Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 28 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 After the Sabbath, at dawn on the first day of the week, Mary Magdalene and the other Mary came to see the tomb. Mme ya re phakela mo mosong wa Tshipi, fa bosigo jwa tshipi boo sa, Marea Magatalena le Maria yo mongwe ba ya kwa phupung.
2 Suddenly a great earthquake struck, for an angel of our Father came down from heaven, rolled back the stone, and sat on it. Ka tshoganetso ga nna thoromo ya lefatshe e kgolo; gonne moengele wa Morena o na a fologa kwa legodimong mme a pitikololela lentswe fa thoko ga phupu mme a nna mo godimo ga lone.
3 His appearance was like lightning, and his clothing white as snow. Sefatlhogo sa gagwe sa bo se phatsima jaaka logadima, le diaparo tsa gagwe tsa bo di le bosweu jo bo fatlhang.
4 The guards trembled in fear of him and became like dead men. Balebeledi ba roromisiwa ke letshogo fa ba mmona, mme ba idibala mo o neng o ka re ba sule.
5 But the angel said to the women, "Don't be afraid, for I know you're looking for Jesus, who was crucified. Mme moengele a bua le basadi a re, “Se boifeng!” Ke itse gore lo batla Jesu yo o neng a bapotswe,
6 He isn't here—he's risen, as he said. Come, see the place where he was lying. mme ga a yo fano! Gonne o rudile fela jaaka a boletse. Tsenang lo bone fa mmele wa gagwe o neng o namaletse gone.
7 Go quickly, tell his disciples: He has risen from the dead. Look, he is going ahead of you to Galilee; you will see him there. Listen, I have told you." Mme jaanong, itlhaganeleng lo ye go itsise barutwa ba gagwe gore o tsogile mo baswing le gore o ya kwa Galalea go rakana nabo teng. Ke one molaetsa wa me o ke o lo nayang.
8 So they left the tomb quickly, with fear and great joy, and ran to tell his disciples. Basadi ba akofa ba tloga fa phupung ba tshogile gape ba itumetse thata, mme ba itlhaganelela go batla barutwa go ba bolelela molaetsa wa moengele.
9 Suddenly Jesus met them, saying, "Greetings!" They came to him, grasped his feet, and worshiped him. Mme ya re ba santse ba siane, ka tshoganetso Jesu a ba kgatlhantsha! A re, “Dumelang!”. Ba wela fa fatshe fa pele ga gagwe ba mo tshwara dinao ba mo obamela.
10 Then Jesus told them, "Don't be afraid. Go, tell my brothers to leave for Galilee—they will see me there." Mme Jesu a ba raya a re, “Se boifeng! Yang go raya bana ba ga Rre lo re ba itlhaganelele kwa Galalea go nkgatlhantsha teng.”
11 While on the way, some guards entered the city and reported to the chief priests all that had happened. Ya re basadi ba santse ba le mo tseleng e e yang motseng, bangwe ba mapodisi a Tempele ba ba neng ba disitse phupu ba ya kwa baperesiting ba bagolo go ba bolelela se se diragetseng.
12 After meeting with the elders and forming a plan, they paid the soldiers a large sum, Phuthego ya baeteledipele botlhe ba Sejuda ya kuiwa, ga dumalanwa gore mapodisi a rekwe ka madi gore ba re erile ba robetse barutwa ba ga Jesu ba tla bosigo mme ba utswa mmele wa gagwe.
13 telling them, "Say: His disciples came at night and stole him while we slept. Not in this edition
14 If this reaches the governor, we'll persuade him and keep you free of trouble." Mme phuthego ya ba solofetsa ya re, “Fa molaodi a ka utlwa ka ga kgang e, re tlaa lo sireletsa mme sengwe le sengwe se tlaa siama.”
15 They took the money and did as they were told; this report spread among the Jews to this day. Jalo mapodisi a dumalana go rekwa ka madi, mme ba bua se ba neng ba se rutilwe. Polelo ya bone ya anama mo Bajudeng, le gompieno e sa ntse e dumelwa.
16 Then the eleven disciples went to Galilee, to the mountain where Jesus had directed them. Mme barutwa ba ba lesome le motso ba ya Galalea, ba ya thabeng e Jesu a neng a rile ba tlaa mo fitlhela teng.
17 When they saw him, they worshiped him, but some doubted. Mme koo ba feta ba rakana nae mme ba mo obamela; mme bangwe ba bone ba bo ba sa tlhomamise gore a ke ene Jesu tota!
18 Jesus came and said to them, "All authority in heaven and on earth has been given to me. A raya barutwa ba gagwe a re, “Ke neilwe taolo yotlhe kwa Legodimong le mo lefatshing.
19 Therefore go and make disciples of all nations, baptizing them in the name of the Father and of the Son and of the Holy Spirit, Ke gone tsamayang mme lo dire barutwa mo merafeng yotlhe, lo ba kolobetse mo ineng la ga Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo.
20 teaching them to obey all I've commanded you. Remember, I'm with you always, to the end of the age." Mme ke gone lo rute barutwa ba basha ba go tshegetsa ditaolo tsotlhe tse ke di lo neileng; mme lo tlhomamise Gore ke na le lona ka malatsi otlhe le go ya bokhutlong jwa lefatshe.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]