Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Philemon 1 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Paul, a prisoner of Christ Jesus, and Timothy our brother, to Philemon, our dear friend and co-worker, Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo yo ke leng mo kgolegelong ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo kaga Jesu Keresete le kwa go mokaulengwe Timotheo.
2 and to our sister Apphia, our fellow soldier Archippus, and the church that meets in your house: Ke lo kwalela wena: Filimone, modiri ka rona yo o rategang thata, le phuthego e e kopanelang mo tlung ya gago, le Apefia kgaitsadia rona, le Arekipo yo jaaka nna e leng lesole la mokgoro.
3 Grace and peace to you from our Father and the Lord Jesus Christ. A Modimo Rraa rona le Morena Jesu Keresete a lo neye masego a gagwe le kagiso.
4 I always thank my Father as I remember you in my prayers, Ke leboga Modimo ka malatsi otlhe fa ke lo rapelela, Filimone yo o rategang,
5 because I hear of your love and faith in the Lord Jesus and for all his holy people. gonne ke ntse ke utlwalela lorato lwa gago le ka fa o ikanyang Morena Jesu ka teng mmogo le batho ba gagwe.
6 I pray your shared faith becomes effective as you come to understand every good thing we have in Christ. Mme ke rapelela gore e re o ntse o abalana tumelo ya gago le ba bangwe le bone e gape matshelo a bone, ka ba bona khumo ya dilo tse di molemo mo go wena tse di tswang kwa go Keresete Jesu.
7 Your love has brought me great joy and comfort, brother, since you've refreshed the hearts of his holy people. Nna ka sebele ke bonye boitumelo jo bogolo le kgomotso mo loratong lwa gago, mokaulengwe wa me, gonne bopelonomijwa gago ga bo bolo go nna bo nchafatsa dipelo tsa batho ba Modimo.
8 Therefore, although in Christ I am bold enough to command you to do what is right, Jaanong ke batla go lo lopa gore lo ntirele sengwe. Ke ka se batla mo go lona ka leina la ga Keresete gonne ke selo se se lo siametseng go se dira, mme ke a lo rata ebile ke bona go tlhamaletse gore ke lo kope, nna Paulo, yo ke leng monnamogolo jaanong ke le kwano mo kgolegelong ka ntlha ya ga Jesu Keresete.
9 instead, for love's sake I appeal—I, Paul, an old man, now also a prisoner of Christ Jesus. Not in this edition
10 I appeal to you for my child Onesimus, whose father I became while I was in chains. Kopo ya me ke gore lo supe bopelonomi mo go ngwanake Onesimo, yo ke mo gapetseng mo Moreneng fa ke santse ke le mo kgolegelong.
11 He was once useless to you, but now is useful to you and me. Onesimo (yo leina la gagwe le rayang “Thuso”) o ne a se botlhokwa thata mo go wena mo lobakeng lo lo fetileng, mme jaanong o tsile go nna botlhokwa mo go rona rotlhe.
12 I am sending him back to you—and in doing so I am sending my very heart. Ke mo romela gape kwa go wena, mme o tla ka pelo ya me yotlhe.
13 I wanted to keep him with me, to serve me on your behalf while I'm in chains for the gospel. Mme tota ke ne ke ratile go mo tshegetsa kwano go nna fa ke santse ke le mo dikeetaneng ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo, mme o ne o tlaa bo o ne o ntse o nthusa ka ene,
14 But I wanted to do nothing without your consent, so your good deed would not be forced, but voluntary. mme ke ne ke sa batle go dira jalo ke sa dumalana nao. Ke ne ke sa batle gore o nne pelonomi gonne o ne o tshwanetse go nna jalo mme ke ka gore o ne o batla go nna pelonomi.
15 Perhaps this is why he was separated from you briefly, so you'd have him back forever. Gongwe o ne o ka go akanya jaana: gore o siile kwa go wena ka lobakanyana gore jaanong a nne wa gago ka malatsi otlhe,
16 No longer as a slave, but more than a slave—a beloved brother, especially to me, but even more to you, both in the flesh and in the Lord. e sa tlhole e le motlhanka fela, mme a le mongwe yo o botoka, mokaulengwe yo o rategang, segolo jang mo go nna. Jaanong le wena o tlaa go solegela molemo thata, gonne ga se motlhanka fela mme gape ke mokaulengwe wa gago mo go Keresete.
17 So if you consider me a partner, welcome him as you would welcome me. Fa ke le tsala ya gago tota, mo amogele ka boitumelo jo o neng o ka nkamogela ka jone fa e ne e le nna yo ke tlang.
18 If he wronged you at all, or owes anything, put it on my account. Fa a go utlwisitse botlhoko ka tsela nngwe kgotsa a go utsweditse sengwe, se nkatlholele.
19 I, Paul, write this with my own hand: I'll repay it—not to mention you owe me yourself as well. Ke tlaa se busa (nna Paulo ka sebele, ke solofetsa go dira jaana ka go kwala jalo ka seatla se e leng sa me) mme ga ke na go go bolelela gore o nkolota bokae! Boammaaruri ke gore, o nkolota le one mowa wa gago tota!
20 Yes, brother, do me this favor in the Lord—refresh my heart in Christ. Ee, mokaulengwe yo o rategang, intumedise ka yone tiro e e rategang e, mme pelo ya me e e lapileng e tlaa galaletsa Morena.
21 Trusting you'll obey, I write to you, knowing you'll do even more than I ask. Ke go kwaletse lokwalo lo gonne ke tlhomamisa gore o tlaa dira se ke se kopang, ebile o tlaa se dira go gaisa jaaka ke se batla!
22 Also prepare a guest room for me—I hope through your prayers to be graciously given back to you. Tswee-tswee mpaakanyetsa ntlo ya baeng, gonne ke solofela gore Modimo o tlaa araba dithapelo tsa lona o baa o ntetla go tla kwa go lona ka bofefo.
23 Epaphras, my fellow prisoner in Christ Jesus, sends you greetings, Epaferase legolegwa ka nna yo le ene a leng kwano ka ntlha ya go rera Keresete Jesu, o a lo dumedisa.
24 and so do Mark, Aristarchus, Demas, and Luke, my fellow workers. Mareko, Arisetareko, Demase le Luke, badiri ka nna le bone ba a lo dumedisa.
25 The grace of the Lord Jesus Christ be with your spirit. Amen. A masego a Morena wa rona Jesu Keresete a nne mo moweng wa lona.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]