Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 26 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 When Jesus had finished all these sayings, he said to his disciples, Mme e rile Jesu a sena go fetsa puo e le barutwa ba gagwe a ba raya a re,
2 "You know Passover comes after two days, and the Son of Man is handed over to be crucified." “Jaaka lo itse, gore modiro wa Tlolaganyo o simologa mo malatsing a mabedi a a tlang, ke tlaa okwa ke be ke bapolwa.”
3 Then the chief priests and elders of the people gathered in the courtyard of the high priest Caiaphas, Ka lone lobaka loo ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba bangwe ba Sejuda ba phuthegela kwa kgotleng ya ga Kaiafase moperesiti yo mogolo,
4 and they plotted together to seize Jesus secretly and kill him. go gakololana ka maano a go tshwara Jesu ka bokukuntshwane go mmolaya.
5 But they said, "Not during the festival, or there will be an uproar among the people." Mme ba dumalana ba re, “Eseng ka modiro wa Tlolaganyo, gonne go ka tsoga pheretlhego.”
6 Now when Jesus was in Bethany, in the house of Simon the leper, Foo Jesu a tswela kwa Bethania, kwa legaeng la ga Simone wa molepero.
7 a woman came to him with an alabaster jar of very expensive perfume and poured it on his head as he sat at the table. Mme ya re Jesu a sa ntse a a ja ga tla mosadi mongwe a tshotse lebotlolo la setlolo se se tlhwatlhwa kgolo, mme a se tshela mo tlhogong ya gagwe.
8 Seeing this, the disciples were angry, saying, "Why this waste? Barutwa ba ne ba gakatsega ba re, “A tshenyo ya madi a magolo! O ka bo a se rekisitse madi a mantsi mme a a abela bahumanegi.”
9 For this could have been sold for a large sum and given to the poor." Not in this edition
10 Jesus knew this and said to them, "Why trouble this woman? She has done a beautiful thing to me. Jesu a itse se ba se akanyang, mme a re, “Ke eng fa lo mo tshwaya phoso? Gonne o ntiretse tiro e ntle thata.
11 For you always have the poor with you, but you will not always have me. Lo tlaa aga lo na le bahumanegi, mme ga lo na go nna le nna ka malatsi otlhe.
12 For when she poured this perfume on my body, she did it to prepare me for burial. O tshetse setlolo se mo go nna go baakanyetsa mmele wa me go fitlhwa.
13 Truly I tell you: wherever this gospel is preached worldwide, what she did will also be told, in memory of her." Mme o tlaa aga a gopolwa ka tiro e. Polelo ya se a se dirileng e tlaa bolelwa mo lefatshing lotlhe, gongwe le gongwe kwa Mafoko a a Molemo a rerwang teng.”
14 Then one of the Twelve, the one called Judas Iscariot, went to the chief priests, Judase Isekariota, mongwe wa baaposetoloi ba ba some le bobedi a ya kwa ditlhogong tsa baperesiti,
15 and said, "What are you willing to give me, and I will hand him over to you?" And they counted out thirty pieces of silver for him. mme a botsa a re, “Lo tlaa ntuela bokae go tsenya Jesu mo diatleng tsa lona?” Mme ba mo naya dipapetlana tsa selefera di le masome mararo.
16 And from then on he looked for an opportunity to betray him. Mme go simologa ka lobaka loo, Judase a batla lebaka le le siameng la go ba okela Jesu.
17 On the first day of Unleavened Bread, the disciples asked Jesus, "Where do you want us to prepare for you to eat the Passover?" Mo letsatsing la ntlha la mediro ya Tlolaganyo, fa senkgwe se se sa bidisi wang se se, tswang mo malapeng a a farologaneng a Sejuda se jewa, barutwa ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re, “Re baakanyetsa go jela Moletlo wa Tlolaganyo kae?”
18 He said, "Go into the city to a certain man and tell him, 'The Teacher says: My time is near. I'll keep Passover at your house with my disciples.'" A fetola a re, “Tsenang mo motseng lo fete lo bone rre semangmang, mme lo mo reye lo re, ‘Monnga rona a re, nako yame e gorogile mme ke tlaa jela dijo tsa Moletlo wa Tlolaganyo le barutwa ba me kwa tlong ya gago.’”
19 And the disciples did as Jesus directed them, and they prepared the Passover. Jalo barutwa ba dira jaaka a ba boleletse, mme ba baakanya dijo teng.
20 When evening came, he sat at the table with the Twelve. Mme ya re mo maabanyaneng ao fa a sa ntse a a ja le ba ba some le bobedi, a bua a re “Mongwe wa lona o tlaa nkoka.”
21 And as they were eating, he said, "Truly I tell you, one of you will betray me." Not in this edition
22 Deeply grieved, they each asked him, "Surely not I, Lord?" Mme ba futsafala thata, mme mongwe le mongwe wa bone a botsa a re, “A ke nna?”
23 He replied, "The one who has dipped his hand in the bowl with me will betray me. A fetola a re, “Ke yo ke mo fileng sejo pele.
24 The Son of Man goes, just as is written of him. But how terrible for the man who betrays him—better for him had he never been born." Gonne ke tshwanetse go swa fela jaaka go porofitilwe, mme a bo go latlhega monna yo o nkokang. Go ka bo go le molemo thata fa yoo a ka bo a na a seka a tsalwa.”
25 Judas, his betrayer, said, "Surely not I, Rabbi?" He said to him, "You have said so." Judase le ene, o ne a mmotsa a re, “Moruti, a ke nna?” Mme Jesu a mo raya a re, “Ke wena.”
26 As they ate, Jesus took bread, blessed and broke it, gave it to the disciples, and said, "Take, eat; this is my body." Ya re ba sa ja, Jesu a tsaya senkgwe a se segofatsa, a se ngathoganya a se neela barutwa a re, “Tsayang lo je gonne se ke mmele wa me.”
27 Taking a cup and giving thanks, he gave it to them, saying, "Drink from it, all of you, Gape a tsaya senwelo sa mofine a se segofatsa, a se ba neela a re, “Mongwe le mongwe a nwe,
28 for this is my blood of the covenant, poured out for many for forgiveness of sins. gonne se ke madi ame, a a kanelang Kgolagano e Ncha. A tshololelwa go itshwarela dibe tsa bontsintsi jwa batho.
29 I tell you: I won't drink this fruit of the vine again, from now until the day I drink it new with you in my Father's kingdom." Tlhokomelang mafoko a me: Ga ke na go tlhola ke nwa mofine o gape go fitlhelela letsatsi le ke tlaa o nwang le lona o le mosha mo Bogosing jwa ga Rre.”
30 And when they had sung a hymn, they went out to the Mount of Olives. Mme ya re ba sena go opela sefela, ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware.
31 Then Jesus told them, "Tonight you will all fall away because of me. For it is written: 'I will strike the shepherd, and the flock's sheep will be scattered.' Mme Jesu a ba raya a re, “Bosigong jono, lotlhe lo tlaa mphatlalalela. Gonne go kwadilwe mo Dikwalong gore Modimo o tlaa itaya modisa, mme letsomane la dinku le tlaa phatlalala.
32 But after I am raised up, I will go ahead of you to Galilee." Mme morago ga ke tsosiwa ke tlaa ya Galalea, go lo rakantsha teng.”
33 Peter said to him, "Though they all fall away because of you, I will never fall away." Petere a mo fetola a re, “Fa botlhe ba ka go tlogela, nna ga ke na go go tlogela.”
34 Jesus said to him, "I tell you the truth: before the rooster crows tonight, you will deny me three times." Jesu a mo raya a re, “Boammaaruri ke gore mo bosigongjono, pele ga mokoko o lela ka nako ya mahube maphakela, o tlaa bo o intatotse gararo!”.
35 Peter said, "Even if I must die with you, I won't deny you." All the disciples said the same. Petere a fetola a re, “Go ka swa nna pele.” Mme le barutwa ba bangwe botlhe ba bua fela jalo.
36 Then Jesus came with them to a place called Gethsemane and told the disciples, "Sit here while I go pray over there." Hong Jesu a ba lere fa moseleng wa tshimo ya Gethesemane, mme a ba raya a re ba nne fa fatshe mme ba lete foo a sa ntse a tsamaela fa pele go ya go rapela.
37 And taking with him Peter and the two sons of Zebedee, he became deeply grieved and distressed. A tsaya Petere le bomorwa Sebede ba babedi Jakobe le Johane, mme a simolola go hutsafala le go huduega.
38 Then he told them, "My soul is crushed with sorrow, even to death. Stay here and watch with me." Mme a ba raya a re, “Mowa wa me o hutsafetse thata o bile o utlwile botlhoko mo go isang losung: Lo lebelele le Nna.”
39 Going a little farther, he fell on his face and prayed, "My Father, if possible, let this cup pass from me. Yet not as I will, but as you will." A ya fa pelenyana, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a rapela a re, “Rara! Fa go kgonega, a senwelo se se tlosiwe fa go nna. Mme ke batla thato ya gago, eseng ya me.”
40 He came to the disciples and found them asleep. He said to Peter, "So, couldn't you stay awake with me one hour? Mme a boela morago kwa barutweng ba bararo mme a ba fitlhela ba thulametse. Mme a bitsa Petere a re, “a lo no lo ka seka lwa lebelela le nna ka lobaka lwa selekanyo sa oura fela?
41 Stay alert and pray, so you don't fall into temptation; the spirit is willing, but the flesh is weak." Lebelelang lo rapele. Esengjalo thaelo e tlaa lo fenya. Gonne mowa tota o a rata, mme mmele o bokoa thata!”
42 A second time he went away and prayed, "My Father, if this cannot pass unless I drink it, your will be done." Gape a ba tlogela a ya go rapela, a re, “Rara! Fa senwelo se se sa kake sa feta fela fa ke sa se nwe sotlhe, a go rata ga gago go diragale.”
43 And he came again and found them sleeping, for their eyes were heavy. A boela kwa go bone mme a fitlhela ba robetse, gonne ba ne ba otsela thata,
44 So leaving them again, he went away and prayed a third time, saying the same words again. mme a boela gape mo thapelong lwa boraro, a boelela mafoko a o neng a ntse a a bua.
45 Then he came to the disciples and said to them, "Still sleeping and resting? Look, the hour has come, and the Son of Man is betrayed into the hands of sinners. Hong a tla kwa barutweng a re, “Robalang lo itapoloseng, bonang! Nako e gorogile, ke okelwa mo diatleng tsa batho ba ba bosula!
46 Get up, let's go! Look, the one who betrays me is here!" Tsogang; a re tsamayeng! Bonang, motho yo o nkokang ke yoo o e tla!”
47 While he was still speaking, Judas, one of the Twelve, suddenly came with a large crowd carrying swords and clubs, sent by the chief priests and elders of the people. Mme ya re ka lona lobaka loo a ntse a bua, Judase, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, a goroga le bontsi jo bogolo jwa batho ba tshotse dichaka le melamu ba romilwe ke Baeteledipele ba Sejuda.
48 Now the betrayer had given them a signal: "The one I kiss is him—seize him." Judase o na a ba reile a re ba tshware yo o tlaa mo dumedisang gonne e tlaa bo e le ene yo ba mmatlang.
49 And immediately he came up to Jesus and said, "Greetings, Rabbi!" And he kissed him. Hong Judase a tla a tlhamalaletse kwa go Jesu a re, “Dumela Morena!” Mme a mo tlamparela ka tsela ya go atla ka lorato lo lo feteletseng lwa tlhologelelo.
50 Jesus told him, "Friend, do what you came to do." Then they came, grabbed Jesus, and held him. Jesu a re, “Tsala ya me, tswelela pele o dire se o se tletseng.” Hong ba bangwe ba mo tshwara.
51 And look, one of those with Jesus reached out his hand, drew his sword, struck the high priest's servant, and cut off his ear. Mongwe wa banna ba ba patileng Jesu a somola chaka a kgaola tsebe ya motlhanka wa Moperesiti yo mogolo.
52 Then Jesus said to him, "Put your sword back in its place. All who take the sword will die by the sword. Mme Jesu a mo raya a re, “Baya chaka ya gago, ba ba dirisang dichaka ba tlaa bolawa.
53 Do you think I can't call on my Father, who'd at once send me more than twelve legions of angels? A ga o lemoge gore ke ne ke ka kopa Rre dikete tsa baengele go re sireletsa, mme o na a ka ba roma gone fela ka nako eo.
54 But how then would the Scriptures be fulfilled, that it must happen this way?" Mme fa nkabo ke dirile jalo; Dikwalo di ne di ka diragadiwa jang tse di tlhalosang se se diragalang jaanong jaana?”
55 At that hour Jesus said to the crowds, "Did you come out with swords and clubs to seize me, as against a bandit? I sat teaching in the temple daily, and you didn't arrest me. Hong Jesu a bua le bontsintsi jwa batho a re, “A ke serukutlhi se se diphatsa, mo lo neng lwa tshwanelwa ke go tsaya dichaka le melamu pele ga lo ntshwara? Ke ntse le lona ka malatsi otlhe ke ruta mo Tempeleng mme ga lo ise lo ke lo nkganele.
56 But all this happened to fulfill the prophets' Scriptures." Then all the disciples abandoned him and fled. Mme mo gotlhe ga diragala go diragatsa mafoko a baporofiti jaaka a kwadilwe mo Dikwalong.”
57 Then those who arrested Jesus brought him to Caiaphas the high priest, where the scribes and the elders had gathered. Hong bontsi jwa batho jwa mo isa kwa legaeng la ga Kaiafase Moperesiti yo mogolo, kwa baeteledipele botlhe ba Sejuda ba neng ba phuthegetse teng.
58 Peter followed at a distance, to the high priest's courtyard, went in, and sat with the guards to watch how it would end. Mme e rile ka yone nako eo Petere a bo a le kgakala a mo setse morago, mme a tla mo kgotleng ya moperesiti yo mogolo a tsena mo teng a nna le masole, mme a emela go bona se se neng se tsile go diragalela Jesu.
59 The chief priests and the whole Council sought false testimony against Jesus, to put him to death, Ditlhogo tsa baperesiti le lekgotla lotlhe le le tona la Sejuda tsa phuthaganela teng mme tsa senka basupi ba ba ka buang maaka ka ga Jesu, go mo direla kgang e e ka felelang ka katlholo ya loso.
60 but they found none, though many false witnesses came forward. At last two came forward, Mme le fa ba ne ba bona bontsi jo bo neng jwa dumalana go nna basupi ba eseng ba boammaaruri, bone bao ba ne ba aga ba ganetsanya. Lwa bofelo ga bonwa banna ba le babedi ba ba neng ba supa ba re, “Monna yo o rile, ‘Ke kgona go senya Tempele ya Modimo ke bo ke e age mo malatsing a mararo’
61 and said, "This man said, 'I can destroy God's temple and rebuild it in three days.'" Not in this edition
62 The high priest stood up and said to him, "Have you no answer? What are these men testifying against you?" Hong Mo peresiti yo Mogolo a ema ka dinao a raya Jesu a re, wa reng ka ga gone? A o buile jalo kgotsa nnyaa?”
63 But Jesus was silent. The high priest said, "I put you under oath by the living God: tell us whether you are the Christ, the Son of God." Mme Jesu a didimala fela. Jalo Moperesiti yo Mogolo a mo raya a re, “Ke go ikanisa mo leineng la Modimo o o tshedileng gore o re bolelele gore a o ipitsa Mesia Morwa Modimo.”
64 Jesus told him, "You've said it. But I tell you: from now on you'll see the Son of Man seated at Power's right hand, coming on heaven's clouds." Mme Jesu a re, “Ee, ke ene. Mme e tlaa re mo malatsing a a tlang lo tlaa mpona, Nna Morwa Motho, ke ntse ka fa lebogong le legolo la Modimo ke tla ka maru a legodimo.”
65 Then the high priest tore his clothes: "He has blasphemed! Why do we still need witnesses? You've now heard the blasphemy. Hong moperesiti yo Mogolo a ikgagola diaparo a goa a re, “O a tlhapatsa! Re sa ntse re tlhokelang basupi ba bangwe? Lo mo utlwile lotlhe a buajalo! Katlholo ya lona ke efe?” Ba gowa ba re, “A a bolawe! A a bolawe! A a bolawe!”
66 What is your judgment?" They answered, "He deserves death." Not in this edition
67 Then they spit in his face and struck him; and some slapped him, Hong ba mo kgwela mathe mo sefatlhogong, ba mo itaya mme ba bangwe ba mo phanya.
68 saying, "Prophesy to us, Christ! Who hit you?" Ba re, “Re porofesetse, wena Mesia ke mang yo o nang a go itaya ka nako ele?”
69 Peter sat outside in the courtyard. A servant girl approached, saying, "You too were with Jesus the Galilean." Mme e rile ka lobaka loo, fa Petere a ntse mo kgotleng, mosetsana a tla kwa go ene a mo raya a re, “O ne o na le Jesu, gonne lotlhe lo tswa Galalea.”
70 But he denied it before them all, saying, "I don't know what you're talking about." Mme Petere a itatolela kwa godimo a gaketse a re, “Ga ke itse se o buang ka sone.”
71 As he went out to the gate, another servant girl saw him and told those there, "This man was with Jesus of Nazareth." Mme ya re a sena go tswa ka kgoro, mosetsana yo mongwe a mo lemoga, mme a raya ba ba neng ba eme foo a re, “Monna yo o ne a na le Jesu wa Nasaretha.”
72 And again he denied it with an oath, "I do not know the man." Gape Petere a itatola, ka ikano a re “Ga ke itse monna yo.”
73 Shortly after, the bystanders came to Peter: "Surely you're one of them too, since your accent gives you away." Mme morago ga lobakanyana banna ba ba neng ba eme foo ba tla kwa go ene ba re, “Re itse gore o mongwe wa barutwa ba gagwe, gonne re utlwile loleme lwa gago lwa Segalalea.”
74 Then he began to curse himself and swear, "I don't know the man." At once a rooster crowed. Petere a simolola go rogakana le go ikana a re, “Ga ke itse monna yo.” Mme ka bofefo mokoko wa lela.
75 Peter remembered Jesus' words: "Before the rooster crows, you will deny me three times." He went out and wept bitterly. Hong Petere a gakologelwa se Jesu a se mo reileng fa a re, “Pele ga mokoko o lela o tlaa bo o intatotse gararo.” Mme a tswela kwa ntle a lela mo go botlhoko.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]