1Jesus called the twelve together, gave them power and authority over all the demons and to heal diseases.OLEFMme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a phutha baaposetoloi ba gagwe ba ba lesome le bobedi! A ba naya taolo mo meweng e e bosula, a ba naya nonofo go e kgoromeletsa ntle go fodisa malwetse otlhe.
2And he sent them out to proclaim the kingdom of our Father and to heal the sick.OLEFHong a ba roma go ya go bolelela mongwe le mongwe kaga go tla ga Bogosi jwa Modimo le go fodisa balwetse.
3He said to them, "Take nothing for the road: no staff, bag, bread, or money, and don't take two tunics each.OLEFA ba laela a re, “Se tseyeng le fa e le seikokotlelo, kgotsa kgetsana ya loeto, kgotsa dijo, kgotsa madi le fa e le hempe e nngwe.
4Whatever house you enter, stay there, and leave from there.OLEFLo nne fela fa lo gorogetseng teng mo motsing mongwe le mongwe.
5Wherever they won't welcome you, shake the dust off your feet as you leave that town, as a testimony against them."OLEF“Fa batho ba motse ba sa lo reetse fa lo tsena, hularang lo tsamaye, lo supa bogale jwa Modimo kgatlhanong le motse o o ka go itlhotlhora lorole lwa one mo dinaong tsa lona fa lo tsamaya.”
6So they set out and went from village to village, proclaiming the good news and healing everywhere.OLEFMme jalo ba simolola go tlhatlologanya metsana, ba rera Mafoko a a Molemo ba bile ba fodisa balwetse.
7Herod the tetrarch heard all that was happening, and was puzzled, because some said John had been raised from the dead,OLEFMme e rile fa dipolelo tsa dikgakgamatso tsa ga Jesu di tsena kwa go Herode wa mmusi, a tshwenyega thata a akabala, gonne bangwe ba ne ba re “Ke Johane wa Mokolobetsi o rudile”,
8others that Elijah had appeared, and still others that one of the prophets of old had risen.OLEFba bangwe ba re, “Ke Elija kgotsa mongwe wa baporofiti ba bogologolo o tsogile mo losong.” Mme magatwe a a anama le lefatshe lotlhe.
9Herod said, "I beheaded John—so who is this I hear such things about?" He kept seeking to see him.OLEFMme Herode a re, “Ke kgaotse Johane tlhogo.” “Jaanong ke mang monna yo ke utlwang dipolelo tse di sa tlwaelesegang ka ga gagwe?” Mme a eletsa go mmona.
10When the apostles returned, they told Jesus all they had done. He took them and withdrew privately to a town called Bethsaida.OLEFMme ya re Baapostoloi ba sena go boela kwa go Jesu go ya go bolela se ba se dirileng, a ngwangwaela ka tidimalo le bone go ya kwa motsing wa Bethesaida.
11But the crowds found out and followed him. He welcomed them, spoke to them of our Father's kingdom, and healed those who needed it.OLEFMme bontsintsi jwa batho jwa bona kwa o yang gone, mme ba mo sala morago. A ba amogela a ba ruta gape kaga Bogosi jwa Modimo a ba a fodisa ba ba neng ba lwala.
12As the day was ending, the Twelve came and said to him, "Send the crowd away to find lodging and food in the villages and countryside around us—we're in a remote place here."OLEFMo tshokologong barutwa botlhe ba ba lesome le bobedi ba tla ba mo kopa gore a phatlalaletse batho kwa metsaneng le masimo a a gautshwane go ya go batla dijo le marobalo. Ba re, “Gonne ga go na se se jewang fa mo sekakeng se.”
13He said, "You give them something to eat." They said, "We have only five loaves and two fish—unless we go and buy food for this whole crowd."OLEFMme Jesu a fetola a re, “Ba feng dijo!” Mme bone ba re, “Go reng, re na le dinkgwe di le tlhano fela le ditlhapi tse pedi mo gare ga bontsintsi jwa rona, kgotsa o gopotse gore re ye go rekela bontsintsi jo dijo tse di lekaneng?”
14For there were about 5,000 men. He told his disciples, "Seat them in groups of about fifty each."OLEFGonne go ne go na le batho ba ka nna dikete tse tlhano foo. Jesu a fetola a re, “Ba reyeng ba nne fa fatshe ka ditlhopha tse di ka nnang tsa masome a matlhano.”
15They did so, and had everyone sit down.OLEFMme ba dira jalo.
16He took the five loaves and two fish, looked up to heaven, blessed and broke them, then kept giving them to the disciples to serve the crowd.OLEFMme Jesu a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa godimo mo loaping a leboga; mme a ngathoganyetsa barutwa ba gagwe go di abela batho.
17All ate and were satisfied; the leftover pieces filled twelve baskets.OLEFMme mongwe le mongwe a ja a kgora; mme ga sala diroto di le lesome le bobedi di tletse masalela!
18Once, while praying alone with his disciples nearby, Jesus asked them, "Who do the crowds say I am?"OLEFKa letsatsi lengwe fa a le esi, a rapela le barutwa ba gagwe, a tla kwa go bone a ba botsa a re, “Batho ba re ke mang?”
19They answered, "John the Baptist. Others say Elijah. Still others, that an ancient prophet has risen."OLEFBa mo raya ba re, “Johane wa Mokolobetsi, kgotsa gongwe Elija kgotsa mongwe wa baporofiti ba bogologolo a tsogile mo losong.”
20"But who do you say that I am?" he asked. Peter answered, "The Christ of our Father."OLEFHong a ba botsa a re, “Lona lo akanya gore ke mang?” Mme Petere a fetola a re, “O Mesia Keresete wa Modimo!”
21Jesus strictly warned them, ordering them to tell no one this,OLEFMme a ba naya ditaolo tse di gagametseng gore ba se ka ba bolelela ope.
22saying, "The Son of Man must suffer many things and be rejected by the elders, chief priests, and scribes, and be killed, and on the third day be raised."OLEFA re, “Gonne ke tlaa sotlega thata, e bile ke tlaa ganwa ke baeteledipele ba Sejuta, bagolwane, baperesiti ba bagolo le bomaitseanape ba molao, ke tlaa bolawa mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula!”
23Then he told them all, "Whoever wants to come after me must deny himself and take up his cross daily and follow me.OLEFMme a ba raya botlhe a re, “Le fa e le mang yo o batlang go ntshala morago a a tseye mokgoro wa gagwe letsatsi le letsatsi a nne gaufi le nna!
24For whoever intends to save his life will lose it, but whoever loses his life because of me will save it.OLEFLe fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka mme le fa e le mang yo o tsweletseng a boloka botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela;
25For what use is it if someone gains the whole world, yet loses or forfeits himself?OLEFmme go thusang gore motho a gape lefatshe lotlhe mme a latlhegelwe ke botshelo jwa gagwe?
26Whoever is ashamed of me and my words, the Son of Man will be ashamed of him when he comes in his own glory and the glory of the Father and the holy angels.OLEF“Fa nna Morwa Motho, ke tla ka kgalalelo ya ga Rara le baengele ba ba boitshepo, ke tlaa ba tlhabelwa ke ditlhong botlhe ba ba ntlhabelwang ke ditlhong le mafoko a me gompieno.
27But I tell you truly, some standing here will not taste death before they see the kingdom of our Father."OLEFMme boammaaruri jo e leng jone ke jo, bangwe ba lona ba ba emeng fano fa nako e, ga ba kitla ba a swa go fitlhelela lo sena go bona Bogosi jwa Modimo!”
28About eight days after these words, Jesus took Peter, John, and James up a mountain to pray.OLEFMorago ga malatsi a le lesome le bofera bobedi Jesu a tsaya Petere, Jakoba le Johane go ya go rapela kwa dithabeng.
29As he was praying, the appearance of his face changed, and his clothing became dazzling white.OLEFMme ya re a ntse a rapela, sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatsima le diaparo tsa gagwe tsa sweufala tsa lakasela.
30And there were two men talking with him—Moses and Elijah,OLEFHong banna ba babedi Moshe le Elija ba iponatsa mme ba simolola go bua nae.
31who appeared in glory, speaking of his departure, which he was about to fulfill in Jerusalem.OLEFBa ne ba bonala ba galalela, ba le bantle thata; ba bua ka loso lwa gagwe lo lo tlaa diragalang kwa Jerusalema go diragatsa leano la Modimo.
32Peter and his companions were weighed down with sleep; fully awake, they saw his glory and the two men standing with him.OLEFPetere le ba bangwe ba ne ba otsela ebile ba robetse. Hong ba tsoga ba bona Jesu a apesitswe ke phatsimo le kgalalelo, le banna ba babedi ba eme le ene.
33As they were leaving him, Peter said to Jesus, "Master, it's good we're here. Let's make three shelters—one for you, one for Moses, one for Elijah." He didn't know what he was saying.OLEFErile fa Moshe le Elija ba simolola go tsamaya, Petere a sa itlhaloganye, a bile a sa itse se a se buang a kgomoga a re, “Morena, go molemo jang! Re tlaa aga metlaagana e le meraro, o mongwe e le wa gago o mongwe e le wa ga Moshe o mongwe e le wa ga Elija.”
34As he spoke, a cloud came and covered them in shadow; entering it, they were afraid.OLEFMme ya re a santse a bua jaana leru le le phatsimang la ikaga mo godimo ga bone; mme ba tshwarwa ke poifo fa le ba khurumetsa.
35A voice from the cloud said, "This is my Son, my Chosen One—listen to him!"OLEFMme lentswe le le tswang mo lerung la re, “Yo ke morwaake, yo ke mo itlhaoletseng; mo utlweng.”
36When the voice ended, Jesus was found alone. They stayed silent, telling no one in those days what they had seen.OLEFMme ya re morago, lentswe le sena go feta, Jesu a bo a le esi le barutwa ba gagwe. Mme ba seka ba bolelela ope se ba se boneng go fitlhelela morago ga lobaka lo lo leele.
37The next day, when they came down from the mountain, a large crowd met him.OLEFMme ya re ka letsatsi le le latelang fa ba fologa thaba, boidiidi jo bogolo jwa batho jwa mo kgatlhantsha,
38A man from the crowd shouted, "Teacher, please look at my son, because he's my only child.OLEFhong monna mongwe mo bontsing a mo tlhaeletsa a re, “Moruti, mosimane yo o fano yo ke ene fela morwaake,
39A spirit seizes him, and suddenly he cries out; it convulses him until he foams, scarcely leaving him, battering him.OLEFmme mowa o o maswe o tsweletse ka go mo tshwenya, o mo dira gore a goe; mme o mo karalatse gore a bo a phoke mafulo mo molomong; o aga o mo keteka, mme ga o ke o bo o mo tlogela.
40I begged your disciples to drive it out, but they could not."OLEFKe kopile barutwa ba gago gore ba kgoromeletse mowa o o maswe o kwa ntle mme ga ba a ka ba kgona.”
41Jesus answered, "Distrustful, twisted generation, how long must I stay with you and endure you? Bring your son here."OLEFHong Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Batho ba ba logwadi ke lona ba lo senang tumelo, ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae? Mo tliseng kwano.”
42As the boy was coming, the demon threw him down and convulsed him. But Jesus rebuked the unclean spirit, healed the boy, and returned him to his father.OLEFYa re mosimane a tla mowa o o maswe wa mo digela fa fatshe wa mo karalatsa mo go botlhoko. Mme Jesu a laola mowa o o maswe gore o tswele kwa ntle, a fodisa mosimane mme a mo neela rraagwe.
43All were astonished at our Father's majesty. While everyone was amazed at everything Jesus did, he said to his disciples,OLEFMme batho ba welwa ke kgakgamalo fa ba bona tiragalo ya nonofo ya Modimo. E rile ba sa ntse ba bolela dilo tse di molemo tse o neng a di dira, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re,
44"Store these words in your ears: the Son of Man will soon be delivered into human hands."OLEF“Ntheetsang lo bo lo gakologelwe se ke se buang. Nna, Morwa Motho, ke tlaa okwa.”
45But they didn't understand this word—hidden from them so they couldn't grasp it—and they were afraid to ask him about it.OLEFMme barutwa ba gagwe ba ne ba sa itse gore o rayang, gonne megopolo ya bone e ne e kaneletswe, ba boifa go mmotsa.
46Now an argument arose among them as to which of them was the greatest.OLEFMme jaanong ga tsoga kgang mo gare ga bone gore ke ofe wa bone yo o tlaa nnang mogolo [mo Bogosingjo bo tlang]!
47But Jesus, knowing their hearts' thoughts, took a child and stood him beside himself,OLEFMme Jesu a bo a setse a itsile megopolo ya bone, a baya ngwanyana fa go ene,
48and told them, "Whoever receives this child in my name receives me, and whoever receives me receives the one who sent me. For the least among you all—that one is great."OLEFmme a ba raya a re, “Le fa e le mang yo o tlhokomelang ngwananyana yo o tshwanang le yo, o tlhokomela nna! Mme le fa e le mang yo o ntlhokomelang o tlhokometse Modimo o o nthomileng. Tlhokomelo ya lona mo go ba bangwe ke sone selekanyo sa bogolo ba lona.”
49John said, "Master, we saw someone driving out demons in your name and tried to stop him, because he doesn't follow with us."OLEFMme morutwa mongwe wa gagwe ebong Johane a tla kwa go ene a re, “Morena, re bone mongwe a dirisa leina la gago go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle. Mme ra mo itsa. Ka gonne e ne e se wa setlhopha sa rona!”
50"Do not stop him," Jesus said to him, "for whoever is not against you is for you."OLEFMme Jesu a re, “Ga lo a tshwanela go ka bo lo dirile jalo! Gonne mongwe le mongwe yo o seng kgatlhanong le lona ke wa lona.”
51When the days neared for him to be taken up to heaven, Jesus resolutely set his face to go to Jerusalem.OLEFMme ya re ka lobaka lwa gagwe lwa go boela kwa legodimong lo atamela, a tsamaya ka boiketlo go ya Jerusalema ka maikaelelo a a tlhomameng.
52He sent messengers ahead of him. They went and entered a Samaritan village to prepare for him,OLEFMme ya re ka letsatsi lengwe a romela barongwa kwa pele go ya go ba baakanyetsa matlwana mo motseng wa Samaria.
53but the people there did not welcome him, because he was heading for Jerusalem.OLEFMme batho ba motse oo ba ba koba ba gana go ba amogela ka gore ba ne ba fetela Jerusalema.
54Seeing this, the disciples James and John said, "Lord, do you want us to call down fire from heaven to consume them?"OLEFMme e rile fa ba utlwa gore go diragetseng, Jakobe le Johane ba raya Jesu ba re, “Morena, a ke re laole molelo gore o fologe kwa legodimong o ba laile?”
55But he turned and rebuked them.OLEFMme Jesu a retologa a ba kgalemela,
56And they went on to another village.OLEFmme ba tsamaela kwa motseng o mongwe.
57As they walked the road, someone said to him, "I'll follow you wherever you go."OLEFYa re ba ntse ba tsamaya mongwe a raya Jesu a re, “Nna ke tlaa go sala morago gongwe le gongwe kwa o yang teng.”
58Jesus said, "Foxes have dens, birds of the sky have nests, but the Son of Man has nowhere to lay his head."OLEFMme Jesu a mo fetola a re, “Gakologelwa gore ga ke na fa ke robalang teng, bophokoje ba na le mesima e ba nnang mo go yone, le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho ga ke na lelapa mo lefatsheng gotlhelele.”
59To another he said, "Follow me." He replied, "Lord, first let me go bury my father."OLEFMme ya re ka nako e nngwe fa a laletsa monna mongwe go nna morutwa wa gagwe, monna a dumela, mme a batla go leta go fitlhela loso lwa ga rraagwe.
60But Jesus told him, "Let the dead bury their own dead, but you go proclaim the kingdom of our Father."OLEFHong Jesu a mo fetola a re, “Lesa ba ba senang botshelo jo bo sa khutleng ba dire dilo tse di ntseng jalo. Wena tiro ya gago ke go tla go rerela lefatshe lotlhe Bogosi jwa Modimo.”
61Another also said, "I'll follow you, Lord, but first let me say goodbye to those at my house."OLEFYo mongwe a re, “Ee, Morena, ke tlaa tla, mme ntetla go ya go kopa tetlelelo mo go bagaetsho.”
62Jesus replied, "No one who puts a hand to the plow and looks back is fit for our Father's kingdom."OLEFMme Jesu a mo raya a re, “Le fa ele mang yo o iteseletsang go tsietsega mo tirong e ke e mo laetseng ga a a nonofela Bogosi jwa Modimo.”