Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Romans 1 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Paul, a servant of Christ Jesus, called to be an apostle, set apart for the gospel of our Father, Ditsala tse di rategang mo Roma, Lokwalo lo lo tswa kwa go Paulo, motlhanka wa ga Jesu Keresete, yo o tlhophilweng go nna morongwa, ebile a romilwe go rera Mafoko a Modimo a a Molemo.
2 the gospel he promised beforehand through his prophets in the holy Scriptures, Mafoko a a Molemo a, a ne a sa bolo go solofediwa batho bogologolo ke baporofiti ba Modimo mo Kgolaganong e kgologolo.
3 concerning his Son, who in his earthly life was descended from David, Ke Mafoko a a Molemo kaga Morwaa one, Jesu Keresete Morena wa rona, yo o tsileng e le ngwana mo setshwanong sa motho, a tsalelwa mo losikeng lwa bogosi lwa ga Kgosi Dafide,
4 and was declared to be the Son of our Father in power according to the Spirit of holiness by his resurrection from the dead—Jesus Christ our Lord. mme ka go tsosiwa mo baswing o ne a supiwa e le Morwa Modimo yo o senatla, ka tlholego e e boitshepo ya Modimo ka sebele.
5 Through him we received grace and apostleship for the obedience of faith among all the nations, for his name's sake, Mme jaanong, ka Keresete, tshiamo yotlhe ya Modimo e goromeleditswe mo go rona baleofi ba e neng e sa re tshwanela; mme jaanong o re roma mo tikologong ya lefatshe go bolelela batho botlhe gongwe le gongwe kaga dilo tse dikgolo tse Mo-dimo o di ba diretseng, gore le bone ba tle ba dumele ba o obamele.
6 and you also are among those called to belong to Jesus Christ. Mme lona, ditsala tse di rategang mo Roma, le lona lo bangwe ba o ba ratang thata, le lona lo lalediwa ke Jesu Keresete go nna ba Modimo tota, ee batho ba one ba ba boitshepo. A masego otlhe a Modimo le kagiso e e tswang kwa Modimong Rara wa rona, le Jesu Keresete Morena wa rona a nne le lona.
7 To all in Rome, loved by our Father and called his holy people: Grace to you and peace from our Father and the Lord Jesus Christ. Not in this edition
8 First, I thank my Father through Jesus Christ for all of you, since your faith is reported worldwide. Mmang ke simololeng ka go re, gongwe le gongwe kwa ke yang teng ke utlwa go buiwa kaga lona! Gonne tumelo ya lona mo Modimong e simolola go itsege mo tikologong ya lefatshe. Ke leboga Modimo thata jang ka Jesu Keresete ka pego e e molemo, le ka mongwe le mongwe wa lona.
9 For our Father is my witness, whom I serve with my spirit in the gospel of his Son, that I constantly remember you in my prayers, Modimo o itse gore ke lo rapelela gangwe le gape jang. Bosigo le motshegare ke lo baya le tse lo di tlhokang ka thapelo mo go yo ke mo direlang ka thata yotlhe, ke bolelela ba bangwe Mafoko a a molemo kaga Morwaa one.
10 asking that somehow by our Father's will I may now at last succeed in coming to you. Mme sengwe sa dilo tse ke di rapelelang gangwe le gape ke lobaka lo lo atlegileng lwa gore, fa Modimo o rata, ke tle go lo bona, le gore fa go kgonega ke tle ke nne le mosepele o o babalesegileng.
11 For I long to see you, to share a spiritual gift that strengthens you, Gonne ke tlhologeletswe go lo etela gore ke tle ke kgone go lo naya tumelo e e tlaa thusang phuthego ya lona go nitama mo Moreneng. Fela jalo le nna, ke tlhoka thuso ya lona, gonne ga ke batle fela go abalana tumelo ya me le lona le nna ke tlhoka go kgothadiwa ke tumelo ya lona. Mongwe le mongwe wa rona o tlaa nna tshegofatso mo go yo mongwe.
12 that is, that we may be mutually encouraged by each other's faith, both yours and mine. Not in this edition
13 I want you to know, brothers and sisters: I often planned to visit you, but was kept from it until now—to reap some harvest among you too, as among the rest of the nations. Ke batla gore lo itse, bakaulengwe ba ba rategang, gore ke gantsi ke ikaelela go tla kwa go lona (mme go sa kgonege) gore ke tle go dira le lona ke bo ke bone maungo a a molemo, fela jaaka ke dirile mo diphuthegong tse dingwe tsa Badichaba.
14 I'm obligated to Greeks and non-Greeks, to wise and foolish. Gonne ke molato o mogolo mo go lona le mo go mongwe le mongwe, le mo bathong ba ba tlhabologileng le dichaba tsa baheitane; ee, mo go ba ba rutegileng le mo go ba ba sa rutegang fela ka go tshwana.
15 So I am eager to preach the gospel to you also who are in Rome. Jalo he, ka fa selekanyong sa nonofo ya me e e tletseng, ke setse ke siame go tla le kwa go lona mo Roma go rera Mafoko a a Molemo a Modimo.
16 I'm not ashamed of the gospel—it is our Father's power for salvation to everyone who believes, to the Jew first, and also the Greek. Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhong ke Mafoko a a Molemo a, kaga Keresete. Ke leano la Modimo le le nonofileng la go gapela kwa legodimong botlhe ba ba dumelang. Molaetsa o, o ne wa rerelwa Bajuta pele ba le bosi, mme jaanong mongwe le mongwe o lalediwa go tla mo Modimong ka yone tsela e.
17 For in it our Father's righteousness is revealed, from faith to faith, as it is written: "The righteous will live by faith." Mafoko a a Molemo a, a re bolelela gore Modimo o re baakanyetsa gore re ye legodimong, a re siamisa mo ponong ya Modimo fa re baya tumelo ya rona le boikanyo mo go Keresete go re boloka. Mo go bonwa ka tumelo go tswa tshimologong go ya bokhutlong. Jaaka lokwalo lo bua lo re, “Motho yo o bonang botshelo o tlaa bo bona ka go ikanya Modimo.”
18 For our Father's wrath is revealed from heaven against all human godlessness and injustice, people who suppress the truth by injustice. Mme Modimo o supa bogale jwa one jo bo tswang legodimong mo baleofing, batho ba ba bosula ba ba tlosang boammaaruri mo go bone.
19 What can be known about our Father is evident to them, for he has made it evident to them. Gonne ba itse boammaaruri kaga Modimo sentle thata; Modimo o tsentse kitso e mo dipelong tsa bone.
20 Since the world's creation, his invisible qualities—eternal power and divine nature—are clearly seen, understood from what he made. So they have no excuse. Go simolola mo dinakong tsa pele batho ba bonye lefatshe le loapi le gotlhe mo Modimo o go dirileng, ebile ba itsile ka go tshela ga one le nonofo e kgolo ya bosakhutleng. Jalo ga ba kitla ba nna le seipato (fa ba ema fa pele ga Modimo ka letsatsi la katlholo).
21 Though they knew our Father, they didn't honor him as God or thank him—instead their thinking became empty, and their senseless hearts grew dark. Ee, ba itsile kaga one sentle thata, mme ga ba a ka ba dumela gore ba a o itse kgotsa ba o obamela le fa e le go o leboga ka fa o ba tlhokomelang ka teng malatsi otlhe. Mme morago ga lobakanyana ba simolola go akanya dikakanyo tsa boeleele tsa gore Modimo o ntse jang le gore o batla gore ba dire eng. Jalo ga diragala gore megopolo ya bone ya boeleele e fifale e bo e tlhakatlhakane.
22 Claiming to be wise, they became fools, Ba ikaya fa ba le botlhale kwa ntle ga Modimo, mme ba fetoga dieleele tse di feteletseng ka ntlha ya go tlhoka go ikanya Modimo.
23 and exchanged our immortal Father's glory for images shaped like mortal man and birds and animals and reptiles. Mme hong mo boemong jwa go obamela Modimo o o galalelang o o tshelang ka bosakhutleng, ba ne ba tsaya dikgong le maje mme ba itirela medimo ya disetwa go e obamela, ba e betla go nna jaaka dinonyane le diphologolo le dinoga le batho ba e seng ba sepe ba ba nyatsegang.
24 So our Father gave them over to their hearts' desires, to impurity, dishonoring their bodies among themselves, Jalo Modimo wa ba lesa go tswelela pele mo mofuteng mongwe le mongwe wa boaka, le go dira sengwe le sengwe se ba se batlang ee, ba tlontlolo-lana mebele ka boatla.
25 because they traded the truth about our Father for a lie, worshiping and serving the creation instead of the Creator, who is blessed forever. Amen. Mo boemong jwa gore ba dumele se ba itseng e le boammaaruri kaga Mo-dimo, ba dumela ka bomo mo maakeng. Jalo ba obamela dilo tse Modimo o di dirileng, ba gana go obamela one Modimo o o dirileng dilo tse.
26 Because of this, our Father gave them over to shameful desires. Their women exchanged natural relations for unnatural ones. Ke sone se Modimo o ba leseleditseng go dira tsotlhe tse di bosula tse, le gore le basadi ba bone ba furalele leano la Modimo la tlholego mme ba simolola go tlontlololana mebele.
27 Likewise, men too abandoned natural relations with women, burning with lust for each other—men committing indecency with men, and receiving in themselves the penalty their error deserved. Mme banna, mo boemong jwa go tlhakanela dikobo le basadi ka fa tlholegong, ba simolola go gakalelana, banna ba dira dilo tse di tlhabisang ditlhong le banna ba bangwe, mme ka ntlha ya moo ba bona tuelo e e ba tshwanetseng.
28 Since they refused to keep our Father in their knowledge, he handed them over to an unfit mind, to do improper things. Jalo ke sone se e rileng fa ba latlha Modimo ebile ba sa batle go o itse, Modimo wa ba tlhokomologa gore ba dire sengwe le sengwe se megopolo ya bone e e bosula e neng e ka se akanya.
29 They were filled with all injustice, evil, greed, and malice; full of envy, murder, conflict, deceit, and spite; they are gossips, Matshelo a bone a tlala mofuta mongwe le mongwe wa boikepo le sebe, wa bogagapa le kilo, keletso ya senama, polao, ntwa, maaka, bogalaka le ditshebo.
30 slanderers, haters of our Father, insolent, arrogant, boastful, inventors of evil, disobedient to their parents, E ne e le basebi, ba ba ilang Modimo, ba le makgakga, e le baikgantshi, ba aga ba akanya ditsela tse dintsha tsa go leofa ebile ba tswelela pele ba sa reetse batsadi ba bone.
31 foolish, faithless, heartless, ruthless. Ba leka go itira ba ba sa tlhaloganyeng, ba senya ditsholofetso tsa bone, ba le setlhogo, ba se pelotlhomogi.
32 Though they know our Father's righteous decree that those who do such things deserve death, they not only do them but applaud those who do them. Ba ne ba itse sentle thata gore Modimo o atlholela loso ka ntlha ya melato e, le fa go ntse jalo ba tswelela pele mme ba e dira ka methale yotlhe, ba kgothatsa ba bangwe gore le bone ba e dire.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]