Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Mark 6 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 He went out from there and came to his hometown, and his disciples followed him. Mme ka bofefo morago ga moo a tloga mo kgaolong eo a boela le barutwa ba gagwe ba ya Nasaretha, motse wa ga gabo.
2 On the Sabbath he began teaching in the synagogue. Many who heard were amazed: "Where did this man get this? What wisdom is this, given to him? How do such miracles happen through his hands? Mme ka Sabata se se latelang a ya kwa Tempeleng go ya go ruta, mme batho ba gakgamalela botlhale jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe ka ntlha ya gore e ne e le motho fela yo o tshwanang le bone. Mme ba bua ba tenegile ba re, “Ga a botoka go na le rona. Ke mmetli fela, morwa Marea, mogoloa Jakobe le Josefe, Judase le Simone. Le bokgaitsadie re agile nabo.”
3 Isn't this the carpenter, Mary's son, brother of James, Joses, Judas, and Simon? Aren't his sisters here with us?" They were offended by him. Not in this edition
4 Jesus said to them, "A prophet lacks honor only in his hometown, among his relatives, and in his own household." Hong Jesu a ba raya a re, “Moporofiti o tlotlwa gongwe le gongwe fela fa e se mo ga gabo le mo losikeng lwa gagwe le mo go ba ntlo ya gagwe.”
5 He could do no miracle there, except laying hands on a few sick and healing them. Mme ka ntlha ya go tlhoka go dumela ga bone a se ka a kgona go dira dikgakgamatso tse di tona mo go bone, fa e se fela go baya diatla mo baboboding ba se kae, a ba fodisa.
6 He was amazed at their lack of faith. Then he went around the villages teaching. Mme a gakgamalela go tlhoka tumelo ga bone. Hong a tswa a tsamaya mo metseng, a ruta.
7 He called the twelve and began sending them out two by two, giving them authority over unclean spirits. A bitsa barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi a ba roma ka bobedi le bobedi, a ba neetse nonofo ya go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe.
8 He ordered them to take only a staff for the road—no bread, no bag, no money in their belts, A ba raya a re, ba se ka ba tsaya sepe fa e se dithobane tse ba tsamayang ka tsone (diikokotlelo) le fa e le dijo, le fa e le kgetsana le fa e le madi, le fa e le ditlhako kgotsa diaparo tse dingwe.
9 but to wear sandals and not put on two tunics. Not in this edition
10 And he said to them, "Wherever you enter a house, stay there until you leave that place. A ba raya a re, “Fa lo tsena mo motsing nnang mo lwapeng lo le longwe, se suteng fa lo leng teng go tsena ntlo le ntlwana fa lo sa ntse lo le mo motsing oo.
11 Whatever place refuses to welcome or hear you, leaving there, shake the dust off your feet as testimony against them." Fa e le gore ba motse ga ba lo amogele kgotsa ga ba lo reetse itlhotlhoreng lorole mo dinaung tsa lona lo tsamaye; ke sesupo sa gore lo tlogeletse motse oo tshekiso.”
12 So they went out and proclaimed that people should repent. Barutwa ba tsamaya, ba bolelela mongwe le mongwe yo ba kopanang nae gore a sokologe mo dibeng.
13 And they drove out many demons and anointed many sick people with oil and healed them. Mme ba kgoromeletsa ntle mewa e e maswe e le mentsi ba fodisa babobodi ba le bantsi ba ba tlotsa ka lookwane.
14 King Herod heard of it, for Jesus's name had become known. Some were saying, "John the Baptist has been raised from the dead; that is why these miraculous powers are at work in him." Mme ka bofefo Kgosi Herode a utlwa kaga Jesu, gonne dikgakgamatso tsa gagwe di ne di buiwa gongwe le gongwe. Kgosi e ne e akanya gore Jesu ke Johane wa Mokolobetsi a boetse mo botshelong. Hong batho ba ne ba re, “Ga go gakgamatse fa a ka dira dikgakgamatso tse di kalo.”
15 But others said, "He's Elijah." Others said, "He's a prophet, like one of the prophets of old." Mme ba bangwe ba ne ba gopola gore Jesu ke Elija Moporofiti wa bogologolo o ka ne a boetse gape mo botshelong; ba bangwe ba gopola gore ke moporofiti yo mosha yo o tshwanang le bangwe ba ba tona ba bogologolo.
16 But when Herod heard of it, he said, "John, whom I beheaded, has been raised." Herode a re, “Nnyaa, ke Johane, monna yo ke mo kgaotseng tlhogo. O tsogile mo baswing.”
17 Herod had sent and seized John, binding him in prison because of Herodias, his brother Philip's wife, whom he had married. Gonne Herode o ne a rometse masole go tshwara Johane go mo isa kgolegelong ka ntlha ya gore o ne a tswelela a ntse a re, ke phoso fa kgosi e nyala Herodiase, mogatsa Filipo monnawe kgosi.
18 For John kept telling Herod, "It is not lawful for you to have your brother's wife." Not in this edition
19 And Herodias held a grudge against him and wanted to kill him, but she could not, Herodiase o ne a batla gore Johane a bolawe a ipusulosetse, le fa go ntse jalo, kwa ntle ga tumalano ya ga Herode, Herodiase a palelwa.
20 Herod feared John, knowing him righteous and holy, and protected him. Hearing John left Herod deeply puzzled, yet he gladly listened to him. Herode o ne a tlotla Johane, a itse fa e le motho yo o molemo a bile a le boitshepo, foo a mmaya ka fa tlase ga tshireletso ya gagwe. Herode o ne a tshwenyega nako tsotlhe fa a bua le Johane, le fa go ntse jalo o ne a rata go mo reetsa.
21 Then a fitting day came: Herod's birthday, when he gave a banquet for his nobles, military commanders, and Galilee's leading men. Mme ya re la bofelo lobaka lwa ga Herodiase la tla. Ya re letsatsi la botsalo jwa ga Herode, Herode a direla bagolwane ba bogosi jwa gagwe mokete le bagolwane ba sesole, le baeteledipele ba baagedi ba motse wa Galalea.
22 When Herodias's daughter entered and danced, she delighted Herod and his dinner guests. The king told the girl, "Ask me for anything you want, and I'll give it to you." Hong ngwana wa mosetsana wa ga Herodiase a tla a bina fa pele ga bone ka botswerere a ba itumedisa fela botlhe. Kgosi ya mo raya ya re, “Nkopa sengwe se o se ratang,” “Le fa e le bontlha jwa bogosi jwa me, mme ke tla bo go naya!”
23 He swore to her, "Whatever you ask me, I'll give you—up to half my kingdom." Not in this edition
24 She went out and said to her mother, "What should I ask?" She said, "The head of John the Baptist." Mme a tsamaya a ya go itsise mmaagwe, yo o neng a mo raya a re, “Lopa tlhogo ya ga Johone wa Mokolobetsi!”
25 She went in immediately, with urgency, to the king and asked, "I want you to give me this instant the head of John the Baptist on a platter." Hong a boela kwa morago kwa kgosing a ya go e bolelela, a re, “Ke batla tlhogo ya ga Johane wa Mokolobetsi e le mo mogopong.”
26 Deeply grieved, the king still wouldn't refuse her, because of his oaths and his guests. Mme kgosi ya hutsahala thata, ya tlhajwa ke ditlhong go roba maikano a yone fa pele ga baeng ba yone.
27 The king at once sent an executioner, ordering John's head brought. He went and beheaded him in the prison, Hong a roma mongwe wa batlhokomedi ba gagwe kwa kgolegelong go ya go kgaola tlhogo ya ga Johane le go e lere kwa go ene. Mme lesole la ya go bolaya Johane mo kgolegelong,
28 and brought his head on a platter, gave it to the girl, and the girl gave it to her mother. a tla ka tlhogo ya ga Johane e le mo mogopong, a e naya mosetsana, mosetsana ene a ya go e naya mmaagwe.
29 When John's disciples heard, they came, took his body, and laid it in a tomb. Erile barutwa ba ga Johane ba utlwa se se diragetseng, ba tla ba tsaya mmele wa gagwe ba ya go o boloka mo lebitleng.
30 The apostles gathered to Jesus and told him all that they had done and taught. Mme baaposetoloi ba boela kwa go Jesu ba tswa loetong lwa bone ba mmolelela gotlhe mo ba go dirileng le mo ba go buileng le batho ba ba neng ba ba etela.
31 He told them, "Come away by yourselves to a quiet place and rest a while." For many were coming and going, and they had no time to eat. Hong Jesu a ba raya a re, “A re tsweng mo bontsing jwa batho ka lobakanyana re yeng go itapolosa.” Gonne go ne go na le batho ba le bantsi ba ba tlang le ba ba tsamayang ba sena nako le ya go ja tota.
32 And they went away in the boat to a desolate place by themselves. Mme ba tsamaya ka mokoro ba ya fa lefelong le le tuuletseng.
33 Many saw them leave and recognized them; they ran on foot from every town and got there ahead of them. Mme batho ba le bantsi ba ba bona ba tsamaya mme ba tabogela kwa pele ba le mo lotshitshing ba ba kgatlhantsha fa ba tswa mo mokorong.
34 Stepping ashore, he saw a large crowd and felt compassion for them, for they were like sheep without a shepherd, and began teaching them many things. Fela jaaka gale, bontsi jwa batho jwa bo bo le teng fa a tswa mo mokorong; mme a ba tlhomogela pelo ka ntlha ya gore ba ne ba tshwana le dinku tse di senang modisa a ba ruta dilo di le dintsi tse ba tshwanetseng go di itse.
35 When it was already late, his disciples came to him and said, "This is an isolated place, and it's already late. Mme morago ga tshokologo ya letsatsi barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, “Bolelela batho gore ba tsamaye ba ye kwa metsing e e gaufi le masimo ba ye go itshenkela dijo, gonne ga go na sepe se se ka jewang mo thoteng e, gape go nna bosigo.”
36 Send them away to go into the surrounding countryside and villages and buy themselves something to eat." Not in this edition
37 He replied, "You give them something to eat." They said, "Should we go buy 200 denarii of bread and give them it to eat?" Hong Jesu a re, “Ba fepeng.” Mme ba botsa ba re, “Ka eng? Go tlaa lopa madi a le mantsi go reka dijo tsa bontsi jo bo kana!”
38 He asked them, "How many loaves do you have? Go and see." They found out and said, "Five, and two fish." Mme a ba botsa a re, “Re na le dijo di le kana kang? Tsamayang lo yeng go bona.” Mme ba tla gape go tla go mmolelela gore go na le dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi.
39 Then he commanded them all to sit down in groups on the green grass. Hong Jesu a bolelela bontsi jwa batho gore ba nne fa fatshe, mme ka bonako ba kgaoganngwa ka ditlhopha tsa masome a matlhano kgotsa lekgolo mme botlhe ba bo ba ntse mo bojannyeng jo botala.
40 So they sat down in groups, by hundreds and by fifties. Not in this edition
41 Taking the five loaves and two fish, he looked up to heaven, gave thanks and broke the loaves, gave them to the disciples to set before the people, and divided the two fish among them all. Hong a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa legodimong, a lebogela dijo tseo. A ngathoganya dinkgwe go nna dikapetlana, a neela barutwa ba gagwe bontlha bongwe jwa dinkgwe le ditlhapi go di fa batho.
42 And they all ate and were satisfied. Mme batho baa ja botlhe ba kgora!
43 And they took up twelve baskets full of broken pieces and of the fish. Go ne go le banna ba ka nna dikete di le tlhano ka nako ya dijo, morago ga moo ditlatlana di le lesome le bobedi tsa tlala masalela a a neng a selwa fa fatshe mo bojannyeng!
44 And those who ate the loaves were 5,000 men. Not in this edition
45 At once he made his disciples board the boat and go ahead to the other side, toward Bethsaida, while dismissing the crowd. Mme ka bonako morago ga moo Jesu a laola barutwa ba gagwe gore ba boele mo mokorong ba kgabaganye lecha ba ye Bethesaida, kwa o neng a tlaa kopana le bone teng morago. Fa Ene a ne a sa ntse a saletse go sadisa batho sentle gore ba boele gae.
46 And after he had taken leave of them, he went up on the mountain to pray. Morago ga moo a tsamaya a ya kwa dithabeng go rapela.
47 When evening came, the boat was out on the sea, and he was alone on the land. Mme ya re bosigo, fa barutwa ba gagwe ba le mo mokorong mo gare ga lecha, ene a bo a le nosi ka kwa ntle ga lecha.
48 He saw them straining at the oars, for the wind was against them. Around three in the morning he came to them, walking on the sea. He meant to pass by them, Mme a bona fa ba le mo matshwenyegong a magolo, ba hudua ka bothata le go kgaratlha kgatlhanong le phefo e e tsubutlang le makhubu a lewatle. Erile e ka ne e le nako ya boraro mo mosong a tsamaela kwa go bone mo godimo ga metsi. Mme ya re ekete o a ba feta,
49 but seeing him walk on the sea, they thought it was a ghost and cried out, ba bona sengwe se tsamaya tsamaya fa thoko ga bone ba goa ka letshogo, ba gopola fa e le sepoko,
50 for all saw him and were terrified; but immediately he spoke to them, saying, "Take heart; it is I. Do not be afraid." gonne ba ne ba mmona botlhe. Mme a bua le bone a re, “Go siame, se boifeng! Ke nna.”
51 He got into the boat with them, and the wind stopped; they were completely amazed among themselves, Hong a palama mo mokorong, phefo ya didimala! Ba nna fela foo ba gakgametse.
52 for they did not understand about the loaves, but their hearts were hardened. Gonne ba ne ba ise ba lemoge gore ke mang le fa e le morago ga kgakgamatso ya maabane maitsiboa! Gonne ba ne ba sa batle go dumela.
53 When they had crossed over, they came to land at Gennesaret and moored to the shore. Mme ya re ba fitlha kwa Geneseretha ka fa ntlheng e nngwe ya lecha ba bohelela mokoro,
54 And when they got out of the boat, the people immediately recognized him. ba fologa. Mme batho ba ba neng ba eme mo tikologong eo ba mo lemoga fela ka nako eo,
55 They ran through that whole region and began carrying the sick on mats to wherever they heard he was. mme ba taboga le tikologo yotlhe ba anamisa dikgang kaga kgorogo ya gagwe, ba simolola go rwalela balwetse kwa go ene ka mapara le ka meseme.
56 Wherever he went—villages, towns, countryside—they laid the sick in the marketplaces, begging to touch just the edge of his cloak. All who touched it were healed. Gongwe le gongwe mo a neng a tsamaya teng, mo metsaneng le mo metseng e megolo, le kwa ntle kwa masimo, ba baya balwetse mo dipatlelong tsa marekelo le mo ditseleng ba mo rapela gore a ba letle ba ame makantsa a diaparo tsa gagwe; mme botlhe ba ba mo amileng ba fodisiwa.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]