhaya le fa e le mang yo o dirang dilo tse di tshwanang le tse.
3 Do you think, whoever judges others for such things while doing them yourself, that you'll escape our Father's judgment? A o gopola gore Modimo o tlaa sekisa o bo o atlhola ba bangwe ka ntlha ya go dira dilo tseo mme o go tlodise matlho fa le wena o ntse o di dira?
4 Or do you despise the riches of his kindness and restraint and patience, not realizing that our Father's kindness is meant to lead you to repentance? A ga o lemoge ka fa Modimo o leng pelotelele mo go wena ka teng? Kgotsa a ga o tshwenyege ka gope? A ga o bone gore o ntse o sa go otlhae mo lobakeng lo lotlhe, e le go go naya sebaka sa go sokologa mo sebeng? Bopelonomi jwa one bo diretswe go go gogela kwa boikwatlhaong.
5 But because of your hard, unrepentant heart, you are storing up wrath for yourself, for the day of wrath when our Father's righteous judgment will be revealed. Mme le fa go ntse jalo, ga o reetse; mme ka go dira jalo o ipolokela kwatlhao e e setlhogo ka ntlha ya botlhogo-e-thata jwa gago jwa go gana go soko-loga mo sebeng; gonne go tlaa tla letsatsi la bogale fa Modimo o tlaa bong o le moatlhodi yo o sa patikeng wa lefatshe lotlhe.
6 He will repay each person according to what they have done. O tlaa naya mongwe le mongwe tuelo ka fa ditirong tsa gagwe.
7 To those who through persistent good work seek glory, honor, and immortality, he will give eternal life. O tlaa naya botshelo jo bo sa khutleng ba ba dirang go rata ga Modimo ka bopelotelele, ba batla kgalalelo e e sa bonweng ka matlho le tlotlo le botshelo jo bo sa khutleng jo o bo abang.
8 But those who are self-seeking, reject the truth, and follow wickedness face wrath and rage. Mme o tlaa otlhaya setlhogo ba ba tlhabantshang boammaaruri jwa Modimo ba tsamaya mo ditseleng tse di bosula, bogale jwa Modimo bo tlaa ba wela godimo.
9 Trouble and distress for everyone who does evil—the Jew first, then the Greek, Go tlaa nna khutsafalo le pogisego mo Bajuteng le mo go Badichaba ba ba tswelelang ba dira boleo.
10 but glory, honor, and peace for all who do good—Jew first, then Greek too. Mme go tlaa nna kgalalelo le tlotlo le kagiso e tswa kwa Modimong e le tsa ba ba o reetsang, le fa e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba.
11 For our Father shows no favoritism. Gonne Modimo o tsaya batho ka tekatekanyo.
12 Sinners without the law also perish without it; sinners under the law will be judged by it. O tlaa otlhaya sebe gongwe le gongwe kwa se bonwang teng. O tlaa otlhaya baheitane fa ba leofa, le fa ba ise ba ke ba nne le melao ya Modimo e e kwadilweng, gonne mo botennye jwa dipelo tsa bone ba itse tshiamo le bosula. Melao ya Modimo e kwadilwe mo go bone; segakolodi sa bone se ba baya molato, ka nako e nngwe se dumalana nabo. Mme Modimo o tlaa otlhaela Bajuta go leofa gonne ba na le melao ya one e e kwadilweng mme ga ba e tshegetse. Ba itse se se siameng mme ga ba se dire. Kana poloko ga e newe ba ba itseng se ba tshwanetseng go se dira, fa e se fela ba se dira.
13 For not those who hear the law are righteous before our Father, but those who obey it will be justified. Not in this edition
14 Indeed, when Gentiles, who do not have the law, do by nature what the law requires, the law is at work within them, even though they do not have the law. Not in this edition
15 They show the law's work written on their hearts, their conscience bearing witness, and their conflicting thoughts accusing or defending them. Not in this edition
16 This happens on the day our Father judges everyone's secrets through Jesus Christ—so my gospel says. Ammaaruri letsatsi le tlaa tla fa ka taolo ya Modimo, Jesu Keresete o tlaa atlholang masaitsiweng a mongwe le mongwe, maikutlo a bone a a kwa teng le maikaelelo a bone; se ke bontlha bongwe jwa leano la Modimo le legolo le ke lo le bolelelang.
17 But if you call yourself a Jew, rely on the law, and boast in our Father, Lona Bajuta lo gopola gore gotlhe go siame fa gare ga lona le Modimo gonne o lo neetse melao ya one; lo ipelafatsa ka gore lo ithaya lo re lo ditsala tsa one tse di tlhophegileng.
18 if you know our Father's will and approve what is excellent because you are instructed by the law, Ee, lo itse se o se batlang; lo itse pharologanyo ya bosula le molemo mme lo rata tshiamo gonne lo rutilwe melao ya one go tsweng bonyaneng jwa lona.
19 if you're convinced you are a guide for the blind, a light for those in darkness, Lo tlhomamisa tota tsela e e yang kwa Modimong mo e leng gore lo ka e supegetsa le sone sefofu tota. Lo ipona lo le masedi a a bontshang tsela, lo kaela batho ba ba latlhegetseng mo lefifing tsela ya go ya kwa Modimong.
20 a corrector of the foolish, teacher of the immature, holding in the law the shape of knowledge and truth. Lo akanya gore lo ka goga dieleele lwa ba lwa ruta le bana ditiro tsa Modimo, gonne lo itse melao ya one sentle e e tletseng kitso yotlhe le boammaaruri.
21 You teach others—do you not teach yourself? You preach against stealing—do you steal? Ee, lo ruta ba bangwe, jaanong ke eng fa lona lo sa ithute? Lo raya ba bangwe lo re ba seka ba utswa, a e bile lo a utswa?
22 You who tell others not to commit adultery—do you commit it? You who detest idols—do you rob temples? Lwa re go phoso go dira kgokafalo a ebile lo a e dira? Lwa re, “Go seka ga rapelwa medimo ya disetwa,” mme lona lo dira madi modimo wa lona wa disetwa mo boemong jwa go rapela Modimo.
23 You who boast in the law, do you dishonor our Father by breaking the law? Lo ipelafatsa thata ka go itse melao ya Modimo, mme lo o tlontlolola ka go e roba.
24 As it is written: "Our Father's name is blasphemed among the nations because of you." Ga go gakgamatse fa Dikwalo di re lefatshe le bua bosula ka ga Modimo ka ntlha ya lona.
25 Circumcision helps if you keep the law; break it, and your circumcision becomes being uncircumcised. Go nna Mojuta go botlhokwa fa o tshegetsa melao ya Modimo; mme fa o sa e tshegetse, ga o botoka go na le moheitane.
26 So if the uncircumcised keep the law's requirements, won't their uncircumcision be counted as circumcision? Mme fa baheitane ba tshegetsa melao ya Modimo, a Modimo ga o kitla o ba naya ditshwanelo tsotlhe le tlotlo e o neng o ikaeletse go e naya Bajuta?
27 The physically uncircumcised who keep the law will judge you who, with the letter and circumcision, break the law. Ammaaruri baheitane bao ba tlaa nna botoka thata go na le lona Bajuta ba lo itseng thata kaga Modimo ebile lo na le ditsholofetso tsa one mme lo sa tshegetse melao ya one.
28 For being a Jew isn't merely about the outside, nor circumcision merely about the body. Gonne ga lo Bajuta tota, fela ka ntlha ya gore lo tsetswe ke batsadi ba Sejuta kgotsa ka ntlha ya gore lo rupisitswe mo mokgweng wa Sejuta, ebong modiro wa bogwera.
29 Rather, one is a Jew inwardly, circumcision being of the heart, by the Spirit, not the written code; that one's praise is not from people but from our Father. Nnyaa, Mojuta tota ke mongwe fela yo pelo ya gagwe e siameng mo Modimong. Gonne ga o batle ba ba kgaolang ditokololo dingwe tsa mebele ya bone go rupisiwa ga senama, mme o batla ba ba fetogileng dipelo le mewa. Le fa e le mang yo o nang le phetogo e e ntseng jalo mo botshelong jwa gagwe o tlaa amogela pako e e tswang kwa Modimong, le fa e sa tswe mo go lona.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]