Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 27 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 At dawn, all the chief priests and elders of the people met and plotted to kill Jesus. Mme e rile mo mosong, ditlhogo tsa pa-peresiti le baeteledipele ba Sejuda ba rakana gape go gakololana ka fa ba ka tlhotlheletsang ka teng mmuso wa Se-Roma go atlholela Jesu loso.
2 So they bound him, led him away, and handed him over to Pilate the governor. Mme ba mo romela kwa go Pilatwe molaodi wa Roma a golegilwe ka dikeetane.
3 Then Judas, his betrayer, seeing Jesus condemned, felt remorse and returned the thirty pieces of silver to the chief priests and elders, E rile ka nako eo, fa Judase yo o mo okileng a bona gore Jesu o atlholetswe loso, a ikwatlhaya a utlwa botlhoko thata ka se a se dirileng, a busetsa madi kwa ditlhogong tsa baperesiti le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda.
4 saying, "I sinned, betraying innocent blood." They said, "Not our concern. You'll see to it." A re, “Ke leofile, gonne ke okile motho yo o senang molato.” Ba mo fetola ba re, “Ke dibonwa ke wena.”
5 He threw the pieces of silver into the temple, went out, and hanged himself. Hong a latlhela madi mo bodilong jwa Tempele, a tswa a ya go ikaletsa.
6 The chief priests took the silver and said, "We can't put this in the treasury—it was payment for blood." Ditlhogo tsa baperesiti tsa sela madi ao. Tsa re, “Ga re kake ra a tsenya mo letloleng, gonne go kgatlhanong le melao ya rona go amogela madi a a dueletseng polao ya motho.”
7 So they consulted, then bought the potter's field with it, to bury foreigners. Ba go rerisanya mme kwa bofelong ba dumalana go reka setsha sa lefatshe se letsopa la sone le neng le dirisiwa go bopa dinkgwana le gore se dirisiwe go fitlha baeng ba ba swelang mo Jerusalema.
8 That is why that field has been called the Field of Blood to this day. Ke sone se e leng gore setsha se, se sa ntse se bidiwa “Lefatshe la Madi”
9 Then what the prophet Jeremiah spoke was fulfilled: "They took the thirty pieces of silver, the price set on him, whom some of Israel's sons priced, Se se dirafaditse seporofeso sa ga Jeremia se se reng, “Ba tsaya dipapetlana tsa selefera di le masome mararo, tlhwatlhwa e a neng a e beetswe ke batho ba Iseraele,
10 and they gave them for the potter's field, as our Father directed me." mme ba reka setsha mo baboping ba dinkgwana jaaka Morena Modimo a nkaetse.”
11 Jesus stood before the governor; the governor asked, "Are you the King of the Jews?" Jesus said, "You say so." Mme ya re Jesu a eme fa pele ga ga Pilatwe, molaodi wa Roma, a mmotsa a re, “A o Mesia wa Bajuda”? Jesu a mo araba a re, “Ee go ntse jalo.”
12 But when he was accused by the chief priests and elders, he gave no answer. Mme e rile ditlhogo tsa baperesiti le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba mmaya melato e mentsintsi, Jesu a didimala fela.
13 Then Pilate said to him, "Don't you hear how many charges they're bringing against you?" Pilatwe a mo raya a re, “A ga o utlwe se ba se buang?”
14 He gave him no answer, not even to a single charge, so the governor was greatly amazed. Mme Jesu a seka a bua sepe mme mo ga gakgamatsa moladi thata.
15 At each feast the governor would release one prisoner the crowd wanted. Mme ka fa mokgweng wa molaodi e ne e le gore ngwaga le ngwaga a golole legolegwa lengwe la Sejuda ka moletlo wa Tlolaganyo. Mongwe fela yo ba mo ratang.
16 At that time they were holding a notorious prisoner called Barabbas. Mo ngwageng eo ga bo go le mo kgolegelong Barabase serukutlhi se se itsegeng thata,
17 When they had gathered, Pilate asked, "Which do you want me to release—Barabbas, or Jesus called Christ?" mme ya re bontsintsi bo phuthegela fa pele ga ntlo ya ga Pilatwe mo mosong oo, a ba botsa a re, “Lo batla ke lo gololela mang, Barabase kgotsa Jesu Mesia wa lona?”
18 For he knew that it was out of envy that they had handed him over. Gonne o na a itse sentle gore baeteledipele ba Sejuda ba golegile Jesu ka kilo ka ntlha ya go tuma ga gagwe.
19 While he sat on the judgment seat, his wife sent to him: Have nothing to do with that righteous man, for I suffered much today in a dream because of him. Mme ya re a ntse a sekisa, mosadi wa gagwe a mo romelela molaetsa o: “Tlogela monna yo o siameng yoo; gonne ke letse ke tshwenyegile thata mo torong ka ntlha ya gagwe.”
20 But the chief priests and elders persuaded the crowds to ask for Barabbas and to have Jesus put to death. Ka nako eo ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba Sejuda ba tlhotlheletsa bontsintsi jwa batho go kopa gore Barabase a gololwe, Jesu ene a bolawe.
21 The governor said, "Which of the two should I release to you?" They said, "Barabbas." Hong ya re fa molaodi a botsa gape a re, “Ke ofe mo go ba babedi ba, yo lo batlang ke lo mo gololela?” Bontsi jwa batho ba goa ba re, “Barabase!”
22 Pilate asked them, "What then do I do with Jesus called Christ?" They all said, "Have him crucified!" Hong Pilatwe a botsa a re, “Jaanong ke tlaa reng ka Jesu, Mesia wa lona?” Mme ba goa, ba re, “A a bapolwe!”
23 He said, "Why? What wrong has he done?" But they cried out louder, "Crucify him!" Pilatwe a re, “Ka ntlha yang? O dirile bosula jwa eng?” Mme ba tswelela ba goa ba re, “A a bapolwe! A a bapolwe!”
24 Seeing he could do nothing, but a riot was starting instead, Pilate took water, washed his hands before the crowd, and said, "I am innocent of this man's blood; you see to it." E rile fa Pilatwe a bona gore ga a kgone, le gore pheretlhego e a tsoga, a kopa mogopo wa metsi a tlhapa diatla tsa gagwe fa pele ga bontsi jwa batho a re, “Ga ke na molato mo mading a monna yo o siameng yo.”
25 And all the people answered, "His blood be on us and on our children!" Mme bontsi jwa goa jwa re “Madi a gagwe a a nne mo ditlhogong tsa rona le bana ba rona!”
26 Then he released Barabbas to them, had Jesus whipped, and handed him over to be crucified. Hong Pilatwe a ba gololela Barabase. Mme e rile a sena go kgwathisa Jesu, a mo neela masole a Roma go ya go mmapola.
27 Then the governor's soldiers took Jesus into the governor's headquarters and gathered the whole regiment around him. Mme masole a mo tseela kwa tlung ya ditlhabano, mephato yotlhe ya mo phuthaganela.
28 They stripped him and put a scarlet robe on him. Hong ba mo apola, ba mo apesa kobo e khibidu,
29 They twisted a crown of thorns, set it on his head, put a reed in his right hand, knelt before him, and mocked him: "Hail, King of the Jews!" mme ba mo logela serwalo ka mitlwa e meleele ba se mo rwesa, ba mo naya thobane mo lebogong le legolo e e emetseng thobane ya Segosi mme ba khubama fa pele ga gagwe ka tshotlo ba goa ba re, “Dumela Kgosi ya Bajuda.”
30 And they spit on him, took the reed, and struck him on the head again and again. Mme ba mo kgwela mathe, ba tsaya thobane ba mo itaya ka yone mo tlhogong.
31 After mocking him, they stripped off the robe, dressed him in his own clothes, and led him away to crucify him. Morago ga tshotlo, ba mo apola kobo ba mo apesa seaparo sa gagwe gape, ba mo isa kwa ntle go ya go mmapola.
32 Going out, they found a Cyrenian named Simon and forced him to carry Jesus's cross. Ya re ba le mo tseleng e e yang kwa go bolaelwang teng, ba bona monna yo o tswang Sirene mo Aferika, yo o neng a bidiwa Simone, ba mo pateletsa go tsaya mokgoro wa ga Jesu.
33 And when they came to a place called Golgotha (which means Place of a Skull), Hong ba ya felong fa go bidiwang Gologotha, ke gore “Felo ga Logata,”
34 they gave him wine mixed with bitter gall to drink; he tasted it and refused to drink. kwa masole a neng a mo neela mofine o o tlhakantsweng le santlhokwe, mme ya re a sena go o lekeletsa ka legano a o gana.
35 And when they had crucified him, they divided his garments among themselves by casting lots. Morago ga papolo, masole a kgaogana diaparo tsa gagwe ka go di thelela bola (mataise).
36 Then they sat down and kept watch over him there. Hong ba nna ba mo lebeletse mo mokgorong.
37 Over his head they posted the charge against him: "This is Jesus, the King of the Jews." Mme ba baya sesupo fa godimo ga tlhogo ya gagwe se balega se re, “Yo ke Jesu Kgosi ya Bajuda.”
38 Then two robbers were crucified with him, one on his right and one on his left. Dinokwane di le pedi le tsone di ne tsa bapolwa mo mosong oo di mo tsentse fa gare.
39 Those who passed by hurled insults at him, shaking their heads, Mme bafeti ka tsela ba mo kgala, ba tshikinya ditlhogo tsa bone ba re, “O ka senya Tempele wa e aga gape mo malatsing a mararo, a o ka kgona. Go siame ipholose mo mokgorong fa o le Morwa Modimo!”
40 saying, "You who would destroy the temple and rebuild it in three days—save yourself! If you're the Son of God, come down from the cross!" Not in this edition
41 In the same way the chief priests, with the scribes and elders, also mocked him, saying, Mme baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba Sejuda le bone ba mo kgala ka tshotlo ba re, “O bolokile ba bangwe, mme ga a kgone go ipoloka! Ga ke re o Kgosi ya Baiseraele, a ga go jalo? Jalo he, fologa mo mokgorong ke gone re tlaa go dumelang! O ikantse Modimo, a Modimo o supe gore o eme le ene o mo golole! A ga a are, ‘Ke Morwa Modimo’?”
42 "he saved others; himself he can't save. He's King of Israel—let him come down from the cross now, and we'll believe in him. Not in this edition
43 He trusts in God—let God save him now, if he wants him, for he said, 'I am God's Son.'" Not in this edition
44 And the robbers who were crucified with him also heaped insults on him in the same way. Mme dinokwane le tsone tse di neng di bapotswe nae tsa latlhela tshotlo tsa mo gobolola ka mokgwa o o tshwanang.
45 Now from noon until three in the afternoon darkness came over all the land. Ya re mo go yone tshokologo ya letsatsi leo, lefatshe lotlhe la welwa ke lefifi dioura di le tharo, go simologa motshegare go fitlhelela ka nako ya boraro.
46 About three in the afternoon, Jesus cried loudly, "Eli, Eli, lema sabachthani?"—meaning, "My God, my God, why have you forsaken me?" E rile ka nako ya boraro, Jesu a goa a re, “Eli, Eli Lama Sabakathani” ke gore, “Modimo wa me, Modimo wa me, ontatlhetseng?” fa go tlhalosiwa.
47 When some of those standing there heard this, they said, "This man is calling Elijah." Bangwe ba batho ba ba neng ba le gaufi ba se ka ba mo tlhalogan ya mme ba gopola gore o bitsa Elija.
48 One of them ran at once, soaked a sponge in sour wine, put it on a reed, and gave him a drink. Mongwe wa bone a siana a tlatsa ngami mofine o o botsarara, a e tlhomela mo thobaneng a e isa kwa molomong wa gagwe go mo nosa.
49 But the others said, "Leave him alone. Let us see whether Elijah will come to save him." Mme bangwe ba re, “Mo leseng re bone gore a Elija o tlaa tla go mmoloka.”
50 And Jesus cried out again with a loud voice and gave up his spirit. Hong Jesu a goa ka lentswe le legolo gape, a golola mowa wa gagwe, a swa.
51 Suddenly the curtain of the temple was torn in two, from top to bottom. The earth shook, the rocks split. Jalo Sesiro se se farologanyang Felo ga Boitshepo mo Tempeleng sa fatogana go simologa kwa godimo go ya kwa tlase; le lefatshe la tshikinyega, mafika a phatloga,
52 The tombs were opened, and many bodies of the holy ones who had fallen asleep were raised. le mabitla a bulega, mme banna ba ba boifang Modimo ba le bantsi le basadi ba ba neng ba sule ba rula.
53 After Jesus's resurrection, they left the tombs, entered the holy city, and appeared to many. Morago ga tsogo ya ga Jesu, ba tlogela diphuphu ba ya Jerusalema, mme ba bonala mo bathong ba le bantsi teng.
54 The centurion and those with him guarding Jesus saw the earthquake and what happened, and were terrified, saying, "Truly this man was the Son of God!" Masole kwa papolong le bagolwane ba one a tshosiwa thata ke thoromo ya lefatshe le gotlhe mo go neng go diragala. Ba bua ba re, “Ammaaruri e ne e le Morwa Modimo.”
55 Many women watched from a distance; they had followed Jesus from Galilee to serve him. Mme basadi ba le bantsi ba ba neng ba tswa Galalea le Jesu go mo tlhokomela ba ne ba lebeletse ba le kgakala.
56 Among them: Mary Magdalene, Mary mother of James and Joseph, and the mother of Zebedee's sons. Mo go bone ga bo go le Marea Magatalena le Marea mmaagwe Jakobe le Josefe, le mmaagwe Jakobe le Johane (bomorwa Sebede).
57 At evening a rich man from Arimathea named Joseph came, himself a disciple of Jesus. E rile mo maitseboeng, monna mongwe yo o humileng a tswa Arimathea yo o bidiwang Josefe, mongwe wa balatedi ba ga Jesu,
58 He went to Pilate and asked for Jesus' body. Then Pilate ordered it given to him. a ya go kopa setopo sa ga Jesu kwa go Pilatwe. Mme Pilatwe a laola gore a se neelwe.
59 Joseph took the body, wrapped it in a clean linen cloth. Josefe a tsaya setopo a se phutha ka letsela la leloba le le phepa,
60 He put it in his new tomb, cut into the rock, rolled a large stone across the tomb's entrance, and left. mme a se baya mo phuphung ya gagwe e e gabilweng mo lefikeng, mme e rile a tsamaya a pitikololela lentswe le le tona fa godimo ga yone go e khurumela.
61 Mary Magdalene and the other Mary were there, sitting opposite the tomb. Marea Magatalena le Marea yo mongwe ba bo ba ntse gautshwane ba lebeletse.
62 The next day—after Preparation Day—the chief priests and Pharisees gathered before Pilate, Mme e rile ka letsatsi le le latelang, e le letsatsi la bofelo la mediro ya Iketleetso, ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai ba ya kwa go Pilatwe,
63 and said, "Sir, we remember that deceiver, while still alive, said, 'After three days I will rise.' mme ba mo raya ba re, “Morena, moaki yole o kile a re ‘E tlaa re morago ga malatsi a le mararo ke bo ke rula gape’.
64 So order the tomb secured until the third day, or his disciples may come, steal him, and tell the people, 'He has been raised from the dead.' That last deception would be worse than the first." Jalo re kopa taolo mo go wena go kana phuphu go fitlhelela letsatsi la boraro, go itsa barutwa ba gagwe go tla go utswa mmele wa gagwe ba tloga ba raya batho ba re! O tsogile. Fa mo go ka diragala re tlaa nna mo matshwenyegong go gaisa pele.”
65 Pilate said to them, "You have a guard. Go, make it as secure as you can." Mme Pilatwe a ba raya a re, “Dirisang mapodisi a lona a Tempele, ba ka e tlhokomela sentle thata.”
66 So they went and made the tomb secure by sealing the stone and posting the guard. Jalo ba kanela lentswe le le khurumetseng phuphu ba bo ba ntsha masole go e disa.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]