Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Mark 5 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 They came to the other side of the sea, to the region of the Gerasenes. Mme erile fa ba goroga ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha monna mongwe yo o tsenyweng ke mewa e e maswe a betsega mo diphupung, fa Jesu a fologa mo mokorong.
2 As Jesus left the boat, a man with an unclean spirit met him at once, from the tombs. Not in this edition
3 He lived among the tombs, and no one could bind him anymore, not even with a chain. Monna yo o ne a nna mo diphupung, a nonofile mo e leng gore le fa a ne a golegilwe jaaka a ne a tle a dirwe o ne a tle a kgaole dikeetane mo mabogong a gagwe a tsamae. Go ne go se ope yo o mo kgonang.
4 For he'd often been bound with shackles and chains, but tore the chains apart and shattered the shackles—no one had strength to subdue him. Not in this edition
5 Night and day, among the tombs and on the mountains, he cried out constantly, cutting himself with stones. Motshegare otlhe le mo bosigong o ne a lala a tsamaya mo diphupung le mo dithabeng, a goa a itshegaka ka maje a a bogale.
6 And when he saw Jesus from a distance, he ran and fell down before him. Mme e rile Jesu a sa le kgakala kwa ntle mo metsing, monna yo a bo a setse a mmone, a taboga a mo kgatlhantsha, a ba a wela fa pele ga gagwe.
7 Shouting loudly, he said, "What do you want with me, Jesus, Son of the Most High God? I beg you by God, don't torment me!" Hong Jesu a bua le mowa o o maswe o o neng o le mo monneng yo, a re, “Tswa, wena mowa o o maswe.” Mme wa goela kwa godimo wa re, “O ya go dirang ka nna, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.”
8 For Jesus had been saying to him, "Come out of the man, you unclean spirit!" Not in this edition
9 Jesus asked, "What is your name?" "Legion," he said, "we are many." Mme Jesu a botsa moya o o maswe a re, “Leina la gago ke mang?” moya o o maswe wa re, “Mophato, gonne re bantsi thata mo mothong yo.”
10 He kept begging him not to send them out of the region. Hong mewa e e maswe ya mo rapela gangwe le gape gore a se ka a e romela kwa lefatshing le le kgakala.
11 Now a great herd of pigs was feeding there on the hillside. Mme ga bo go le serapa sa dikolobe se hula fa mhapheng wa thaba ntlheng ya lecha.
12 And they begged him, "Send us to the pigs; let us enter them." “Mewa e e maswe ya mo rapela ya re, re romele mo serapeng sele sa dikolobe.”
13 He gave permission. The unclean spirits came out and entered the pigs; the herd—about 2,000—rushed down the cliff into the sea and drowned in the sea. Mme Jesu a e letla. Hong mewa e e maswe ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo mhapheng wa thaba sa thabuela mo lecheng sa betwa ke metse.
14 The herders fled and told it in town and country; people came to see what happened. Mme badisa ba siela mo metseng e e gaufi le mo tikologong ya lefatshe leo ba anamisa dikgang fa ba ntse ba taboga mme mongwe le mongwe a ya go iponela.
15 They came to Jesus and saw the man who had been possessed by the demons, the one who'd had the legion, sitting there, dressed and thinking clearly—and they were afraid. Mme batho ba le bantsi ba tloga ba kokoanela fa Jesu a neng a le teng. Ya re ba bona monna yoo a ntse fa fatshe, a apere e bile a ikutlwa sentle, ba tshoga thata.
16 Eyewitnesses told them what had happened to the demon-possessed man, and about the pigs. Bao botlhe ba ba neng ba bona se se diragetseng ba bolelela mongwe le mongwe ka ga sone.
17 And they began to beg Jesus to leave their region. Mme bontsi jwa batho jwa simolola go rapela Jesu gore a tsamae a ba tlogele!
18 As he was getting into the boat, the once-possessed man begged to be with him. Jalo a boela mo mokorong. Mme monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a kopa Jesu gore a mo letle a tsamae nae.
19 But Jesus refused, telling him instead, "Go home to your own people and tell them how much our Father has done for you, and how he has had mercy on you." Mme Jesu a gana a mo raya a re, “Ya gae kwa ditsaleng tsa gago, o ba bolelele dilo tse dintle tse Modimo o di go diretseng; le ka fa o ileng wa nna le kutlwelo botlhoko ka teng.”
20 He went and began proclaiming in the Decapolis all Jesus had done for him, and everyone was amazed. Hong monna a simolola go etela metse e le some mo tikologong eo a bolelela mongwe le mongwe ka ga dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng; mme ba gakgamadiwa thata ke se o neng a se bolela.
21 When Jesus crossed again by boat to the other side, a large crowd gathered around him by the sea. Mme e rile fa Jesu a sena go kgabaganyetsa ka kwa ntlhenge nngwe ya lecha ka mokoro, batho ba le bantsi ba phuthaganela kwa go ene fa lotshitshing.
22 One of the synagogue leaders, named Jairus, came, saw Jesus, and fell at his feet, Mme moeteledipele wa tempele, yo o neng a bidiwa Jairo, a tla a wela fa pele ga gagwe,
23 and begged him urgently, "My little daughter is dying. Come, lay your hands on her, so she may be healed and live." a mo rapela gore a fodise morwadie. A bua ka tlhwaafalo e kgolo a re, “O gaufi le go swa. Tswee-tswee tla o mmee diatla gore a tshele.”
24 So Jesus went with him. And a great crowd followed him and pressed around him. Hong Jesu a tsamaya nae, mme bontsi jwa batho jwa mo sala morago.
25 And there was a woman with a discharge of blood that had gone on for twelve years. Mo bontsintsing joo go ne go na le mosadi yo o saleng a lwala tshologo ya madi dingwaga di le lesome le bobedi.
26 She had suffered much under many doctors, spent all she owned, gained nothing, and only grew worse. Mme o ne a sa bolo go tshwenyega thata mo dingakeng di le dintsi ka dingwaga e bile a humanegisitswe ke go di duela, mme go ne go sa tokafale ka gope, go ntse go tswelela pele.
27 Hearing about Jesus, she came up behind him in the crowd and touched his cloak. Mme o ne a setse a utlwile dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng, ke gone ka moo o ileng a tla kafa morago ga gagwe mo bontsintsing jwa batho a ama diaparo tsa gagwe.
28 For she kept saying, "If I just touch his garments, I will be made well." Gonne o ne a gopotse ka boene gore, “Fa ke ka ama diaparo tsa gagwe, ke tlaa fola.”
29 Her flow of blood dried up instantly, and she felt in her body that she was healed of her suffering. Mme ka boammaaruri, erile fela fa a sena go mo ama, go tshologa ga madi ga khutla, mme a itse gore o fodile.
30 At once Jesus, aware that power had left him, turned around in the crowd and asked, "Who touched my clothes?" Hong Jesu a lemoga ka bonako gore nonofo ya phodiso e dule mo go ene, a retologela kwa bontsintsing jwa batho a ba botsa a re, “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?”
31 His disciples said to him, "You see the crowd crushing you, yet you ask, 'Who touched me?'" Barutwa ba mo raya ba re, “Bontsintsi jwa batho bo go pitlaganyeditse, mme o botsa gore ke mang yo o go amileng.”
32 And he looked around to see who had done it. Mme a bo a ntse a batlisisa go bona gore ke mang yo o dirileng selo seo.
33 But the woman, afraid and trembling, knowing what had happened to her, came, fell before him, and told him the whole truth. Hong mosadi yo o tshogileng, a roromisiwa ke letshogo ka se se mo diragaletseng, a tla a wela fa dinaung tsa gagwe a mmolelela se a se dirileng.
34 He told her, "Daughter, your faith made you well. Go in peace, healed of your suffering." Mme Jesu a mo raya a re, “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso, o fodile mo bolwetsing jwa gago.”
35 While he was still speaking, people came from the synagogue leader's house, saying, "Your daughter has died. Why bother the Teacher any longer?" Erile fa a sa ntse a bua le ene, barongwa ba goroga ba tswa kwa legaeng la ga Jairo, ka mafoko a a reng morwadio o sule, jalo ga go tlhole go tlhokega gore Jesu a tle.
36 But Jesus overheard what they said and told the synagogue leader, "Don't fear, only believe." Mme Jesu a tlhokomologa puo ya bone a raya Jairo a re, “Se boife! Ikanye nna.”
37 And he allowed no one to follow him except Peter, James, and John the brother of James. Hong Jesu a kganela bontsintsi jwa batho, mme a se ka a letla ope go tsena nae mo legaeng la ga Jairo, fa e se Petere le Jakobe le Johane.
38 They came to the synagogue leader's house and Jesus saw chaos—people weeping, wailing loudly. Mme erile fa ba goroga, Jesu a bona gore dilo tsotlhe di tlhakatlhakanye, go le selelo se segolo le kuruetso.
39 Entering, he said to them, "Why this commotion and crying? The child isn't dead, just asleep." A tsena mo teng a bua le batho, a ba botsa gore, “Ke ka ntlha yang fa go le selelo se se kanakana? Ngwana ga a swa o robetse fela!”
40 They laughed at him. But he sent them all out, took the child's father and mother and his companions, and entered where the child was. Ba mo tshega ka tshotlo, mme a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a tsaya rraa-ngwana le mma-ngwana le barutwa ba gagwe ba le bararo, a tsena mo ntlung e ngwana o neng a beilwe mo go yone.
41 He took her hand and said to her, "Talitha koum," which means, "Little girl, I say to you, get up!" A mo tshwara ka seatla a mo raya a re, “Tsoga mosetsana!” (O ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi). Mme a nanoga a tsamaya! Batsadi ba gagwe ba gakgamala thata.
42 At once the girl got up and walked—for she was twelve—and they were instantly overwhelmed with great amazement. Not in this edition
43 He strictly ordered them to tell no one of this, and said to give her something to eat. Jesu a ba laela ka tlhoafalo gore ba se ka ba bolelela ope se se diragetseng, mme a ba raya a re ba nee ngwana sengwe a je.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]