Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 23 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Then Jesus spoke to the crowds and to his disciples, Mme Jesu a raya bontsintsi le barutwa ba gagwe a re,
2 saying, "The scribes and the Pharisees sit on Moses' seat. “Lo ne lo ka gopola gore baeteledipele ba ba Sejuda le Bafarasai ba, ke BoMoshe, ka tsela e ba e tshegeditseng go dira melao e mentsi!
3 "So do and keep whatever they tell you, but not what they do—they preach, but don't do. Mme go ntse fela jalo lo tshwanetse go reetsa sengwe le sengwe se ba se buang! Go ka ne go siame go dira se ba se buang, mme mo godimo ga tsotlhe fela, se nneng jaaka bone. Gonne ga ba dire se ba lo rayang ba re lo se dire.
4 They tie up heavy, hard-to-carry loads and put them on people's shoulders, but they themselves won't lift a finger to move them. Ba lo imetsa ka dilo tse di sa kgonegeng tse bone ba sa lekeng le fa e le go di tshegetsa.
5 They do everything to be seen by others; they widen their phylacteries and lengthen their tassels, “Sengwe le sengwe se ba se dirang ba se direla go bonwa. Ba dira boitshepo ka go apara diaparo tse di maburabura di kwadilwe ditemana tsa dikwalo tsa Modimo ka fa teng, le ka go lelefatsa makgabe a diaparo tsa bone tsa segopotso.
6 and they love the place of honor at feasts and the best seats in the synagogues, Gape ba rata thata jang go nna kwa pele fa lomating lwa bojelo lwa tlotlo e kgolo mo medirong, le mo ditilong tse di faphegileng tsa phuthego mo tlong ya thuto!
7 and greetings in the marketplaces and being called 'Rabbi' by others. Ba itumelela jang tlotlo e ba e newang mo mebileng, le go bidiwa ‘Rabi’ le ‘Morena’.
8 You must not be called 'Rabbi,' since you have only one teacher, and you're all brothers. Lo se ka lwa ba lwa letla le fa e le mang go lo bitsa jalo. Gonne ke Modimo o o leng Rabi wa lona, mme lotlhe lo mo selekanyong se se tshwanang, jaaka bakaulengwe.
9 And call no one on earth your father, for you have one Father, who is in heaven. Mme lo seka lwa bitsa ope fano mo lefatshing ‘Rara,’ ka gore Modimo fela, kwa legodimong ke one o tshwanetseng go bidiwa jalo.
10 Don't let anyone call you 'instructor,' for you have one instructor, the Christ. Le gone lo seka lwa bidiwa ‘Morena’, ka gore a le nosi fela ke Morena wa lona, ebong Mesia.
11 The greatest among you will be your servant. “Fela ka go direla ba bangwe ka boingotlo ga lona, lo tlaa nna bagolo. Gore o nne yo mogolo thata, nna modiredi wa ba bangwe.
12 Whoever raises himself will be humbled; whoever humbles himself will be raised. Mme ba ba ikgopolang ba le bagolo ba tlaa tlhabisiwa ditlhong ba bo ba ngotlafadiwa; mme ba ba ingotlafatsang ba tlaa godisiwa.
13 Woe to you, scribes and Pharisees, hypocrites! For you shut the kingdom of our Father before people, neither entering yourselves nor letting in those trying to enter. “A bo go latlhega lona Bafarasai le baeteledipele ba tumelo. Baitimokanyi! Gonne ga lo letle ba bangwe gore ba tsene mo Bogosing jwa Legodimo, gonne lona ka bolona ga lo tsene. Mme lo ipaya jaaka ekete lo boitshepo ka dithapelo tsa lona tse di telele tsa go itshupa fa pele ga batho mo mebileng, etswa lo leleka batlholagadi mo matlong a bone. Baitimokanyi ke lona!
15 Woe to you, scribes and Pharisees, hypocrites! For you cross sea and land to make one convert, then make him twice the child of hell you are. Ee, a bo go latlhega baitimokanyi. Gonne lo tsamaya sekgala se se telele gore lo sokolole motho a le mongwe, mme lo bo lo mo fetola gore a nne ngwana wa molete go menaganye go lo gaisa.
16 Woe to you, blind guides! You say, 'Swearing by the temple means nothing, but swearing by the temple's gold makes the oath binding.' A bo go latlhega lona! Bagogi ba lo foufetseng! Molao wa lona wa re go ikana ka ‘Tempele,’ ga go reye gore, lo ka roba ikano eo, mme go ikana ka ‘Gouta e e mo Tempeleng’ go a golega.
17 Blind fools! Which is greater: the gold, or the temple that makes the gold sacred? Dieleele ke lona tsa difofu! Go go golo eng, gouta kgotsa Tempele e e itshepisang gouta?!
18 And you say, 'Swearing by the altar is nothing, but swearing by its gift is binding.' Gape lwa re go ikana ‘Ka Sebeso’ go ka dirololwa, mme go ikana ‘Ka dimpho mo sebesong,’ go a golega.
19 You blind men! For which is greater, the gift or the altar that makes the gift sacred? Difofu ke lona! Go go golo eng, mpho mo sebesong, kgotsa sebeso ka bosone se se itshepisang?
20 So whoever swears by the altar swears by it and by everything on it. Fa o ikana ‘Ka sebeso,’ o ikana ka sone le sengwe le sengwe se se mo go sone,
21 And whoever swears by the temple swears by it and by him who lives in it. gape fa o ikana ‘Ka Tempele’ o ikana ka yone, le ka Modimo o o nnang mo go yone.
22 And whoever swears by heaven swears by our Father's throne and by him who sits on it. Gape fa o ikana ‘Ka magodimo’ o ikana ka Setilo sa Modimo le Modimo ka sebele.
23 Woe to you, scribes and Pharisees, hypocrites! You bring the tenth of mint, dill, and cumin, yet neglect the law's weightier matters—justice, mercy, faithfulness. These you should have done, without neglecting the others. “Ee, a bo go latlhega lona Bafarasai, le lona bangwe ba baeteledipele ba tumelo, baitimokanyi ke lona! Gonne lo ntsha ditsabolesome mo lo e tleng lo bo lo ntshe letlhare la bofelo la menta mo tshimong ya lona, mme lo tlhokomologe dilo tsa botlhokwa ebong, tshiamo le kutlhwelobotlhoko le tumelo. Ee, lo tshwanetse go ntsha ditsabolesome, mme lo seka lwa tlogela dilo tsa botlhokwa di sa dirwa.
24 You blind guides, straining out a gnat and swallowing a camel! “Bagogi ba lo foufetseng! Lo ntshetsa montsana kwa ntle mme lo metsa kammela.
25 Woe to you, scribes and Pharisees, hypocrites! You clean the cup and dish outside, but inside they're full of greed and excess. “A bo go latlhega Bafarasai le lona baeteledipele ba tumelo, baitimokanyi! Lo kelotlhoko mo go ntlafatseng bokafantle jwa senwelo, mme bokafateng jwa sone bo le leswe la patiko le bohula!
26 Blind Pharisee! First clean the inside of cup and dish, so the outside is clean too. Bafarasai ke lona ba difofu! Pele tlhatswang bo ka-fa-teng jwa senwelo, hong ke gone senwelo sotlhe se nnang phepa.
27 Woe to you, scribes and Pharisees, hypocrites! You are like whitewashed tombs, appearing beautiful outside but full of dead people's bones and all impurity inside. “A bo go latlhega lona Bafarasai le baeteledipele ba tumelo! Lo tshwana le mabitla a mantle a a tletseng marapo a baswi le boitshekologo le makgapha.
28 So you also outwardly appear righteous to others, but inside you are full of hypocrisy and lawlessness. Lo leka go nna jaaka ba ba itshepileng mme ka fa teng ga diaparo tseo tsa lona tsa kobamelo Modimo, go dipelo tse di marilweng ka mofuta mongwe le mongwe wa boitimokanyi le dibe.
29 Woe to you, scribes and Pharisees, hypocrites! For you build tombs of the prophets and decorate the monuments of the righteous, “Ee, a bo go latlhega lona baeteledipele ba tumelo le baitimokanyi! Gonne lo agela baporofiti ba ba bolailweng ke borraeno dihikantswe, lo bo lo baya dithunya mo mabitleng a batho ba ba boifang Modimo ba ba bolailweng, mme lo re ‘Ruri re ka bo re sa dira jaaka bo rraetsho ba dirile.’
30 saying, 'Had we lived in our fathers' days, we would not have joined them in killing the prophets.' Not in this edition
31 So you testify against yourselves that you are the sons of those who murdered the prophets. “Ka go bua jalo, lo ipaya molato wa go nna bomorwa batho ba ba maswe.
32 Fill up, then, the measure of your fathers. Mme lo tsamaya mo dikgatong tsa bone lo tlatsa dikgato tse di tletseng bosula jwa bone.
33 You serpents, you brood of vipers, how are you to escape being sentenced to hell? Dinoga ke lona! Bomorwa shaushawane! Lo tlaa falola jang katlholo ya molete?
34 So I am sending you prophets, wise men, and scribes—some you will kill and crucify, some you will flog in your synagogues and persecute from town to town, Ke tlaa lo romelela baporofiti, le banna ba ba botlhale, le batho ba ba tletseng mowa, le bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ka mowa o o galalelang, mme lo tlaa bolaya bangwe ka go ba bapola lo tlaa ba fatola mekwatla ka go ba kgwathisa mo matlong a thuto a lona, lo bo lo ba leleka mo motsing mongwe le mongwe.
35 so that all righteous blood shed on earth may come upon you—from righteous Abel's blood to Zechariah son of Berekiah's, whom you murdered between the sanctuary and the altar. Gore lo tle lo nne molato wa go tsholola madi a batho ba ba boifang Modimo ba ba bolailweng go simologa ka mosiami Abele go fitlhelela ka Sakaria (morwa Barakia), yo o bolailweng ke lona mo Tempeleng fa gare ga sebeso le felo ga boitshepo Ee, Katlholo yotlhe e e kgobokantsweng mo makgolong a dingwaga e tlaa wela mo ditlhogong tsa losika.
36 Truly, I say to you, all these things will come upon this generation. Jerusalema wee Jerusalema wee! Motse o o bolayang baporofiti, e bile o kgobotletsa ka maje ba Modimo o ba romang kwa go wena! Ga ke bolo go rata jang go phutha bana ba gago jaaka koko e phuthela bana ba yone ka fa tlase ga diphuka tsa yone, mme o ganne.
37 Jerusalem, Jerusalem—killing the prophets, stoning those sent to you! How often I wanted to gather your children, as a hen gathers her chicks under her wings, but you refused. Mme jaanong ntlo ya gago o e tlogeletswe e sena le fa e le sepe.
38 Look, your house is left to you desolate. Gonne ke go boleletse se gore, ga o kitla o tlhola o mpona go fitlhelela o ipaakanyetsa go amogela yo o romilweng kwa go wena a tswa kwa Modimong.”
39 I tell you, you won't see me again till you say, 'Blessed is the one coming in our Father's name.'" “Gonne ke go boleletse se gore ga o kitla o tlhola o mpona go fitlhelela o ipaakanyetsa go amogela yo o romilweng kwa go wena a tsa Modimong.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]