Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 20 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 "For the kingdom of our Father is like a landowner who went out at dawn to hire workers for his vineyard. Setshwantsho sengwe ke se se se tshwantshang Bogosi jwa Legodimo. “Mong wa tshimo o kile a phakela go ya go thapela tshimo ya gagwe ya thobo badiri.
2 He agreed to pay the workers a full day's wage and sent them into his vineyard. A dumalana go ba duela madi a tuelo ya letsatsi, hong a ba laela go ya go dira.
3 About nine o'clock in the morning he went out and saw others standing idle in the marketplace. “Morago ga dioura di se kae, o na a feta fa ntlong e go thapelwang batho teng mme a bona banna bangwe ba eme foo ba batla tiro,
4 He told them, 'You too, go into the vineyard; I'll pay you whatever's right.' So they went. jalo le bone a ba romela mo masimong a gagwe, a ba bolelela gore o tlaa ba duela fela se se ba tshwanetseng fa letsatsi le phirima.
5 Going out again about noon and about three in the afternoon, he did the same. Mo motshegareng wa sethoboloko, le mo tshokologong e ka nna nako ya boraro a nna a tswelela ka go thapa badiri.
6 About five in the afternoon, he went out and found others standing there. He asked, 'Why have you stood here idle all day?'" “Ka nako ya botlhano mo go one maitseboa ao, a ya kwa motseng gape, mme a bona banna ba bangwe gape ba eme teng foo mme a ba botsa a re, ‘Ke eng fa lo ntse fela lo sa dire sepe letsatsi lotlhe?’
7 "They said, 'Because no one hired us.' He said, 'You also go into the vineyard.' Ba araba ba re, ‘Ke ka gore ga go ope yo o re thapileng’. Hong a ba raya a re, ‘tsamayang lo ye go tlatsa ba bangwe mo masimong a me.’
8 "When evening came, the vineyard owner told his foreman, 'Call the workers and pay them their wages, from the last to the first.' “Mo maitseboeng ao a raya radituelo wa gagwe a re a bitse banna bao a ba duele, a simolola pele ka banna ba bofelo.
9 And when those hired about five o'clock came, each of them received a full day's wage. E rile fa banna ba ba thapilweng ka nako ya botlhano ba duelwa mongwe le mongwe wa bone o na a amogela madi a tuelo ya letsatsi.
10 When the first came, they thought they would get more, but each got a full day's wage too. E rile fa banna ba ba thapilweng pele ba tla go tsaya a bone, ba ne ba ithaya ba re ba tlaa amogela go feta foo thata. Le bone ba ne ba duelwa madi a lekanang le a ba bangwe.
11 And on receiving it they grumbled at the landowner, “Ba ngongorega ba re, ‘Batho bale ba dirile lobaka lwa oura fela, le fa go ntse jalo a oba duetse jaaka rona ba re dirileng letsatsi lotlhe mo mogoteng o o fisang’.
12 saying, 'These last worked only one hour, yet you made them equal to us, who bore the day's burden and the scorching heat.' Not in this edition
13 "He answered one of them, 'Friend, I'm not wronging you. Didn't you agree with me for a full day's wage?' “Mme a araba mongwe wa bone aa re ‘Tsala, ga ke a go fosetsa ka gope! A o ne o sa dumalana go dira o duelwa tuelo ya letsatsi?
14 Take what's yours and go. I want to give this last worker the same as you. A tseye o tsamaye. Ke keletso ya me go lo duela ka go lekana;
15 Can't I do what I want with what's mine? Or are you jealous because I'm generous? a go kgatlhanong le molao go ntsha madi a me fa ke batla go dira jalo? A o tshwanetse go kgotswa ka go bo ke le kutlwelobotlhoko?’
16 So the last will be first, and the first last." Mme fela jalo, ba morago e tlaa nna ba ntlha, ba ntlha e tlaa nna ba morago.”
17 As Jesus was going up to Jerusalem, he took the twelve aside and said to them on the way, Mme ya re Jesu a le mo tseleng a ya Jerusalema, a tseela barutwa ba ba lesome le bobedi kwa thoko,
18 "See, we are going up to Jerusalem, and the Son of Man will be given over to the chief priests and scribes, who will condemn him to death, mme a bua nabo ka ga se se tlaa mo diragalelang fa ba goroga. “Ke tlaa neelwa baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba Sejuda ba bangwe, mme ba tlaa nkatlholela loso.
19 and hand him over to the Gentiles to mock and flog and crucify—and on the third day he will be raised." Me ba tlaa ntsenya mo diatleng tsa mmuso wa Roma, ke tlaa sotlwa ke bapolwa, mme e tlaa re mo letsatsing la boraro ke rule.”
20 Then Zebedee's sons' mother came to him with her sons, kneeling to ask something of him. Hong mmaagwe Jakobe le Johane bomorwa Sebede, a ba lere kwa go Jesu, a obama, a kopa thuso.
21 He asked her, "What do you want?" She said, "Say my two sons will sit one at your right, one at your left, in your kingdom." Jesu a mmotsa a re “O batla ke go direlang?” Mme a fetola a re, “Mo Bogosing jwa gago, a o tlaa letla bomorwaake ba babedi go nna mo ditilong tse pedi go bapa le sa gago, yo mongwe ka fa letsogong la gago le legolo yo mongwe ka fa go la molema?”
22 But Jesus replied, "You don't know what you're asking. Can you drink the cup I am about to drink?" "We can," they said. Mme Jesu a mo fetola a re, “Ga o itse se o se lopang!” Mme a retologela kwa go Jakobe le Johane a ba botsa a re, “A lo nonofile go nwa mo senwelong se se boitshegang se ke tlaa tlogang kee nwa mo go sone?” Jalo ba fetola ba re, “Ee, re nonofile.”
23 He said, "You will drink my cup, but seating at my right and left is not mine to give—it belongs to those my Father has prepared it for." Mme a ba fetola a re, “Lo tlaa nwa mo go sone ruri. Mme ga ke na thata go bua gore ke mang yo o tlaa nnang mo ditilong go bapa le same. Maemo ao a beetswe batho ba Rre a ba tlhophang”.
24 When the ten heard this, they were angry at the two brothers. Barutwa ba bangwe ba ba lesome ba ne ba gakala fa ba utlwa ka go se Jakobe le Johane ba se lopileng.
25 Jesus called them over and said, "You know the rulers of the Gentiles lord it over them, and their powerful men hold authority over them. Mme Jesu a ba bitsa botlhe a ba raya a re, “Mo baheitaneng, dikgosi ke batho ba ba bogoma, mme le bagolwane ba ba ka fa tlase ga tsone, ba dipisa ba ba ka fa tlase ga bone.
26 Not so among you. Rather, whoever wants to be great among you must be your servant, Mme mo go lona go pharologanyo. Le fa e le mang mo go lona yo o batlang go nna moeteledipele, o tshwanetse go nna motlhanka wa lona.
27 and whoever wants to be first among you must be your slave, Mme fa o batla go nna kwa godimodimo, o tshwanetse go dira jaaka lekgoba.
28 just as the Son of Man came not to be served but to serve, and to give his life as a ransom for many." Mokgwa wa lona o tshwanetse go nna jaaka wa me, gonne nna Morwa Motho, ga ke a tlela go direlwa, fa e se go direla, le go ntshetsa ba le bantsi botshelo jwa me go nna thekololo.”
29 And as they went out of Jericho, a great crowd followed him. E rile Jesu le barutwa ba tswa mo motseng wa Jeriko, bontsintsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago.
30 Two blind men sitting by the road heard Jesus was passing and cried out, "Lord, have mercy on us, Son of David!" Banna ba le babedi ba difofu ba ne ba ntse fa thoko ga tsela mme e rile fa ba utlwa gore Jesu o e tla ba simolola go goa ba re, “Morena, Morwa Dafide, re utlwele botlhoko!”
31 The crowd scolded them to be quiet, but they shouted louder, "Have mercy on us, Lord, Son of David!" Bontsintsi jwa batho jwa ba raya jwa re ba didimale, mme ba goela godimo go gaisa pele.
32 And stopping, Jesus called them and said, "What do you want me to do for you?" E rile a tla fa difofu di neng di le teng a ema mo tseleng a botsa a re, “Lo batla ke lo direlang?” Mme ba fetola ba re, “Morena re batla go bona!”
33 They said to him, "Lord, let our eyes be opened." Not in this edition
34 And Jesus, moved with compassion, touched their eyes, and immediately they recovered their sight and followed him. Jesu a ba utlwela botlhoko a ama matlho a bone. Mme ya re gone fela foo ba foufologa, ba mo sala morago.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]