Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 24 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Jesus was leaving the temple when his disciples came to show him its buildings. Mme ya re fela fa Jesu a tswa mo patlelong ya Tempele, barutwa ba gagwe ba mo sala morago ba tla go mo tsamaisa ba mo kaetsa dikago tse di farologanyeng tsa Tempele.
2 "Do you see all these?" he answered. "Truly I tell you: not one stone here will be left on another; all will be torn down." Mme a ba raya a re, “Dikago tse tsotlhe di tlaa digelwa fa fatshe, lentswe lepe le sa tlogelwe le tlhatlaganye le le lengwe!”
3 While Jesus was sitting on the Mount of Olives, his disciples came to him privately: "Tell us, when will these things happen, and what sign marks your coming and the end of the age?" Mme ya re morago fa barutwa ba gagwe ba ntse fa fatshe mo thoteng ya Thaba ya Lotlhware, ba mmotsa ba re, “mo go diragala leng? Ditshupo tse di tlaa supang go boa ga gago le bokhutlo jwa lefatshe ke dife?”
4 Jesus answered, "Watch out that no one deceives you. Jesu a fetola a re, “Se letleng ope go lo timetsa.
5 "For many will come in my name, claiming, 'I am the Christ,' and they will deceive many. Gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ipitsa gore ke bone BoMesia, mme ba timetsa ba le bantsi.
6 You'll hear of wars and rumors of wars—don't be alarmed. This must happen, but the end isn't yet. Fa lo utlwa ka go simologa ga dintwa, mo go tlaa bo go sa supe go boa ga me; mo go tshwanetse go diragala, mme bokhutlo bo tlaa bo bo ise bo tle.
7 Nation will rise against nation, and kingdom against kingdom, with famines and earthquakes in place after place. Dichaba le Mebuso ya lefatshe di tlaa tsogologelana, go tlaa nna mauba le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a le mantsi.
8 All these are the beginning of birth pains. Mme gotlhe mo e tlaa bo e le tshimologo ya ditlalelo tse di tlang fela.”
9 Then they will hand you over to suffering and kill you, hated by all nations because of my name. “Hong lo tlaa tlhokofadiwa, lo bolawe, lo bo lo ilwe ke lefatshe lotlhe ka ntlha ya gore lo ba me.
10 At that time many will fall away and will betray and hate one another, Mme ba le bantsi ba lona ba tlaa boela mo sebeng, ba okane ba bo ba ilane.”
11 and many false prophets will appear and deceive many people. Mme go tlaa nna le baporofiti ba le bantsi ba eseng bone mme ba tlaa timetsa bontsi.
12 Because lawlessness will increase, the love of most will grow cold, Sebe se tla ntsifala thata gongwe le gongwe, se tsidifatse lorato lwa ba le bantsi.
13 but the one who endures to the end will be saved. Mme ba ba itshokang go ya bokhutlong ba tlaa bolokwa.
14 This good news of the kingdom will be announced worldwide as a testimony to all nations, and then the end will come. “Mme mafoko a a molemo a Bogosi a tlaa rerwa mo lefatshing lotlhe gore dichaba tsotlhe di utlwe, mme hong lwa bofelo bokhutlo bo tlaa tla.
15 So when you see the desolating abomination Daniel the prophet spoke of standing in the holy place—let the reader understand, Jalo, fa lo bona selo se se makgapha, (se se boletsweng ke Moporofeti Daniele, a mmadi a tlhaloganye se se buiwang!)
16 then let those who are in Judea flee to the mountains. hong ba ba mo Judea ba patelesega go tshabela kwa dithabeng tsa Judea.
17 "Let no one on the rooftop go down to take anything out of the house, “Ba ba mo maribelong a matlo a bone ba seka ba tsena mo teng go phutha dilwana pele ga ba tshaba.
18 and let no one in the field go back to get a coat. Ba ba kwa masimo ba seka ba boela kwa magaeng a bone go tsaya diaparo.
19 How dreadful it will be in those days for pregnant women and nursing mothers! “Mme a bo go tlaa bo go latlhega basadi ba baimana le ba ba nang le masea mo malatsing ao.
20 Pray that your flight will not take place in winter or on the Sabbath. Mme lo rapele gore go sia ga lona go seka ga nna mariga, kgotsa go le Sabata
21 For then there will be great suffering, unmatched from the world's beginning until now, and never to be matched again. Gonne go tlaa nna pogisego e lefatshe le iseng le ke le e bone pele mo tshimologong ya lone go fitlha nako eno, mme ga e kitla e tlhola e bonwa gape.”
22 If those days had not been cut short, no one would survive; but for the elect's sake, those days will be cut short. “Mme tota fa malatsi ao a sa khutshwafadiwe, batho botlhe ba tlaa nyelela, mme a tlaa khutshwafadiwa ka ntlha ya batho ba Modimo o ba itshenketseng.”
23 Then if anyone tells you, 'Look, here's the Christ,' or 'There he is,' don't believe it. “Hong fa mongwe a lo raya a re ‘Mesia o gorogile kwa lefelong lengwe, kgotsa o bonetse fano kgotsa fale, kgotsa mo motseng o kgotsa ole,’ se dumeleng.
24 False messiahs and false prophets will arise, performing great signs and wonders to deceive, if possible, even the elect. Gonne go tlaa nna teng Bo-Kereste ba le bantsi ba eseng bone, le baporofiti ba eseng bone, ba tlaa dira dikgakgamatso, gore e re fa go no go ka kgonega, le e leng ba ba itlhophetsweng ke Modimo tota ba tsiediwe.
25 See, I have told you ahead of time. Bonang, ke lo tlhagisitse.
26 So if they say, 'Look, he's in the wilderness,' don't go out; 'Look, in the inner rooms,' don't believe it. “Mme ke gone fa mongwe a lo raya a re Mesia o boile mme o ile kwa sekakeng, lo se ka lwa eletsa go tsamaya lo ya go bona, kgotsa, gore o iphitlhile golo gongwe, se dumeleng!
27 For just as lightning flashes from the east and shows as far as the west, so will the Son of Man's coming be. Gonne jaaka logadima lo tle lo gadime go kgabaganya loapi go tsweng botlhabatsatsi go ya bophirima, go tla ga me go tlaa nna jalo, fa nna Morwa Motho ke boa.
28 Wherever there is a carcass, there the vultures will gather. Mme gongwe le gongwe kwa go nang le setoto, manong a phuthegela gone.
29 Right after the suffering of those days, the sun will go dark, the moon will give no light, stars will fall from the sky, and the powers of the heavens will shake. “E tlaa re ka bofefo morago ga pogiso ya malatsi letsatsi le tlaa fifadiwa, le ngwedi o tlaa ntshofala, le dinaled di bonala o ka re di wa mo magodimong, le dinonofo tse di khuromeditseng lefatshe di tlaa reketlisiwa.
30 Then the sign of the Son of Man will appear in heaven, and all earth's peoples will mourn, seeing the Son of Man come on heaven's clouds with power and great glory. “Mme kwa bofelong sesupo sa go tla ga me se tlaa bonala mo magodimong, mme go tlaa nna khutsafalo e kgolo mo tikologong ya lefatshe lotlhe, mme dichaba tsa lefatshe di tlaa mpona ke goroga ka maru a legodimo, ka nonofo le kgalalelo e kgolo.
31 He will send out his angels with a loud trumpet blast, and they will gather his chosen from the four winds, from one end of the sky to the other. Mme ke tlaa roma baengele ba me ka tumo ya torompeta e kgolo, mme ba tlaa phutha baitshenkedwi ba me go tsweng dikhutlong tsa lefatshe le legodimo.
32 Learn this from the fig tree: as soon as its branch softens and leafs out, you know summer is near. “Jaanong ithuteng thuto ka setlhare sa mofeige. Fa kala ya sone e le nana matlhare a simolola go kukunya, lo itse gore selemo se setse se gorogile.
33 So also, when you see all these things, know it is near, at the door. Fela jalo, fa lo bona dilo tse tsotlhe di simolola go diragala, lo ka itse gore go boa ga me go gaufi, go fela fa mojakong.
34 Truly I tell you, this generation will certainly not pass away until all these things have happened. Hong kwa bofelong lobaka lo lo tlaa tla mo bokhutlong jwa lone.
35 Heaven and earth will pass away, but my words will never pass away. “Legodimo le lefatshe di tlaa nyelela, mme mafoko a me a tla nna ka bosenabokhutlo.”
36 "No one knows that day or hour—not the angels in heaven, not the Son—only the Father. “Mme ga go ope yo o itseng letsatsi le fa e le nako e bokhutlo bo tlaa tlang ka yone, le fa e le baengele. Nnyaa, le fa e le Morwa Modimo tota. Ke Rara fela a le esi yo o itseng.
37 As in Noah's days, so will be the Son of Man's coming. “Lefatshe le tlaa bo le iketlile, le le mo tlhapeding ya meletlo batho ba a ja ba a nwa, ba nyala ba nyadisa, jaaka go ne go ntse ka nako ya ga Noa pele ga go tla ga tshoganetso ga morwalela.
38 For in the days before the flood, people ate and drank, married and gave in marriage, until the day Noah entered the ark; Not in this edition
39 and they knew nothing until the flood came and swept them all away. That is how the coming of the Son of Man will be. Batho ba ne ba sa dumele se se neng se ya go diragala go fitlhelela morwalela o tla o ba phaila botlhe. Jalo go tla ga me go tlaa nna fela jalo.
40 Two men will be in the field; one will be taken and the other left. “Banna ba le babedi ba tlaa bo ba dira mo masimong, mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwa.
41 Two women will be grinding with a hand mill; one will be taken and the other left. Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba dira tiro ya bone ya lolwapa, mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe.
42 Therefore keep watch, because you do not know on what day your Lord will come. Ke gone ipaakanyeng, gonne ga lo itse letsatsi le Morena wa lona o tlang ka lone.
43 Understand: had the homeowner known what watch of night the thief was coming, he'd have watched and kept his house from being broken into. Fela jaaka motho a ka kganela matshwenyego a a leriweng ke magodu ka go nna a itlhokometse mo go one.
44 So you too must be ready, because the Son of Man comes at an hour you don't expect. Jalo lo ka kganela matshwenyego ka go nna malatsi otlhe lo ipaakanyeditse go boa ga me mo go se kitlang go anamisiwa.
45 Who then is the faithful and wise servant, whom the master put in charge of his household to give them food at the right time? “A o motlhanka yo o botlhale yo o ikanyegang wa Morena? a ke go neetse tironyana ya go laola ba ntlo ya me, go fepa bongwanake letsatsi le letsatsi?
46 It will be good for that servant whose master finds him doing so when he returns. O sego fa e ka re ke boa ka fitlhela o dira tiro ya gago ka go ikanyega.
47 Truly I tell you, he will put him in charge of all his possessions. Ke tlaa dira ba ba ikanyegang jalo balaodi ba sengwe le sengwe se ke nang naso.
48 But suppose that wicked servant says to himself, 'My master is staying away a long time,' Mme fa o le bosula o bo o ithaya o re, ‘Morena wa me ga a na go tla ka bofefo,’
49 and then begins to beat his fellow servants and to eat and drink with drunkards. o bo o simolola go gatelela batlhanka ka wena, o o ja o nwa o tagwa.
50 That servant's master will come on a day he doesn't expect, at an hour he doesn't know. Morena wa gago o tlaa goroga a sa anamisiwa e bile a sa solofelwa,
51 He will cut him to pieces and place him with the hypocrites, where people weep and grind their teeth." “Mme a ba a go kgwathisa thata a go lelekela katlholong ya baitimokanyi; kwa go tlaa nnang selelo le khuranyo ya meno teng.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]