Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 25 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 "Then the kingdom of our Father will be like ten virgins who took their lamps and went out to meet the bridegroom. “Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwants-hiwa ka polelo ya makgarebana a a some a a neng a tsaya dipone tsa one a ya go kgatlhantsha monyadi.
2 Five of them were foolish, and five were wise. Mme ba le batlhano fela ba bone ba ne ba nna botlhale go tlatsa dipone tsa bone lookwane, fa ba bangwe ba batlhano ba ne ba dira boeleele ba lebala go dira jalo.
3 The foolish ones took their lamps but did not take any oil with them. Not in this edition
4 But the wise ones took oil in flasks along with their lamps. Not in this edition
5 When the bridegroom was delayed, they all became drowsy and fell asleep. “Mme ya re monyadi a diega, ba nna fa fatshe go itapolosa go fitlhelela bosigogare fa ba thantshiwa ke mokgosi o o reng, ‘Monyadi o e tla! Tswelang kwa ntle lo mo amogeleng.’
6 But at midnight a cry rang out: 'Look, the bridegroom! Come out to meet him!' Not in this edition
7 Then all the young women woke up and trimmed their lamps. “Basetsana botlhe ba phaphama ba baakanya dipone tsa bone. Mme, ba batlhano ba ba neng ba sena lookwane ba kopa ba bangwe go ba thelela lookwane gonne dipone tsa bone di ne di tima.
8 The foolish said to the wise, 'Give us some of your oil, because our lamps are going out.' Not in this edition
9 But the wise answered, 'No, there may not be enough for us and you. Go instead to those who sell, and buy for yourselves.' “Mme ba bangwe ba fetola ba re, ‘ga re na lookwane lo lo lekanyeng. Tsamayang lo ye kwa mabentleleng lo ye go ithekela.’
10 While they went to buy it, the bridegroom came. The ready ones went in with him to the wedding feast, and the door closed. “Mme ya re ba sa ntse ba tsamaile monyadi a goroga mme ba ba neng ba ipaakantse ba tsena nae mo modirong wa lenyalo, mme kgoro ya tswalwa.
11 Later the other young women came too, saying, 'Lord, lord, open the door for us!' Morago fa ba bangwe ba batlhano ba boa, ba nna kwa ntle ba bitsa ba re, ‘Morena Morena, re bulele!’
12 But he answered, 'Truly I tell you, I do not know you.' “Mme a fetola a re ‘Tsamayang! nako e setse e fetile!’
13 Therefore keep watch, because you do not know the day or the hour. “Jalo nnang lo itisitse lo ipaakantse, gonne ga lo itse letsatsi kgotsa lobaka lwa go boa ga me.”
14 "For it will be like a man going abroad, calling his servants and entrusting them with his property. “Gape, Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwantshiwa ka polelo ya monna yo o kileng a ya kwa lefatshing lengwe, yo o neng a bitsa batlhanka ba gagwe mme a ba neela madi go a mo atisetsa a sa ntse a seyo.
15 He gave one five bags of silver, another two, another one—each by his own ability—then set out on his journey. A neela wa ntlha madi a selekanyo sa ditalenta di le tlhano, yo mongwe a mo neela ditalenta di le pedi, mme wa bofelo a mo neela talenta e le nngwe fela, a a kgaoganya ka fa nonofong ya bone, mme hong a simolola loeto lwa gagwe.
16 The one given five bags of silver went at once, put them to work, and gained five more. “Monna yo o amogetseng ditalenta di le tlhano a simolola go reka a rekisa mme a dira lesome.
17 In the same way, the one with two bags of silver gained two more. Monna yo o tshotseng ditalenta tse pedi a tlhamalalela kwa tirong, le ene a dira ditalenta tse pedi tse dingwe.
18 But the one who received one bag of silver went off, dug in the ground, and hid his master's money. “Mme monna yo o amogetseng talenta e le nngwe a e epela mosima a e fitlha mo teng gore e bolokesege.
19 "After a long time the master of those servants returned and settled accounts with them. Morago ga nako e telele monnga-bone a boa mo loetong lwa gagwe, mme a ba biletsa kwa go ene go arabela madi a gagwe.
20 The man who received five bags of silver came, adding five more: 'Master, you entrusted me with five bags of silver; see, I've gained five more.' Monna yo o neng a mo neetse ditalenta di le tlhano a mo neela ditalenta di le some.
21 "His master said, 'Well done, good and faithful servant! You were faithful over a little; I'll put you over much. Enter your master's joy!' Monngagwe a mo akgolela tiro e ntle eo. A mo raya a re o ikanyegile mo go bolokeng bonnyennyane jo, jalo he ke tlaa go naya thata mo dilong di le dintsi. Tla o tlhakanele le nna boitumelo jwa me.”
22 "The one with two bags of silver also came and said, 'Master, you gave me two bags of silver; look, I've earned two more.' “Lwa bobedi ga tla monna yo a neng a amogetse ditalenta di le pedi ka polelo e e reng, ‘Morena, o nneetse ditalenta di le pedi go di dirisa, mme ke menagantse gabedi.’
23 "His master told him, 'Well done, good and faithful servant! You were faithful with a little; I'll put you over much. Enter your master's joy!' “Monngagwe a mo raya a re, ‘O dirile tiro e ntle, O motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang. O ntse o ikanyega mo go bolokeng bonnyennyane jo, mme jaanong ke go neela go le gontsi.’
24 "Then the one who had received one bag of silver came and said, 'Master, I knew you were a hard man, reaping where you didn't sow, gathering where you didn't scatter seed.' Hong monna yo o tshotseng talenta e le nngwe a tla mme a re, ‘Morena ke go itse o le motho yo o pelo e thata, mme ke ne ka tshaba gore o tlaa ntseela se ke se boneng ka go atisa madi, jalo ka fitlha madi a gago mo mmung, mme ke a!’
25 Afraid, I went and hid your silver in the ground. Here is what is yours. Not in this edition
26 "His master replied, 'You wicked, lazy servant! You knew I harvest where I didn't sow and gather where I didn't scatter seed? Mme monngagwe a fetola a re, ‘Motlhanka yo o bosula! Lekgoba le le setshwakga! Ka o no o itse ke tlaa batla ga mofufutso wa phatla ya gago,
27 "You should have deposited my money with the bankers, so on my return I'd get it back with interest. O ka bo bogolo o ne wa baya madi a me mo polokelong gore ke tle ke bone morokotso wa one
28 So take his bag of silver and give it to the one with ten bags of silver. Tsayang madi a mo monneng yo lo a neele monna yo o nang le ditalenta di le some.
29 For everyone who has will be given more, and he'll overflow; but the one who has nothing will lose even what he has. Gonne motho yo o dirisang se a se neetsweng sentle o tlaa neelwa go le go tona, mme o tlaa nna le letlotlo, mme motho yo o sa ikanyegeng, le e leng tshwanelo e potlana e a nang nayo e tlaa tsewa mo go ene.
30 Throw out that worthless servant into the outer darkness, where there will be weeping and grinding of teeth.' Mme fa e le motlhanka yo o senang molemo yo o tlaa latlhelwa kwa ntle mo lefifing kwa go tlaa nnang selelo le khuranyo ya meno.’
31 "When the Son of Man comes in his glory, with all his angels, he will sit on his glorious throne. “Mme fa nna Morwa Motho ke tla mo kgalalelong ya me, le baengele botlhe ba na le nna, ke tlaa nna mo setulong sa me sa kgalalelo.
32 All the nations will be gathered before him, and he will separate them from each other as a shepherd separates sheep from goats. Mme dichaba tsotlhe di tlaa phuthelwa fa pele ga me. Mme ke tlaa kgaoganya batho jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipudi;
33 He will put the sheep on his right and the goats on his left. Ke baya dinku ka fa lebogong le legolo, dipudi ka fa go la molema.
34 Then the King will say to those on his right, 'Come, you blessed by my Father; inherit the kingdom prepared for you since the foundation of the world. “Hong nna Kgosi ke tlaa raya ba ba ka fa lebogong la me le legolo ke re, ‘Tlang, basegofadiwa ba ga Rre mo Bogosing jo lo bo baakanyeditsweng go tsweng kwa tlholegong ya lefatshe.
35 "For I was hungry and you fed me; thirsty, and you gave me a drink; a stranger, and you took me in, Gonne ke ne ka bolawa ke tlala mme lwa mpha dijo; ke ne ka nyorwa mme lwa nnosa; ke ne ka nna moeng mme lwa ntaletsa mo malwapeng a lona;
36 I was naked and you dressed me, sick and you cared for me, in prison and you visited me.'" “Ke ne ke sa apara mme lwa nkapesa; ke ne ke lwala ka ba ka nna mo kgolegelong, mme lwa tla go ntlhola.’
37 "Then the righteous will answer him, 'Lord, when did we see you hungry and feed you, or thirsty and give you drink? “Hong basiami ba tlaa fetola ba re, ‘Morena re kile ra go bona leng o bolailwe ke tlala mme ra go fa dijo? Kgotsa o nyorilwe mme ra go nosa?
38 "When did we see you a stranger and shelter you, or naked and dress you? Kgotsa o le moeng mme ra go thusa? Kgotsa o sa apara mme ra go apesa?
39 When did we see you sick or in prison and come to you?'" Re kile ra go bona leng o lwala kgotsa o le mo kgolegelong mme ra go etela?’
40 "And the King will reply, 'Truly I tell you, whatever you did for one of the least of these siblings of mine, you did for me.' “Mme nna Kgosi, ke tlaa lo raya ke re, ‘E rile fa lo go direla’ bakaulengwe ba, lwa bo lo go ntirela!
41 Then he'll tell those on his left, 'Away from me, you cursed ones, into the eternal fire prepared for the devil and his angels. Hong ke tlaa gadimela ka fa go ba ba fa molemeng wa me ke re, ‘Tlong, lona ba lo hutsegileng, lo yeng kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le mewa e e maswe.
42 For I was hungry and you gave me nothing to eat, thirsty and you gave me nothing to drink, Gonne ke ne ka bolawa ke tlala mme lwa seka lwa mpha dijo; ka nyorwa mme lwa seka lwa nneela le fa e le sepe go se nwa.
43 I was a stranger, and you didn't take me in; naked, and you didn't dress me; sick and in prison, and you didn't visit me.'" Ka nna moeng mme lwa seka lwa ntshola; ke ne ke sa apara mme ga lo a ka lwa nkapesa; ka lwala, ka ba ka nna mo kgolegelong ga lo a ka lwa tla go ntlhola.’
44 "Then they too will answer, 'Lord, when did we see you hungry, thirsty, a stranger, naked, sick, or in prison, and not serve you?' “Hong ba tlaa fetola ba re ‘Morena, re kile ra go bona leng o bolailwe ke tlala kgotsa o tshwerwe ke lenyora kgotsa o le moeng kgotsa o sa apara kgotsa o lwala kgotsa o le mo kgolegelong mme ra se ka ra go thusa?’
45 "He will answer, 'Truly I tell you: whatever you didn't do for one of the least of these, you didn't do for me.' “Mme ke tlaa araba ke re, ‘E rile fa lo gana go direla bakaulengwe ba ba botlana ba, lo no lo gana go direla nna.’
46 Then they will go away to eternal punishment, but the righteous to eternal life." “Mme ba tlaa ya kwa kwatlhaong e e sa khutleng; mme basiami ba tla a ya mo botshelong jo bo sa khutleng.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]