Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Luke 10 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 After this, the Lord appointed seventy-two more, sending them ahead of him two by two, into every town and place he himself intended to go. Hong Morena a tlhopha barutwa ba le masome a supa mme a ba roma ka bobedi ka bobedi mo metseng le metsana e o neng a laotse go e etela.
2 He told them, "The harvest is plentiful, but workers are few. So ask the Father of the harvest to send out workers into his harvest. Mme ditaelo tse a neng a di ba naya ke tse: “Rapelang Morena wa thobo gore a romele badiri ba bangwe go tla go lo thusa.
3 Go! Look, I am sending you out like lambs among wolves. Tsamayang jaanong, mme lo gakologelwe gore ke lo roma jaaka dikonyana mo gare ga diphiri.
4 Carry no purse, no bag, no sandals, and greet no one on the road. Lo se ka lwa tsaya madi, kgotsa kgetsana, kgotsa le fa e le dilwana tse dingwe le gone lo se ka lwa senya nako mo tseleng.
5 Whatever house you enter, first say, 'Peace to this house.' “Mme e ne e re fa lo tsena mo lolwapeng, lo lo segofatsa.
6 If a person of peace is there, your peace will rest on them; if not, it will return to you. Fa lo tshwanelwa ke tshegofatso, tshegofatso e tlaa nna mo go lone; fa e sa lo tshwanele; tshegofatso e tlaa boela mo go lona.
7 Stay in that house, eating and drinking what's offered, for the worker deserves his wage. Don't move from house to house. “Mme e re fa lo tsena mo motseng,
8 Whenever you enter a town and they welcome you, eat what is set before you. Fa lo amogelesega mo motseng lo se ka lwa tlhatlologanya malwapa, lo nne mo lefelong le le lengwe, lo o ja lo o nwa se lo tlaa bong lo se newa kwa ntle ga potso epe. Mme lo se ka lwa etsaetsega ka go amogelesega mo motseng, fa lo amogelesega mo motsing, lo latele ditaolo tse pedi tse: jang sengwe le sengwe se lo se fiwang. Fodisang balwetse; mme e re fa lo ba fodisa lo ba reyeng lo re ‘Bogosi jwa Modimo bo gaufi le lona thata gompieno.’
9 Heal the sick there and tell them, 'The kingdom of our Father has come near to you.' Not in this edition
10 But when you enter a town that doesn't welcome you, go out into its streets and say, “Mme fa batho ba motse ba lo gana, tsamayang le mebila ya one lo re,
11 'Even your town's dust stuck to our feet, we wipe off against you. Yet know this: the kingdom of our Father has come near.' ‘Re tlhotlhora lorole lwa motse wa lona mo dinaong tsa rona elekanamiso ya lona mo pontsheng. Lo se lebale gore lo ne lo le gaufi jang le Bogosi jwa Modimo!’
12 I tell you, it will be more bearable on that day for Sodom than for that town. “Le Sodoma tota yo o bosula o tlaa nna botoka go na le motse oo ka letsatsi la katlholo.
13 "Woe to you, Chorazin! Woe to you, Bethsaida! Had the miracles done among you happened in Tyre and Sidon, they would have repented long ago, sitting in sackcloth and ashes. A bo go latlhega lona, metse ya Korasina le Bethesaida! Gonne fa dikgakgamatso tse ke di lo diretseng di ka bo di dirilwe mo metseng ya Ture le Sidona, batho ba yone ba ka bo ba sa bolo go sokologa bogologolo, ba apere letsela la kgetse ba bile ba latlhetse melora mo ditlhogong tsa bone go supa kutlobotlhoko ya dipelo tsa bone.
14 But it will be more bearable for Tyre and Sidon at the judgment than for you. Ee, Ture le Sidona ba tlaa reng kaga lona? A lo tlaa golelediwa kwa legodimong? Nnyaa, lo tlaa folosediwa kwa moleteng.”
15 And you, Capernaum, will you be lifted to heaven? You'll be brought down to the grave. Mme lona batho ba Kaperenama, ke tla reng kaga lona? A lo tla galalediwa kwa legodimong? Nnyaa, lo tla folosediwa kwa moleteng.
16 Whoever listens to you listens to me; whoever rejects you rejects me; whoever rejects me rejects the one who sent me." Mme a raya barutwa ba gagwe a re, “Ba ba lo amogelang ba amogela nna. Mme ba ba lo ganang ba gana nna. Le ba ba nkganang ba gana Modimo o o nthomileng.”
17 The seventy-two returned with joy and said, "Lord, even the demons submit to us in your name." Mme e rile barutwa ba gagwe ba ba masome a supa ba boa, ba mmolelela ka boitumelo ba re, “Le mewa e e maswe tota e a re utlwa fa re dirisa leina la gago.”
18 He said to them, "I saw Satan fall like lightning from heaven. Mme Jesu a ba raya a re, “Ee, ke bone Satane a wa kwa legodimong jaaka logadima!
19 Look, I have given you authority to trample on snakes and scorpions, and over all the enemy's power—nothing will harm you. Mme ke lo neetse taolo mo nonofong yotlhe ya Mmaba le go tsamaya mo gare ga dinoga le diphepheng le go di gataka. Mme ga go na sepe se se tlaa lo utlwisang botlhoko!
20 But don't rejoice that the spirits submit to you—rejoice that your names are written in heaven." Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa ga se go re mewa e e maswe e a lo utlwa, mme e bo e le gore maina a lona a kwadilwe jaaka baagedi ba legodimo.”
21 At that moment Jesus rejoiced in the Holy Spirit and said, "Father, Sovereign of heaven and earth, I praise you—you hid these things from the wise and clever, and revealed them to little children. Yes, Father, for this pleased you." Mme a tlala boitumelo jwa Mowa O O Boitshepo a re, “Ke a go baka, Rara Morena wa legodimo le lefatshe, ka go fitlhela ba ba nang le ditlhaloganyo le botlhale, dilo tse, mme wa di senolela ba ba ikanyegang jaaka bana. Ee, ke a leboga, gonne ke ka fa o batlileng ka teng.
22 "All has been given to me by my Father. No one knows who the Son is but the Father, or who the Father is but the Son—and whoever the Son chooses to reveal him to." Ke moemedi wa ga Rre mo dilong tsotlhe; mme ga go ope tota yo o itseng Morwa fa e se Rara, le gone ga go ope yo o itseng Rara fa e se Morwa le ba Morwa o ba tlhophang go mo senola.”
23 Then turning to the disciples, he said privately, "Blessed are the eyes that see what you see! Mme Jesu a retologela kwa barutweng ba gagwe ba ba lesome le bobedi a ba sebetsa a re, “Lo lesego jang go bona dilo tse lo di boneng.
24 For I tell you, many prophets and kings wanted to see what you see and never saw it, to hear what you hear and never heard it." Baporofiti ba le bantsi le dikgosi tsa bogologolo ba ne ba eletsa malatsi ano, go bona le go utlwa se lo se boneng le se lo se utlwileng!”
25 A lawyer stood and tested him: "Teacher, what must I do to inherit eternal life?" Ka letsatsi lengwe moitseanape wa melao ya ga Moshe a tla go leka tumelo ya ga Jesu ka go mmotsa potso e: “Moruti, motho o tshwanelwa ke go dira eng gore a nnele ruri mo legodimong?”
26 He said to him, "What is written in the Law? How do you read it?" Mme Jesu a fetola a re, “Molao wa ga Moshe wa reng ka ga gone?”
27 He answered, "Love your Father with all your heart, with all your soul, with all your strength, with all your mind, and your neighbor as yourself." Mme moitseanape a fetola a re, wa re, “O tshwanetse go rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo yotlhe ya gago, le ka mogopolo otlhe wa gago. Le gore o tshwanetse go rata mong ka wena fela jaaka o ithata.”
28 He said to him, "You have answered correctly. Do this and you will live." Jesu a mo raya a re, “Go siame, dira sone se mme o tlaa tshela!”
29 But wanting to justify himself, he asked Jesus, "And who is my neighbor?" Monna a batla go siamisa (go tlhaela ga lorato lwa gagwe mo bathung bangwe) jalo a botsa a re, “Bangwe ka nna ba fe?”
30 Jesus said, "A man went down from Jerusalem to Jericho and fell among robbers, who stripped and beat him, then left him half dead. Jesu a mo fetola ka setshwantsho: a re, “Mojuta mongwe o kile ya re a etile go tswa Jerusalema go ya Jeriko a tlhaselwa ke dinokwane. Tsa mo tseela diaparo le madi tsa ba tsa mo keteka mme tsa mo tlogela a namaletse foo.
31 Now, by chance a priest was going down that road; seeing him, he passed by on the other side. Ka tshoganetso Moperesiti wa Mojuta a feta ka tsela eo, mme ya re a mmona a mo feta fela.
32 So too a Levite came to the place, saw him, and passed by on the other side. Fela jalo le Molefi ya re a fitlha felong foo, mme a mmona a mo feta fela.
33 But a Samaritan traveling that road found him, and seeing him, was moved with compassion. “Mme ga tla Mosamaria yo o nyatsegileng, e rile a mmona, a tlhomoga pelo thata.
34 He went to him, bandaged his wounds, poured on oil and wine, put him on his own animal, took him to an inn, and cared for him. A obama ka mangole fa go ene a tlotsa dintho tsa gagwe molemo a ba a di fapa. Mme a pega monna mo tonking a tsamaya fa thoko ga gagwe go fitlhelela ba tsena hoteleng, kwa o neng a mo oka bosigo jotlhe teng.
35 The next day he took out two silver coins, gave them to the innkeeper, and said, 'Take care of him. Whatever more you spend, I will repay when I return.' Ka letsatsi le le latelang a naya motlhokomedi wa hotele dipula di le masome a mane a mo laela gore a tlhokomele monna yoo a mo raya a re, ‘Fa ditshenyegelo tsa gago di feta foo; ke tlaa go duela a a setseng fa ke boa.’
36 Which of these three do you think became a neighbor to the man who fell among the robbers?" “Jaanong ke ofe mo go ba bararo ba yo wena o ka reng e ne e le mongwe ka yo o bolailweng ke dinokwane?”
37 He said, "The one who showed him mercy." Jesus said to him, "Go and do likewise." Monna a fetola a re, “Ke yo o mo tlhomoge-tseng pelo.” Mme Jesu are, “Ee, jaanong tsamaya o dire fela jalo.”
38 As they traveled, Jesus entered a village. A woman named Martha welcomed him into her home. Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba tsweletse mo loetong lwa bone go ya Jerusalema ba tsena mo motsaneng mongwe kwa mosadi yo o neng a bidiwa Maratha o neng a ba amogela mo lwapeng lwa gagwe.
39 She had a sister called Mary, who sat at the Lord's feet and listened to his teaching. Monnawe Marea a nna fa fatshe, a reeditse Jesu fa a bua.
40 But Martha was distracted by all the serving. She came to him and said, "Lord, don't you care that my sister left me to serve alone? Tell her to help me." Mme Morena a mo raya a re, Maratha, tsala ee rategang, o ngongorega thata mo dilong tse tsotlhe.
41 But the Lord answered her, "Martha, Martha, you are anxious and troubled about many things, Mme Maratha e ne e le motho yo o matlhagatlhaga, mme a bo a ngongorega fa a ntse a baakanya dijo. Hong a tla kwa go Jesu a re, “Morena, a ga o bone gore ga go a siama gore ke dire tiro yotlhe nnake ene a ntse fela fa fatshe.
42 but one thing is needed. Mary has chosen the good share; it won't be taken from her." Go na le selo se le sengwe fela se o tshwanetseng go amega mo go sone, Marea o se bone, mme ga nke ke se tsaya mo go ene!”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]