Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Mark 7 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 The Pharisees and some of the scribes who had come from Jerusalem gathered around Jesus, Ka letsatsi lengwe baeteledipele bangwe ba tumelo ya Sejuta ba tla kwa go ene ba tswa kwa Jerusalema go tla go mo tlhotlhomisa,
2 and they saw that some of his disciples were eating bread with unclean hands—that is, unwashed. ba lemoga gore bangwe ba barutwa ba gagwe ga ba diragatse mekgwa ya bone e e tlwaelesegileng ya Sejuta pele ga ba a ja.
3 (For the Pharisees and all the Jews don't eat unless they wash their hands ceremonially, keeping the elders' tradition. Gonne Bajuta, segolo jang Bafarasai, ga ba ka ke ba a ja pele ga ba tlhapa diatla tsa bone go fitlha mo dikgonong, jaaka go tlhokafala ka dingwao tsa bone tsa bogologolo.
4 When they come from the market, they don't eat without washing. They also hold to many other traditions they've received—washing cups, pitchers, and copper vessels.). Jalo fa ba tla gae ba tswa marekelong ba tshwanetse go tlhapa ka mokgwa oo pele ga ba ka ama dijo. Se ke sengwe sa dikai tse dintsi tsa melao e e tlwaelesegileng e ba saleng ba e ngaparela ka dingwaga di le dintsi e sa ntse e tsweletse e dirisiwa, fela jaaka tlwaelo ya bone ya go tlhatswa dipitsa le senwelo le dijana tse di jelang.
5 Then the Pharisees and scribes asked him, "Why don't your disciples follow the elders' tradition, but eat bread with unclean hands?" Hong baeteledipele ba tumelo ba mmotsa ba re, “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba gago ba sa latele ngwao ya rona ya bogologolo? Gonne ba ja pele ga ba tlhapa.”
6 He replied, "Isaiah prophesied truly about you hypocrites, as written: 'These people honor me with their lips, but their heart is far from me.' Mme Jesu a araba a re, “Baitemokanyi ke lona! Isaia moporofiti o lo bonye sentle fa a re, ‘Batho ba ba bua sentle ka ga Morena mme ba sa mo rate ka boammaaruri. Kobamelo ya bone ke ya dinyana, gonne ba re Modimo o laola batho go obamela melao ya bone! Ruri Isaia o ne a le boammaaruri jang!’
7 'They worship me in vain, teaching as doctrines the commandments of men.' Not in this edition
8 You abandon the commandment of our Father and hold to the tradition of men." Gonne lo itlhokomolosa melao ya Modimo e e tlhomameng mme mo boemong jwa moo lo tshegeditse ngwao ya lona fela.
9 He said to them, "You do a fine job setting aside our Father's commandment to keep your own tradition!" Ga re lo a tle lo gane melao ya Modimo fela lo bo lo e gataka ka dinao gore lo tle lo tshegetse ngwao ya lona.
10 For Moses said, 'Honor your father and your mother,' and 'Whoever curses father or mother must be executed.' Fela jaaka Moshe a lo neile molao o o tswang kwa Modimong; o o reng, ‘Tlotla rrago le mmago!’ Mme a re le fa e le mang yo o buang bosula ka ga rraagwe kgotsa mmaagwe o tshwanetse go swa.
11 "But you say: if anyone tells his father or mother, 'Whatever you'd have gained from me is Corban' (a gift devoted to our Father), Mme lwa re go siame fa motho a itlhokomolosa batsadi ba gagwe ba ba tlhokang, a ba raya a re, ‘Lo intshwarele, ga nkake ka lo thusa! Gonne se ke neng ke tlaa se lo naya ke se ntsheditse Modimo.’
12 then you no longer let him do anything for his father or mother. Jalo lo roba molao wa Modimo go diragatsa ngwao ya lona e e dirilweng ke batho. Mme se ke sekai se le sengwe fela. Go na le tse dingwe di le dintsi thata.”
13 So you cancel the word of our Father with your handed-down tradition. You do many things like this." Not in this edition
14 He called the crowd again and said to them, "Listen to me, all of you, and understand: Hong Jesu a bitsa bontsintsi jwa batho go tla go reetsa: A re, “A mongwe le mongwe wa lona a reetse, lo bo lo leke go tlhaloganya.
15 Nothing outside a person entering him can make him unclean; rather, what comes out of a person is what makes him unclean." Mewa ya lona ga e senngwe ke se lo se jang, mme e senngwa ke se lo se akanyang le se lo se buang!”
17 When he had left the crowd and entered the house, his disciples asked him about the parable. Hong a tsena mo tlung go tswa fa bontsing jwa batho, mme barutwa ba gagwe ba mmotsa gore o rayang ka se a neng a se bolela.
18 He said to them, "Are you also this dull? Don't you understand nothing entering a person from outside can make him unclean, Mme a ba botsa a re, “A le lona ga lo tlhaloganye? A ga lo bone gore se lo se jang ga se kake sa senya mewa ya lona?
19 since it doesn't enter his heart but his stomach, and then goes out into the sewer?" (Saying this, he declared all foods clean.). Gonne dijo ga di amane ka gope le pelo ya gago, mme di feta fela ka mometso di ye kwa di silwang teng,” (go bua se o ne a supa fa mofuta mongwe le mongwe o na le go ka jewa.)
20 He said, "What comes out of a person—that makes him unclean. Mme a nna a tswelela a re, “Ke dikakanyo fela tse di bosula tse di itshekololang.
21 For from within, out of the human heart, come evil thoughts—sexual sin, theft, murder, Gonne go tswa mo dipelong tsa batho, go tswa dikakanyo tse di bosula, tsa dikeletso, bogodu, go bolaya, boaka,
22 adultery, greed, malice, deceit, sensuality, envy, slander, pride, and foolishness. go batla tse e leng tsa ba bangwe, boikepo, tsietso, maaka, dithato, bopelompe, mabela le dilo tsotlhe tsa boeleele.
23 All these evils come from inside and make a person unclean." Mme dilo tse tsotlhe tse di bosula di tswa mo teng; ke tsone tse di go itshekololang gore o seka wa itekanela mo Modimong.”
24 Jesus left there for the region of Tyre. He entered a house, wanting no one to know, but couldn't stay hidden. Mme a tswa a tloga mo Galalea a tsamaya a ya kwa kgaolong ya Ture le Sidona, mme a leka go go dira sephiri sa gore o ne a le teng koo, mme ga seka ga diragala. Gonne jaaka gale, dikgang tsa kgorogo ya gagwe di ne tsa anama ka bofefo.
25 Instead, a woman whose little daughter had an unclean spirit heard about him at once, came, and fell at his feet. Ka bonako ga tla mosadi kwa go ene yo ngwana wa gagwe o neng a na le mowa o o maswe, a utlwaletse kaga Jesu mme a tla a wela fa dinaong tsa gagwe,
26 The woman was Greek, Syrophoenician by birth. She kept asking him to drive the demon out of her daughter. mme a mo rapela gore a golole ngwana wa gagwe mo thateng ya taolo ya mowa o o maswe. (Mme a bo a le modichaba wa Se-Siria le Se-Fonishia yo o nyaditsweng!)
27 He told her, "Let the children eat first, for it's not right to take their bread and toss it to the dogs." Mme Jesu a mo raya a re, “Pele ke tshwanetse go thusa bagaetsho Bajuta. Ga go a siama go tsaya dijo tsa bana o di latlhelela dintsa.”
28 But she replied to him, "Sir, even the dogs under the table eat the children's crumbs." Hong mosadi a araba a re, “Go boammaaruri, Morena, le tsone dintsanyana kafa tlase ga lomati lwa bojelo di newa mafofora a a wang mo dijaneng tsa bana.”
29 He said to her, "Because of this answer, go—the demon has left your daughter." Mme a mo raya a re, “Go siame! O arabile sentle mo eleng gore ke fodisitse ngwana wa gago wa mosetsana. Tsamaya o ye gae, gonne mowa o o maswe o dule mo go ene!”
30 And she went home and found the child lying on the bed, and the demon gone. Mme e rile fa a tsena kwa gae, ngwana wa gagwe a bo a robetse ka tidimalo e kgolo mo bolaong, mme mowa o o maswe wa bo o tsamaile.
31 Then Jesus left the territory of Tyre, went through Sidon to the Sea of Galilee, into the region of the Decapolis. Mme go tswa kwa Ture a tsamaya a ya Sidona, a boela kwa lewatleng la Galalea ka tsela ya metse e le lesome.
32 They brought him a deaf man who could hardly speak, begging him to lay his hand on him. Ga tlisiwa kwa go ene monna yo o neng a sa utlwe e le susu a bile a kwakwaetsa, mme botlhe ba kopa Jesu gore a beye diatla tsa gagwe mo monneng yoo go mo fodisa.
33 Jesus took him aside privately, away from the crowd, put his fingers in the man's ears, spit, and touched his tongue. Jesu a mo ntsha mo bontsing jwa batho a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe a ama loleme lwa monna yoo.
34 Then, looking up to heaven, he sighed deeply and said to him, "Ephphatha!" (that is, "Be opened!"). Hong a leba kwa legodimong, a fegelwa mme a laola gore a “Kabologe!”
35 And immediately his ears were opened, his tongue was released, and he began to speak plainly. Ka bonako monna a simolola go utlwa sentle le go bua sentle ka tlhamalalo!
36 Jesus ordered them to tell no one; but the more he ordered, the more they proclaimed it. Mme Jesu a raya bontsi jwa batho a re ba seka ba bolelela ope, mme le fa a na a ba iditse jalo, bone ba ya ba bolela bogolo segolo.
37 They were completely amazed: "He has done everything well—he makes the deaf hear and the mute speak." Gonne ba ne ba gakgametse ka se se diragetseng. Gangwe le gape ba re, “Sengwe le sengwe se o se dirang ke se se gakgamatsang; o kgona gore ba ba susu ba utlwe le ba ba kwakwaetsang ba bue!”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]