Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 22 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Jesus spoke to them again in parables, saying: Jesu a bolela dipolelo tse dingwe tse dintsi go supa gore Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le eng. Sekai, bo ka tshwantshiwa ka polelo ya Kgosi e e kileng ya baakanyetsa morwaa yone mokete o mogolo wa lenyalo.
2 "The kingdom of our Father is like a king who prepared a wedding feast for his son. Not in this edition
3 He sent his servants to summon the invited guests to the wedding feast, but they refused to come. Baeng ba le bantsi ba lalediwa, mme e rile fa dijo di setse di siame a roma batho go itsise mongwe le mongwe gore ke nako ya gore ba tle. Mme batho ba ba laleditsweng ba gana!
4 Again he sent other servants, saying, 'Tell those invited: Look, I have prepared my dinner; my oxen and fattened cattle are killed, everything ready. Come to the wedding feast.' Jalo a roma batlhanka ba bangwe go ba bolelela gore, “Sengwe le sengwe se siame le dinama tse di besiwang di setse di le mo isong. Itlhaganeleng!”
5 But they paid no attention and went off, one to his farm, another to his business, Mme baeng ba a neng a ba laleditse ba tshega fela ba tswelela pele le ditiro tsa bone, mongwe kwa morakeng wa gagwe yo mongwe kwa madirelong a gagwe;
6 while the rest seized his servants, mistreated them, and killed them. ba bangwe ba itaya batlhanka ba gagwe ba ba tshwara setlhogo mo go tlhabisang ditlhong, ba bo ba bolaya bangwe ba bone.
7 The king was enraged, and he sent his troops, destroyed those murderers, and burned their city. Hong Kgosi e e galefileng ya bolotsa ntwa ya yone ya bolaya babolai ya tshuba motse wa bone.
8 Then he told his servants, 'The wedding is ready, but those invited weren't worthy. Mme ya raya batlhanka ba yone ya re, “Modiro wa lenyalo o siame, mme baeng ba ke ba laleditseng ga ba a tshwanelwa ke tlotlo.
9 Go therefore to the main roads and invite to the wedding feast as many as you find.' Jaanong tsamayang mo mebileng ya motse lo laletse mongwe le mongwe yo lo mmonang.”
10 Those servants went out into the roads and gathered everyone they found, bad and good, and the wedding hall filled with guests. Mme batlhanka ba dira fela jalo, ba lere batho botlhe, basiami le baleofi ka go tshwana; mme ntlo ya tlala balalediwa.
11 "But when the king came in to see the guests, he saw a man not dressed in wedding clothes. Mme e rile fa Kgosi e tla go rakana le balalediwa, ya bona monna yo a neng a sa apara seaparo sa lenyalo (se a neng a se neetswe).
12 He asked, 'Friend, how did you get in here without wedding clothes?' He was speechless. Kgosi ya botsa ya re, “Tsala, go diragetse jang gore o bo o le fano o sena seaparo sa lenyalo?” Mme monna a tlhoka karabo.
13 Then the king told the servants, 'Tie his hands and feet, and throw him into the outer darkness, where there will be weeping and grinding of teeth.' Hong Kgosi ya raya bathusi ba yone ya re, “Mo golegeng mabogo le maoto lo mo latlhele kwa ntle mo lefifing kwa go nang le selelo le khuranyo ya meno gone.”
14 For many are called, but few are chosen." Gonne ba le bantsi ba biditswe, mme ba se kae ba itshenketswe!
15 Then the Pharisees went and plotted how to trap him with his own words. Bafarasai ba kopana go leka go akanya tsela e ba ka mo tshwarang mo puong ka yone.
16 They sent their disciples to him, with the Herodians, saying, "Teacher, we know you are truthful and truly teach God's way; you defer to no one, since you don't judge people by rank. Ba ikaelela go roma bangwe ba banna ba bone le Baheroda go mmotsa potso e: “Rra, re itse gore o ikanyega thata le gore o ruta boammaaruri kwa ntleng ga go tlhokomela tse di ka go diragalelang, e bile o sa boife bomang-mang jwa ga ope.
17 Tell us, then, what you think: Is it lawful to pay taxes to Caesar, or not?" Jaanong re bolelele, a go siame go ntshetsa mmuso wa Roma lekgetho kgotsa nnyaa?”
18 But Jesus, knowing their malice, said, "Why are you testing me, you hypocrites? Mme Jesu a bona se ba neng ba se ikaeletse. A re, “Baitimokanyi ke lona! Lo leka go tsietsa mang ka dipotso tsa lona tsa bolotsana?
19 Show me the coin used for the tax." And they brought him a denarius. Ntshupegetsang ledi,” Mme ba le mo naya.
20 And he said to them, "Whose image is this, and whose inscription?" A ba botsa a re, “Le tshwantshitswe mang? Gape leina le le ka fa tlase ga setshwantsho se ke la ga mang”?
21 They said, "Caesar's." Then he said to them, "So pay Caesar what belongs to Caesar, and our Father what belongs to our Father." Ba mo fetola ba re, “la ga Kaisara.” Mme a ba raya a re, “Go siame le neyeng Kaisara fa e le la gagwe, mme lo neele Modimo sengwe le sengwe se e leng sa one.”
22 When they heard it, they were amazed; and they left him and went away. Mme phetolo ya gagwe e ne ya ba gakgamatsa ya ba ya ba palela ba mo tlogela ba tsamaya.
23 That same day Sadducees came to him, who say there is no resurrection, and they asked him, Mme ka letsatsi leo bangwe ba Basadukai, ba ba reng ga go na tsogo ya baswi morago ga loso, ba tla kwa go ene mme ba mmotsa ba re
24 saying, "Teacher, Moses said: if a man dies childless, his brother must marry the widow and raise offspring for his brother. “Morena, Moshe o rile fa motho a a swa a sena bana, monnawe a nyale motlholagadi yoo, mme bana ba bone ba tlaa ja boswa.
25 Now there were seven brothers among us. The first married, died, and, childless, left his wife to his brother. Go kile ga bo go na le monna mongwe mo motseng wa rona a na le bana ba basimane ba supa. Mme wa ntlha a nyala mme a swa a sena bana, jalo motlholagadi wa gagwe a nna mosadi wa ga monnawe yo o mo tlhomaganelang.
26 So too the second and the third, down to the seventh. Mme le ene monnawe yo, a swa a sena bana, mme mosadi a nyalwa ke monnawe yo mongwe. Ga direga fela jalo go fitlhelela a nna mosadi wa mongwe le mongwe wa bone ka bosupa!
27 Last of all, the woman died. Mme mosadi le ene a swa.
28 In the resurrection, then, whose wife of the seven will she be? For they all had her." Jalo o tlaa nna mosadi wa ga mang mo tsogong ya baswi? Gonne e ne e le mosadi wa bone ka bosupa.”
29 Jesus answered, "You're mistaken—you know neither the Scriptures nor our Father's power. Mme Jesu a re, “Phoso ya lona e dirwa ke bosenakitso jwa lona jwa go tlhoka go itse dikwalo le nonofo ya Modimo.
30 For in the resurrection people neither marry nor are married off, but are like angels in heaven. Gonne mo tsogong ya baswi ga go na lenyalo; mongwe le mongwe o tshwana le baengele mo legodimong.
31 Now, about the resurrection of the dead, haven't you read what our Father told you: Mme jaanong, fa e le gore go na le tsogo ya baswi, a ga lo ke lo bala dikwalo? A ga lo lemoge gore Modimo o ne o bua le lona fa o re,
32 'I'm the God of Abraham, of Isaac, and of Jacob'? He's not God of the dead, but of the living." ‘Ke Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe!’ Jalo Modimo ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi.”
33 And when the crowds heard it, they were astonished at his teaching. Bontsintsi jwa batho jwa itumedisiwa thata ke dikarabo tsa gagwe.
34 But when the Pharisees heard that he had silenced the Sadducees, they gathered together. Mme e seng Bafarasai! E rile ba utlwa gore o didimaditse Basadukai ka phetolo ya gagwe, ba akanya sesha potso e bone ba ka e mmotsang. Mongwe wa bone yo e neng e le mmueledi (Agente), a bua a re:
35 And one of them, an expert in the Law, asked him a question to test him: Not in this edition
36 "Teacher, which is the great commandment in the Law?" “Morena, taolo ya botlhokwa mo melaong ya ga Moshe ke efe?”
37 He said to him, "Love your Father with all your heart, with all your soul, and with all your mind. Jesu a fetola a re, “ ‘Rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, ka mowa le tlhaloganyo.’
38 This is the great and first commandment. E ke taolo ya ntlha ebile e le e kgolo. Ya bobedi ya botlhokwa thata e e tshwanang le yone ke e e reng: ‘Rata mongwe ka wena jaaka o ithata.’
39 And a second is like it: You will love your neighbor as yourself. Not in this edition
40 On these two commandments depend all the Law and the Prophets." Ditaolo tse dingwe tsotlhe le se se batlwang ke baporofiti di tswa mo melaong e mebedi e, mme e diragadiwa fa e tshegediwa. Tshegetsa yone e mebedi e fela, mme o tlaa bona gore o tshegeditse e mengwe yotlhe.”
41 Now while the Pharisees were gathered together, Jesus asked them, Mme ya re a farafarilwe ke Bafarasai, a ba botsa potso a re:
42 "What do you think about the Christ? Whose son is he?" They said to him, "David's." “Lo gopolang ka ga Mesia? Ke Morwa mang?” Ba araba ba re “Ke Morwa Dafide.”
43 He asked them, "How then does David, by the Holy Spirit, call him Lord, saying, Mme Jesu a botsa a re, “Mme ke eng fa Dafide, a bua ka tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo, a mmitsa a re ‘Morena’ Ka gore Dafide o rile,
44 'Our Father said to my Lord, "Sit at my right hand, until I put your enemies under your feet"'? ‘Modimo o reile Morena wa me wa re, nna ka fa letsogong la me le legolo go fitlhelela ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago!’
45 If then David calls the Christ Lord, how can the Christ be David's son?" Mme fa Dafide a mmitsa ‘Morena’, e ka nna morwawe jang?”
46 No one could answer him a word, and from that day no one dared ask him anything else. Ba tlhoka karabo. Mme morago ga moo ba tshaba go tlhola ba mmotsa dipotso tse dingwe.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]