Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 19 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 When Jesus finished these words, he left Galilee and went into the region of Judea, across the Jordan. Mme e rile Jesu a sena go fetsa mafoko a, a tswa mo Galalea a boela kwa morago kwa Judea go kgabaganya Noka ya Jorodane.
2 Large crowds followed him, and he healed them there. Boidiidi jwa batho jwa mo sala morago, mme a fodisa malwetse a bone.
3 Pharisees came to test him, asking, "Is it lawful for a man to divorce his wife for any cause?" Bafarasai bangwe ba tla go buisanya nae, gape ba leka go mmeela seru gore a bue sengwe se se tlaa mo senyang. Ba mmotsa ba re, “A o letlelela tlhalo?”
4 He answered, "Haven't you read that our Father, who made them at the beginning, made them male and female, Jesu a ba fetola a re, “A ga lo bale dikwalo? Mo go tsone go kwadilwe gore mo tshimologong Modimo o tlhodile monna le mosadi,
5 and said, 'So a man will leave his father and mother and cling to his wife, and the two will become one flesh'? gore monna o tlaa tlogela rraagwe le mmaagwe mme a ngaparele mosadi wa gagwe. Mme bobedi jo bo tlaa nna bongwe fela, e sa tlhole e le bobedi, mme ele bongwe fela! a go se nne ope yo o kgaoganyang se Modimo o se kopantseng”.
6 So they are no longer two but one flesh; therefore, let no one separate what our Father has joined." Not in this edition
7 They said to him, "Why then did Moses command that a man give a divorce certificate and send her away?" Ba botsa ba re, “Jaanong Moshe o ne a raya jang fa a re monna o ka tlhala mosadi wa gagwe ka go mo kwalela lokwalo lwa tlhalo fela?”
8 He told them, "Moses let you divorce your wives because your hearts were hard, but it wasn't like that from the beginning. Jesu a fetola a re, “Moshe o dirile jalo ka ntlha ya go bona dipelo tsa lona tse di thata tse di bosula, mme tota e ne e se se Modimo o simolotseng o se ikaeletse.
9 I tell you: whoever divorces his wife—except for sexual sin—and marries another commits adultery." Mme ke lo bolelela se, ka re, le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se fela ka kgokafalo, a bo a nyala yo mongwe, o dira kgoka falo.”
10 The disciples said to him, "If that's the case between husband and wife, it's better not to marry." Barutwa ba ga Jesu ba mo raya ba re, “Fa e le gore go ntse jalo go botoka go sa nyaleng.”
11 He said to them, "Not everyone can accept this word—only those it's given to. Jesu a fetola a re, “Ga se mongwe le mongwe yo o ka amogelang mafoko a, fa e se fela ka thuso ya Modimo.
12 There are eunuchs born that way from their mother's womb; there are eunuchs made that way by others; and there are eunuchs who made themselves so for the kingdom of our Father. Let the one who can accept this, accept it." Banna bangwe ba tsetswe e le baopa, ba bangwe ba opafaditswe ke batho, gore ba seka ba nyala, ba bangwe ba ikgapa mo nyalong ka ntlha ya Bogosi jwa Legodimo. A yo o kgonag, a amogele mafoko a me.”
13 Then little children were brought to him so he could lay hands on them and pray, but the disciples rebuked those bringing them. Mme ga tlisiwa bana ba bannye kwa go Jesu gore a ba beye diatla a ba rapelele. Mme barutwa ba kgalemela ba ba neng ba tlisitse bana. Ba ba raya ba re, “Se mo tshwenyeng.”
14 But Jesus said, "Let the little children come to me—don't stop them, for the kingdom of our Father belongs to ones like these." Jesu a re, “Lesang banyana ba tle kwa go nna, se ba kganeleng. Gonne bogosi jwa Legodimo ke jwa ba ba ntseng jalo.”
15 And he laid his hands on them and went on from there. Foo a ba baya diatla a ba segofatsa pele ga a tsamaya.
16 Just then a man approached him and asked, "Teacher, what good must I do to obtain eternal life?" Mme mongwe a tla kwa go Jesu ka potso e e reng: “Morena yo o Molemo ke ka dira eng se se siameng go nna le botshelo jo bo sa khutleng?”
17 He said to him, "Why ask me about what is good? Only one is good. If you want to enter life, keep the commandments." Jesu a mo raya a re fa o re, “Ke molemo o raya Modimo. Mme go araba potso ya gago ka re, o ka tsena kwa legodimong fa o tshegetsa ditaolo.”
18 "Which ones?" he asked. Jesus said, "Do not murder, do not commit adultery, do not steal, do not testify falsely, Mme monna a mmotsa a re, “Ditaolo dife?” Mme Jesu a fetola a re “O seka wa bolaya motho, o seka wa dira boaka, o seka wa utswa, o seka wa bua maaka,
19 honor your father and mother, and love your neighbor as yourself." tlotla rrago le mmago, gape o rate mongwe ka wena jaaka o ithata!”
20 The young man said to him, "All these I have kept. What do I still lack?" Mme lekawana la fetola la re, “Ke sa le ke e tshegetsa yotlhe fela, ke tshwanetse go dirang gape?”
21 Jesus told him, "If you want to be complete, go, sell your possessions and give to the poor—you'll have treasure in heaven—then come, follow me." Jesu a mo raya a re, “Fa o batla go itekanela, ya o rekise sengwe le sengwe se o nang naso o neele bahumanegi madi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.”
22 When the young man heard this, he went away grieving, because he had great wealth. Mme e rile fa lekau le utlwa jaana, la tsamaya le nyemile moko ka bohutsana, ka gore le ne le humile thata.
23 Jesus said to his disciples, "Truly, I tell you: a rich person will hardly enter our Father's kingdom. Hong a raya barutwa ba gagwe a re, “Ruri go thata mo mohuming go tsena mo Bogosing jwa Legodimo.
24 I tell you again: a camel fits through the eye of a needle easier than a rich person enters our Father's kingdom." Mme ke ipoeletsa gape ke re, go motlhofo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale go na le gore mohumi a tsene mo Bogosing jwa Modimo.”
25 When the disciples heard this, they were greatly astonished and asked, "Who then can be saved?" Polelo e ya gakgamatsa barutwa. Mme ba botsa ba re, “Mme fa go ntse jalo, ke mang yo o ka bolokwang mo lefatshing?”
26 Jesus looked at them and said, "This is impossible for people, but everything is possible with our Father." Hong Jesu a ba leba ka kelotlhoko a re, “Ka fa senameng ga go na ope.”
27 Then Peter said to him, "Look, we've left everything and followed you. What then will we have?" Hong Petere a mo raya a re, “Re tlogetse sengwe le sengwe gore re go sale morago. Re tlaa boelwa ke eng ka go dira jalo?”
28 Jesus told them, "Truly: in the renewal, when the Son of Man sits on his glorious throne, you who followed me will also sit on twelve thrones, judging the twelve tribes of Israel. Jesu a fetola a re, “E tlaa re nna, Morwa Motho, fa ke nna mo setilong se se galalelang sa Bogosi, lona barutwa ba me lo tlaa nna mo ditilong di le lesome le bobedi tsa puso go atlhola merafe e le lesome le bobedi ya Iseraele.
29 "Everyone who has left houses or brothers or sisters or father or mother or children or fields for my name will receive one hundred times more and inherit eternal life. Mme le fa e le mang yo a tlogelang motse wa gagwe, bomonnawe, bokgaitsadie, rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana kgotsa dilwana go ntshala morago, o tlaa amogela galekgolo go menaganye, ebile o tlaa nna le botshelo jo bo sa khutleng.
30 But many who are first will be last, and many who are last will be first." Mme ba le bantsi ba e leng ba ntlha jaanong e tlaa nna ba morago ka nako eo: le bangwe ba e leng ba bofelo jaanong e tlaa nna ba ntlha.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]