1Soon after, he traveled through towns and villages, preaching and announcing the good news of our Father's kingdom. The twelve were with him,OLEFMme ka bofefo morago ga moo a etela metse le metsana ya Galalea go bolela go tla ga Bogosi jwa Modimo, mme a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi.
2and some women healed of evil spirits and illnesses: Mary, called Magdalene, from whom seven demons had left,OLEFBasadi bangwe ba tsamaya nae, ba o ntshitseng mewa e e maswe mo go bone kgotsa ba o ba fodisitseng; mo go bone go ne go le Marea Magatalena (Jesu o ne a ntshitse mewa e e maswe ele supa mo go ene).
3and Joanna, wife of Chuza, manager for Herod, and Susanna, and many others, who supported them from their own resources.OLEFJoana mosadi wa ga Chusa (Chusa e ne e le molaodi wa papadi ya ga Kgosi Herode a bile a le motlhokomedi wa ntlo ya segosi le dilwana tsa yone). Susana, le ba bangwe ba ba neng ba ntsha dikatso go otla Jesu le barutwa ba gagwe.
4As a large crowd gathered, with people from every town coming to him, he spoke in a parable:OLEFKa letsatsi lengwe a neela boidiidi jwa batho ba ba neng ba phuthegile go tla go mo utlwa, setshwantsho se, fa ba bangwe ba bantsi ba sa ntse ba le mo tseleng ba tswa mo metseng e mengwe.
5"A sower went out to sow. As he sowed, some seed fell on the path, got trampled, and birds of the sky ate it.OLEF“Molemi o kile a tswela kwa tshimong ya gagwe go ya go jala peo. Ya re a gasa peo fa fatshe, nngwe ya yone ya wela mo tseleng mme ya gatakwa; mme dinonyane tsa e e ja ka e ne e le mo lobaleng.
6Other seed fell on rock; sprouting, it withered from lack of moisture.OLEFPeo e nngwe ya wela mo mmunyaneng o go neng go ikadile letlapa ka fa tlase ga one. Peo ya simolola go gola, mme ka bonako ya swaba ya a swa ka ntlha ya go tlhoka longola.
7Some fell among the thorns, and the thorns grew up with it and choked it.OLEFPeo e nngwe ya wela mo gare ga masitlwana, mme medi e mennye ya akofa ya hupela.
8Other seed fell on good soil, grew, and yielded a hundredfold." Saying this, he called out, "Whoever has ears to hear, let him hear."OLEFE nngwe ya wela mo mmung o o molemo; peo e ya gola ya ungwa thobo ya selekanyo sa lekgolo go menagane go gaisa ka fa a neng a jetse ka teng.” (Ya re a a fa setshwantsho se a re, “Yo o nang le ditsebe a a utlwe.”)
9His disciples asked him what this parable meant.OLEFBaapostoloi ba gagwe ba mmotsa gore polelo e e rayang.
10He said, "You've been given to know the secrets of our Father's kingdom; the rest get parables, so that 'seeing they may not see, and hearing they may not understand.'"OLEFMme a fetola a re, “Modimo o lo letleletse go itse tlhaloso ya ditshwantsho tse, gonne di bolela tiro e kgolo ya Bogosi jwa Modimo. Mme bontsintsi jo jwa batho bo utlwa mafoko mme ga ba tlhaloganye, fela jaaka baporofiti ba boletse.
11"Now the parable is this: The seed is the word of our Father.OLEF“Tlhaloso ya sone ke e: Peo ke molaetsa wa Modimo mo bathong.
12Those along the path are the ones who hear; then the devil comes and takes the word from their hearts, so they won't believe and be saved.OLEFTsela e e kwakwaletseng e peo nngwe e wetseng mo go yone e tshwantshiwa le dipelo tse di thata tsa batho ba ba utlwang mafoko a Modimo, mme diabolo a tle a utswe mafoko a kganele batho go dumela le go bolokwa.
13Those on the rock hear the word and receive it with joy, but have no root; they believe for a while, then fall away in time of testing.OLEFLefatshe le le maje le tshwantshiwa le ba ba itumelelang go reetsa dithero, mme ka mokgwa mongwe molaetsa tota o sa tsene mo go bone le gone ga o mele ebile ga o gole. Ba a itse gore molaetsa o o boammaaruri mme ba dumela ka lobakanyana fela; ere fa dipogiso di tla ba felelwe, ke kgatlhego.
14What fell among thorns: these are those who hear, but as they go, life's worries, wealth, and pleasures choke them, and their fruit never matures.OLEFPeo e e mo gare ga mitlwa e tshwantshiwa le batho ba ba dumelang mafoko a Modimo mme ba e reng morago tumelo ya bone e hupediwe ke matshwenyego le dikhumo le ditiro le maitumelo a botshelo. Mme jalo ga ba na nonofo ya go thusa ope go dumela Mafoko a a Molemo.
15But the one in good soil: these hear the word with an honest, good heart, hold it firmly, and bear fruit through perseverance."OLEF“Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le batho ba ba ikanyegang ba ba pelo di siameng. Ba reetsa mafoko a Modimo ba a tshegetse mme ba a anamise ka bonya mo go ba bangwe.”
16"No one lights a lamp, covers it with a jar, or puts it under a bed; instead, he sets it on a stand, so those entering can see the light.OLEF[Ka nako e nngwe a botsa a re,] “E mang yo o kileng a utlwalela mongwe yo e a reng a sena go tshuba lobone a lo khurumetse gore lo se ka lwa bonesa? Nnyaa! Dipone di bewa mo di ka bonwang teng.
17For nothing is hidden that won't be revealed, nothing secret that won't be known and brought to light.OLEFSe se supa gore ka letsatsi leo sengwe le sengwe [mo dipelong tsa batho] se tlaa leriwe mo leseding mme se supegediwe botlhe.
18So watch how you listen, for whoever has, more will be given to him; whoever has not, even what he thinks he has will be taken away."OLEFJalo itlhokomeleng ka fa lo reetsang ka gone, gonne yo o nang le gone, o tlaa newa mo go tona; mme le fa e le mang yo o senang sepe, le e leng se o nang naso tota o tlaa se tseelwa.”
19His mother and brothers came to him but couldn't reach him because of the crowd.OLEFMme ya re ka nako nngwe fa mmaagwe le bomonnawe ba tsile go mmona, ba seka ba tsena mo tlung e o neng a ruta mo go yone ka ntlha ya bontsintsi jwa batho.
20And he was told, "Your mother and your brothers are standing outside, wanting to see you."OLEFE rile Jesu a utlwa fa ba eme kwa ntle ba batla go mmona,
21But he answered them, "My mother and my brothers are those who hear the word of our Father and do it."OLEFa re, “Mme le bonnake ke botlhe ba ba utlwang molaetsa wa Modimo ba bo ba o tshegetsa.”
22One day he and his disciples got into a boat. He said to them, "Let us cross over to the other side of the lake." So they set out.OLEFKa letsatsi lengwe mo lobakeng loo, fa ene le barutwa ba gagwe ba le kwa ntle mo mokorong, a ntsha mogopolo wa gore ba kgabaganyetse ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.
23As they sailed, he fell asleep. A windstorm swept down on the lake; the boat filled with water, and they were endangered.OLEFMme ya re ba kgabaganya a rapama a thulamela, mme ya re a sa ntse a robetse ga tsoga matsubutsubu a phefo a a boitshegang a leka go kgaphela mokoro mo lewatleng. Mme ba ne ba le mo diphatseng tse di kgolo.
24They woke him, saying, "Master, Master, we're dying!" He got up, rebuked the wind and the raging water; they stopped, and it grew calm.OLEFMme ba taboga ba mo tsosa ba goa ba re, “Morena, Morena re a nwela!” Hong a bua le phefo a re, “Kgaotsa,” mme diphefo le makhubu a metse tsa khutla, gotlhe ga nna tidimalo.
25He asked them, "Where is your faith?" Afraid and amazed, they said to each other, "Who then is this? He commands even the winds and water, and they obey him."OLEFMme a ba botsa a re, “Tumelo ya lona e kae?” Mme ba bo ba tletse therego le go mmoifa ba raana ba re, “Monna yo ke mang, yo le e leng diphefo le makhubu a metse a mo utlwang?”
26Then they sailed to the region of the Gerasenes, which is opposite Galilee.OLEFMme ba goroga ka fa ntlheng e nngwe, mo lefatsheng la Bagerasena go lebagana le lecha la Galalea.
27As Jesus stepped onto land, a demon-possessed man from the city met him. For a long time he'd worn no clothes and stayed not in a house but among the tombs.OLEFYa re a fologa mo mokorong monna yo o tswang mo motseng wa Gatara a tla go mo kgatlhantsha, monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe ka lobaka lo lo leele. A se na legae a bile a sa ikatega, a nna mo mabitleng mo gare ga diphupu.
28Seeing Jesus, he cried out, fell before him, and said loudly, "What do you want with me, Jesus, Son of the Most High God? I beg you, don't torment me!"OLEFYa re ka bonako fa a bona Jesu a gala a wela fa fatshe fa pele ga ga Jesu, a goa, a re, “O batla go dirang ka nna, Jesu, Morwa Modimo o o tlotlegang? Tsweetswee, ke a go rapela, o se ka wa ntlhokofatsa!”
29Jesus had ordered the unclean spirit out of the man, for it had often seized him; though guarded and bound with chains and shackles, he would break them and be driven by the demon into the wilderness.OLEFGonne Jesu o ne a setse a laola mowa o o maswe gore o tswe mo go ene. Mowa o o maswe o ne o tle o laole monna yo mo e leng gore e ne e tle e re le fa a bofilwe ka dikeetane a kgaole mme a siele mo nageng, a laolwa ke mowa o o maswe gotlhelele.
30Jesus asked him, "What is your name?" He said, "Legion," for many demons had entered him.OLEFMme Jesu a botsa mowa oo maswe a re, “Leina la gago ke mang?” Mme wa fetola wa re, “Diketekete,” gonne o ne a tletse diketekete tsa mowa o o maswe!
31And they begged him not to command them to depart into the abyss.OLEFMme ya mo kopa gore a se ka a e laolela go tsena mo lehuting le le senang bolekanngo.
32A large herd of pigs was feeding on the hillside there. The demons begged him to let them enter the pigs, and he allowed it.OLEFSerapa sa dikolobe sa bo se fula gautshwane mo mhapheng wa thaba mme mewa e e maswe ya mo kopa gore a e letle go tsena mo dikolobeng. Mme Jesu a e letla.
33So the demons left the man and entered the pigs; the herd rushed down the cliff into the lake and drowned.OLEFMme ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme ka bonako serapa sotlhe sa kgokologa thaba sa wela mo teng ga lecha kwa tlase, mo di neng tsa nwela teng tsotlhe.
34Herdsmen saw it, fled, and reported it in the city and in the countryside.OLEFHong badisa ba dikolobe ba sianela kwa motsing o o gaufi, ba gasa mafoko fa ba ntse ba siana.
35The crowd came out to see what had happened. Reaching Jesus, they found the man freed of demons sitting at Jesus' feet, dressed and clear-minded—and fear seized them.OLEFKa bofefo bontsintsi jwa batho jwa tla go iponela ka bobone se se diragetseng mme ba bona monna yo o neng a tsenwe ke mowa o o maswe a ntse ka tidimalo fa dinaong tsa ga Jesu, a apere a bile a ikutlwa sentle. Mme bontsintsi jwa batho botlhe ba tshoga thata.
36And those who had seen it told them how the demon-possessed man had been healed.OLEFHong ba ba neng ba bone selo se se diragala ba bolela ka fa monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a fodisitsweng ka teng.
37All the people of the Gerasene region asked him to leave them, because great fear gripped them. So he boarded the boat and went back.OLEFMme batho botlhe ba kopa Jesu gore a tsamaye a ba tlogele (gonne therego e kgolo ya letshogo e ne ya ba wela). Mme a boela kwa mokorong a tsamaya, a kgabaganyetsa gape ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.
38The man the demons had left begged to go with him, but Jesus sent him away, saying,OLEFMonna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a kopa go tsamaya le ene, mme Jesu a gana.
39"Return home; tell how much our Father has done for you." He went, proclaiming throughout the whole city how much Jesus had done for him.OLEFA mo raya a re, “Boela kwa go ba ntlo ya gago, o ba bolelele selo se sentle se Modimo o se go diretseng.” O ne a tsamaya le motse otlhe a bolelela mongwe le mongwe kaga kgakgamatso e kgolo ya ga Jesu.
40Now when Jesus returned, the crowd welcomed him, for they were all waiting for him.OLEFKa fa ntlheng e nngwe ya lecha bontsintsi jwa batho jwa mo amogela ka botlalo, gonne ba ne ba ntse ba mo lebeletse.
41A man named Jairus, a synagogue leader, came and fell at Jesus' feet, begging him to come to his house,OLEFMme jaanong monna yo o neng a bidiwa Jairo, moeteledipele wa ntlo ya thuto ya Sejuta, a tla a wela fa dinaong tsa ga Jesu a mo kopa gore a ye nae kwa ga gagwe,
42for he had an only daughter, about twelve years old, dying. As Jesus went, crowds pressed around him.OLEFgonne ngwana wa gagwe yo o esi o ne a swa, morweetsana wa dingwaga tse di lesome le bobedi. Mme Jesu a tsamaya nae, ba sutlhelela ka bothata mo gare ga batho.
43A woman had bled for twelve years; she had spent her whole livelihood on doctors, but none could heal her.OLEFYa re ba ntse ba tsamaya mosadi yo o neng a batla phodiso a tla kwa morago a ama Jesu, gonne o ne a dutlile madi ka bonya selekanyo sa dingwaga di le lesome le bobedi, mme a sa bone kalafi (ntswa a sentse sengwe le sengwe se a neng a na naso mo dingakeng), mme nako e o neng a ama ntlha ya seaparo sa ga Jesu, madi a ema.
44Coming up behind him, she touched the tassel of his cloak, and her bleeding stopped instantly.OLEFNot in this edition
45Jesus said, "Who touched me?" When all denied it, Peter said, "Master, the crowds crowd and press against you."OLEFMme Jesu a botsa a re, “Ke mang yo o nkamileng?” Mme mongwe le mongwe a itatola, mme Petere a re, “Morena, bontsintsi bo go dikaganyeditse…”
46But Jesus said, "Someone touched me, for I felt that power had gone out from me."OLEFMme Jesu a mo raya a re, “Nnyaa, e ne e le mongwe fela yo o nkamileng ka bomo, gonne ke utlwile nonofo ya phodiso e tswa mo go nna.”
47Seeing she couldn't stay hidden, the woman came trembling, fell before him, and declared in front of everyone why she'd touched him and how she was instantly healed.OLEFMme ya re mosadi a lemoga gore Jesu o a itse, a simolola go roroma a wela fa fatshe ka mangole fa pele ga gagwe a mmolelela go re o ne a mo amelang le gore jaanong o fodile.
48And he said to her, "Daughter, your faith has healed you; go in peace."OLEFHong Jesu a mo raya a re, “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso.”
49While he was still speaking, someone from the synagogue leader's house said, "Your daughter has died; don't bother the Teacher anymore."OLEFE rile a sa ntse a bua le ene, morongwa a goroga a tswa kwa lapeng la ga Jairo ka mafoko a a reng ngwanyana o sule. A raya rraagwe ngwana a re, “O sule, ga go thuse go tshwenya Moruti jaanong.”
50But Jesus heard and answered him, "Don't be afraid; just believe, and she'll be saved."OLEFMme e rile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a raya rraagwe ngwana a re, “Se boife! Ikanye nna fela, ngwana o tla siama.”
51Arriving at the house, he let no one enter with him except Peter, John, James, and the child's father and mother.OLEFYa re ba goroga kwa tlung Jesu a se ka a letla ope go tsena mo tlung fa e se Petere, Jakobe le Johane le batsadi ba morweetsana.
52All were weeping and mourning her, but he said, "Don't weep, for she's not dead, only asleep."OLEFLelapa le ne le tletse batho ba ba hutsafetseng, mme a re, “Lesang go lela! Ga a a swa; o robetse fela!”
53And they laughed at him, knowing that she was dead.OLEFSe sa tlisa tshotlo le setshego, gonne ba ne ba itse botlhe gore o sule.
54But he took her by the hand and called out, "Child, get up."OLEFHong a mo tshwara ka seatla a mmitsa a re, “Tsoga morweetsana.”
55Her spirit returned, and she got up instantly. He told them to give her something to eat.OLEFMme ka yone nako eo a rula a nanoga! A ba raya a re, “Mo neeng sengwe a je!”
56Her parents were amazed, but he ordered them to tell no one what had happened.OLEFBatsadi ba gagwe ba ne ba itumela thata. Mme Jesu a ba laya gore ba seka ba bolelela ope kaga se se diragetseng.