Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 21 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 As they neared Jerusalem and reached Bethphage, at the Mount of Olives, Jesus sent two disciples ahead, Mme ya re Jesu le barutwa ba atamela Jerusalema, ba le gaufi le motse wa Bethefage mo Thoteng ya Lotlhware, Jesu a roma bangwe ba barutwa ba gagwe ba le bebedi mo motsaneng o o fa pele.
2 telling them, "Go to the village ahead of you. You'll at once find a donkey tied, with a colt beside her. Untie them and bring them to me. A ba raya a re, “E tlaa re fela fa lo tsena teng lo tlaa bona tonki e golegilwe le tonkana ya yone e le fa thoko ga yone. Lo bo lo di golola lo di lere kwano.
3 If anyone says anything to you, say, 'The Lord needs them,' and the Lord will send them at once." Fa mongwe a lo botsa gore lo dirang, lo re, ‘Morena o a di batla’, mme ga go na go nna matshwenyego ape.”
4 This took place to fulfill what the prophet had said: Se se ne se dirwa go diragatsa seporofeso sa bogologolo se se reng,
5 "Say to the daughter of Zion, 'Look, your king is coming to you, humble and mounted on a donkey, on a colt, the foal of a beast of burden.'" “Bolelela Jesusalema gore Kgosi ya gagwe e tla kwa go ene, ka bonolo e palame tonkana.”
6 The disciples went and did as Jesus had directed them. Barutwa ba babedi ba dira ka fa Jesu a neng a ba boleletse, ka teng,
7 They brought the donkey and colt, put their cloaks on the animals, and Jesus sat on the cloaks. ba lere tonki le tonkana kwa go ene, ba pega diaparo tsa bone mo godimo ga tonkana gore a nne mo godimo ga tsone.
8 Most of the crowd spread their cloaks on the road; others cut branches from the trees and spread them on the road. Mme ba bangwe mo bontsintsing jwa batho ba ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, ba bangwe ba kgetla dikala tsa ditlhare ba di ala fa pele ga gagwe.
9 The crowds ahead of him and behind him kept shouting, "Hosanna to the Son of David! Blessed is he who comes in the name of our Father! Hosanna in the highest!" Hong bontsi jwa batho ba ba mo eteletseng pele le ba ba kwa morago ba goa ba re, “Modimo segofatsa Morwa Kgosi Dafide! Mo galaletse mo segofatse, Morena A go bakwe Modimo mogodimodimo!”
10 And when he entered Jerusalem, the whole city was stirred, asking, "Who is this?" Motse otlhe wa Jerusalema o ne wa huduega fa a tsena. Ba botsa ba re, ke mang yo?
11 And the crowds said, "This is the prophet Jesus, from Nazareth of Galilee." Mme bontsintsi jwa batho jwa fetola jwa re, “Jesu Moporofiti yo o tswang Nasaretha wa Galalea.”
12 Then Jesus entered the temple, drove out all selling and buying there, overturned the money-changers' tables and the dove sellers' seats. Jesu a tsena mo Tempeleng, a lelekela barekisi kwa ntle, a pitikolola mabati a go ananyediwang madi mo go one le ditilo tsa ba ba rekisang maphoi.
13 He told them, "It is written: 'My house will be called a house of prayer,' but you're making it a den of robbers." A ba raya a re, “Dikwalo tsa re tempele ya me ke lefelo la thapelo, mme lona lo e fetotse borakanelo jwa magodu.”
14 And the blind and the lame came to him in the temple, and he healed them. Hong difofu le digole tsa tla kwa go ene mme a di fodisa teng mo tempeleng.
15 When the chief priests and teachers of the law saw the wonders he did, and the children shouting in the temple, "Hosanna to the Son of David!" they grew angry, Mme ya re baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba bona dikgakgamatso tse di ntle tse ba bile ba utlwa le bananyana ba goa mo tempeleng ba re, “Modimo segofatsa Morwa Dafide,” ba ne ba se ka ba itumela ba gakala ba mmotsa ba re, “A o utlwa se bana ba ba se buang?”
16 and said to him, "Do you hear what these say?" Jesus said to them, "Yes. Have you never read, 'Out of the mouths of infants and nursing babies you have prepared praise'?" Jesu a fetola a re, “Ee, a ga lo ise lo ke lo bale dikwalo? Gonne tsa re, ‘Le bananyana tota ba tlaa mo galaletsa!’ ”
17 He left them, went out of the city to Bethany, and spent the night there. Hong a boela kwa Bethania, kwa a letseng teng.
18 Early in the morning, as he returned to the city, he was hungry. Mo mosong fa a boela Jerusalema, a tshwarwa ke tlala,
19 Seeing a fig tree by the road, he went to it but found only leaves. He said, "May you never bear fruit again!" At once the tree withered. Yare a bona setlhare sa mofeige fa thoko ga tsela, a tsamaela kwa go sone go bona gore a se na le maungo, mme ga bo go le matlhare fela. Hong a se hutsa a re, “O se ka wa tlhola o ungwa gape!” Mme ka bofefo setlhare sa mofeige sa omelela.
20 Seeing this, the disciples were amazed and asked, "How did the fig tree wither so fast?" Barutwa ba gakgamala thata ba bo ba mmotsa ba re, “Setlhare sa mofeige se omeletse ka bofefo jang?”
21 Jesus answered, "I tell you the truth: with faith, no doubting, you'll not only do what happened to the fig tree—you'll even tell this mountain, 'Be lifted up and thrown into the sea,' and it will happen. Mme Jesu a ba raya a re, “Ammaaruri, fa lo na le tumelo lo sa belaele, lo ka dira dilo tse di ntseng jaana le go feta. Lo ka ba lwa raya thaba e ya Lotlhare lwa re, ‘Thabuela mo lewatleng,’ mme go ka diragala.
22 And whatever you ask in prayer, if you believe, you will receive it." Lo ka amogela sengwe le sengwe, se lo se kopang ka thapelo fa lo dumela.”
23 Entering the temple, he was teaching when the chief priests and elders of the people came and asked, "What authority do you have for these things, and who gave you this authority?" Mme e rile a sena go boela kwa Tempeleng a sa ntse a ruta, baperesiti ba bagolo le bangwe ba bagolwane ba Sejuda ba tla kwa go ene ba batla go itse gore e ne e le ka tetlelelo ya ga mang gore a lelekele baananyi kwa ntle maabane.
24 Jesus replied, "I'll ask you one thing too. Tell me the answer, and I'll say by what authority I do these things. Jesu a ba fetola a re “Ke tlaa lo bolelela fa lo ka araba potso e le nngwe pele.
25 John's baptism—where was it from? From heaven, or from man?" They discussed among themselves, "If we say, 'From heaven,' he will say to us, 'Then why did you not believe him?' A Johane wa Mokolobetsi o ne a romilwe ke Modimo, kgotsa nnyaa?” Ba ne ba gakololana ka fa ba ka arabang ka teng potso e, ba re, “Fa re re, ‘o ne a romilwe ke Modimo’, hong o tlaa re botsa gore ke eng re ne re sa dumele se Johane o neng a se bua.
26 But if we say, 'From man,' we fear the crowd—they all view John as a prophet." Mme fa re ganela gore Modimo o mo romile, re tlaa tlhaselwa ke bontsi jwa batho, gonne bontsi jotlhe bo dumela gore e ne e le moporofiti.”
27 They answered Jesus, "We don't know." He said, "Neither will I tell you by what authority I do these things." Hong lwa bofelo ba fetola ba re, “Ga re itse!” Mme Jesu a re, “Jalo le nna ga ke na go araba potso ya lona ka tsela epe.”
28 "But what do you think? A man had two sons. Coming to the first, he said, 'Son, go work today in the vineyard.' “Mme lo akanya jang ka ga se? Monna yo o neng a na le bomorwawe ba le babedi o na a raya yo motona a re, ‘Morwaaka, tsamaya o ye go dira mo tshimong ya me gompieno.’
29 And he answered, 'I will not,' but later he changed his mind and went. Morwawe a fetola a re, ‘Ga ke na go dira jalo,’ mme kwa morago a fetola maikutlo a gagwe a tsamaya.
30 He went to the second and said the same. This one answered, 'I'll go, sir'—but didn't go. Hong rraagwe a raya yo monnyennyane a re, ‘Wena tsamaya!’ Mme a re, ‘Ee, rra, ke tlaa tsamaya.’ Mme a seka a dira jalo.
31 Which of the two did his father's will?" They said, "The first." Jesus told them, "Truly I tell you, tax collectors and prostitutes enter the kingdom of our Father ahead of you." Ke ofe mo go ba babedi yo o neng a dira go rata ga ga rraagwe?” Ba fetola ba re, “Ke wa ntlha.” Hong Jesu a tlhalosa se a se rayang a re: “Ammaaruri batho ba ba bosula le basadi ba diaka ba tlaa lo raka mo Bogosing.
32 "For John came to you in the way of righteousness, and you didn't believe him, but tax collectors and prostitutes did. Even after seeing that, you didn't change your minds and believe him." Gonne Johane wa Mokolobetsi o lo reile a re lo sokologe lo latlhe ditiro tsa lona tse di maswe lo boele mo Modimong, mme ga lo a dira jalo, fa batho ba ba bosula le diaka ba sokologa ba boela mo Modimong. Mme le fa tota lo ne lwa bona ba sokologa lona lo ne lwa gana go sokologa, ga lo aka lwa dumela.
33 "Hear another parable: A landowner planted a vineyard, put a fence around it, dug a winepress in it, built a watchtower, leased it to tenants, and went away on a trip. “Jaanong reetsang polelo e: Mong wa setsha mongwe o kile a tlhoma tshimo ya mofine e e ageletsweng, mme a direla motlhokomedi wa yone lefelo la boletelo, hong a hirisetsa balemi bangwe tshimo ya gagwe ka tumalano ya go kgaogana thobo, mme a huduga go nna mo lefatsheng le lengwe.
34 When the harvest time drew near, he sent his servants to the tenants to collect his fruit. “E rile ka nako ya thobo ya maungo a mofine a roma baemedi ba gagwe kwa baleming go ya go tsaya seabe sa gagwe.
35 But the tenants seized his servants—they beat one, killed another, and stoned another. Mme balemi ba tlhasela batlhanka ba gagwe, ba itaya yo mongwe, ba bolaya yo mongwe, ba kgobotletsa yo mongwe ka matlapa.
36 Again he sent other servants, more than the first, and they treated them the same way. “Hong a roma setlhopa se segolwane sa batlhanka ba gagwe go ya go mo tseela seabe, mme ba diragalelwa ke se se diragaletseng batlhanka ba ntlha.
37 Finally he sent his son to them, saying, 'They will respect my son.' Lwa bofelo mong wa tshimo a roma morwawe a gopola gore ba tlaa mo tshoga seemo ba mo tlotle.
38 But the tenants, seeing the son, said to each other, 'This is the heir; come, let's kill him and seize his inheritance.' “Mme e rile fa balemi ba bona morwawe a tla, ba buisanya ba re ‘Moja boswa ke yoo o e tla; tlaang, re mmolayeng re bo itseele!’
39 So they seized him, threw him out of the vineyard, and killed him. Jalo ba mo swaswailela ka kwa ntle ga tshimo ya mafine ba mmolaya.
40 Now when the owner of the vineyard comes, what will he do to those tenants?" “Fa mong wa tshimo a boa, lo akanya gore o tlaa feta a dirang ka balemi bao?”
41 They answered, "He will destroy those evil men horribly, and lease the vineyard to other farmers who will give him the fruit in season." Baeteledipele ba Sejuda ba fetola ba re, “O tlaa bolaya batho bao ba ba bosula ka polao e e setlhogo, mme a hirisetse ba bangwe tshimo ya gagwe ba ba tlaa mo duelang ka fa tshwanelong.”
42 Jesus said to them, "Have you never read in the Scriptures: 'The stone the builders rejected became the cornerstone; this came from our Father, and it's marvelous in our eyes'?" Hong Jesu a ba botsa a re, “A ga lo ise lo ke lo bale mo dikwalong gore: ‘Lentswe le le gannweng ke baagi le dirilwe lentswe la kgokgotso le le tlotlegang. Ana go gontle jang! Morena o dirile selo se se gakgamatsang jang mo matlhong a rona?’
43 "So I tell you: the kingdom of our Father will be taken from you and given to a nation that produces its fruits. “Se ke se rayang ke gore Bogosi jwa Modimo bo tlaa tsewa mo go lona bo neelwe chaba e e tlaa neelang Modimo seabe sa one sa thobo ya maungo.
44 Whoever falls on this stone will be shattered; whoever it falls on will be crushed." Botlhe ba ba kgotswang mo lefikeng le la boammaruri, ba tlaa robega, mme ba ba welang godimo ba tlaa phatlalala jaaka lorole.”
45 When the chief priests and the Pharisees heard his parables, they realized he was speaking about them. E rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba lemoga gore Jesu o ne a bua ka ga bone, gore e ne e le balemi mo polelong ya gagwe,
46 They wanted to arrest him but feared the crowds, who considered him a prophet. ba ne ba batla go mmolaya, mme ba boifa go lekeletsa ka ntlha ya bontsintsi jwa batho, gonne bo ne bo kaya Jesu e le moporofiti.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]