Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Titus 3 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Remind them to submit to rulers and authorities, obey, and be ready for every good work, Gakolola bagaeno go ikobela mmuso le batsamaisi ba one, le gore ba nne kutlo ka malatsi otlhe le go ipaakanyetsa tiro nngwe le nngwe e e molemo.
2 to slander no one, avoid quarreling, be gentle, and show complete consideration to everyone. Ba se ka ba bua bosula ka ope, le fa e le go omana, mme ba nne tshiamo le boikokobetso ka boammaaruri mo go botlhe.
3 We too were once foolish, disobedient, deceived, enslaved to various desires and pleasures, living in malice and envy, hated, hating one another. Le rona re kile ra ne re le dieleele ebile re sa reetsa ditaolo; re ne re ntshiwa mo tseleng ke ba bangwe mme ra nna batlhanka ba dilo tse di itumedisang tsa boleo di le dintsi le dithato tsa nama tsa boikepo. Matshelo a rona a ne a tletse letlhoo le bopelotshetlha. Re ne re ila ba bangwe mme le bone ba ne ba re ila.
4 But when the goodness and loving kindness of our Father, our Savior, appeared, Mme erile fa nako e goroga ya gore bopelonomi le lorato lwa Modimo Mmoloki wa rona di bonale,
5 he saved us—not for righteous deeds we did, but by his mercy, through washing of new birth and renewal by the Holy Spirit, mme o ne a re boloka, e seng ka ntlha ya gore re ne re siametse go bolokwa, mme e leng ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe le kutlwelo-botlhoko, ka go tlhatswa dibe tsa rona le go re naya boitumelo jo bosha jwa Mowa O O Boitshepo o o nnang mo go rona,
6 whom he poured out on us richly through Jesus Christ our Savior, o o o goromeditseng mo go rona ka letlotlo le le hakgamatsang, le gotlhe ka ntlha ya se Jesu Keresete Mmoloki wa rona o se dirileng,
7 so that, justified by his grace, we might become heirs in the hope of eternal life. gore a tle a re supe re siame mo matlhong a Modimo, gotlhe e le ka ntlha ya bopelonomi jwa one jo bogolo; jaanong re ka nna le seabe mo khumong ya botshelo jo bo sa khutleng jo o re bo nayang, mme re lebeletse ka tlhwaafalo go bo amogela.
8 This word is trustworthy: I want you to insist on these things, so that those who trust our Father take care to devote themselves to good works. These things are good and helpful to everyone. Dilo tse ke di go boleletseng tse di boammaaruri tsotlhe. Tswelela mo go tsone gore Bakeresete ba tle ba tlhokomele go dira ditiro tse di siameng ka metlha yotlhe, gonne mo ga se gore go siame fela mme go tlisa maungo.
9 But avoid foolish controversies, genealogies, disputes, and quarrels about the law, for they are useless and worthless. Se itsenye mo dikganetsanyong tsa dipotso tse di sa arabesegeng le mo megopolong ya dikganetsanyo tse di thata tse di amanang le sedumedi; ikgaphe mo dikganetsanyong le mo dikgogakgoganong kaga go obamela melao ya Sejuta, gonne selo se se ntseng jaana ga se na thuso; se dira kutlo botlhoko fela.
10 Warn a divisive person once, then a second time; after that, have nothing more to do with him, Fa mongwe a dira dikgaogano mo go lona, o tshwanetse go tlhagisiwa lwa ntlha le lwa bobedi. Morago ga moo lo seka lwa tlhola lo dirisanya nae gape ka tsela epe,
11 knowing that such a person is warped and sinful; he stands self-condemned. gonne motho yo o ntseng jalo o itse sentle gore o a leofa.
12 When I send Artemas or Tychicus to you, do your best to come to me at Nicopolis, since I've decided to winter there. Ke akanya go roma Aretemase kgotsa Tukiko kwa go lona. E re fela mongwe wa bone a goroga, tswee-tswee lekang go nkgatlhantsha kwa Nikopolisa ka bofefo jo lo ka bo kgonang, gonne ke ikaeletse go nna teng mariga otlhe.
13 Quickly send Zenas the lawyer and Apollos on their way; see they lack nothing. Dira fela ka fa o ka kgonang ka teng go thusa Senase wa agente le Apolose mo loetong lwa bone; tlhomamisa gore ba newa sengwe le sengwe se ba se tlhokang.
14 Let our people also learn to devote themselves to good works, meeting urgent needs, and not be unproductive. Gonne batho ba ga rona ba tshwanetse go ithuta go thusa botlhe ba ba tlhokang thuso ya bone, gore matshelo a bone a tle a nne le loungo.
15 All those with me greet you. Greet those who love us in faith. Grace be with all of you. Mongwe le mongwe o a lo dumedisa. Tsweetswee ntumedisetsang ditsala tsotlhe tsa Bokeresete koo. A masego a Modimo a nne le lona lotlhe. Ke nna wa lona wa boammaaruri, Paulo.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]