Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Luke 7 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 After he had finished saying all this to the people, he entered Capernaum. Erile Jesu a sena go fetsa thero ya gagwe a boela mo motsing wa Kaperenama.
2 A centurion's servant who was dear to him was sick and at the point of death. Fela ka yone nako eo motlhanka yo mogolo wa moeteledi pele wa mophato wa Seroma o ne a lwala a bile a le gaufi le go swa.
3 Hearing about Jesus, the centurion sent Jewish elders, asking him to come and heal his servant. E rile fa moeteledipele wa mophato a utlwa kaga Jesu, a romela bangwe ba Sejuta ba ba tlotlegang go ya go mo kopa gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe.
4 Reaching Jesus, they pleaded urgently: he deserves to have you do this for him, Hong ba simolola go kopa Jesu ka tlhoafalo go ya le bone go thusa monna yoo. Ba mmolelela ka fa moeteledipele wa masole o neng a le senatla ka gone. “Fa mongwe a tshwanelwa ke go thusiwa, ke ene,
5 for he loves our nation, and he is the one who built us our synagogue. gonne o rata Bajuta o bile o re agetse ntlo ya thuto!”
6 Jesus went with them. He was nearly at the house when the centurion sent friends to say, "Lord, don't trouble yourself—I'm not worthy for you to enter under my roof. Jesu a tsamaya le bone; mme ya re pele ga ba goroga kwa tlung, moeteledipele wa masole a romela ditsala dingwe go ya gore, “Morena o se ka wa itapisa ka go tla kwa lwapeng la me, gonne ga ke a tshwanelwa ke tlotlo e e kalo kgotsa le fa e le go ka kopana nao, bua lefoko fela fa o leng teng mme motlhanka wa me o tlaa fola.
7 So I did not presume to come to you. But say the word, and let my servant be healed. Not in this edition
8 For I too am a man under authority, with soldiers under me. I tell one, 'Go,' and he goes; another, 'Come,' and he comes; my servant, 'Do this,' and he does it." Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya maotlana a magolo, mme ke na le taolo mo bathong ba me. Ke na le tshwanelo ya gore ‘Tsamayang!’ mme ba tsamaye; kgotsa ‘Tlang!’ mme ba tle; mme ke reye motlhanka wa me ke re, dira se kgotsa sele; mme a se dire. [Jalo, bua fela jaana o re, ‘Fola’ mme motlhanka wa me o tlaa fola!].”
9 Hearing this, Jesus was amazed at the centurion, turned to the crowd following him, and said, "I tell you, I have not found such faith even in Israel." Jesu a hakgamala. A retologela kwa bathong ba ba kgobokaneng a re, “Ga ke ise nke ke kopane le motho wa tumelo e e ntseng jaana mo Bajuteng botlhe ba ba mo Iseraele.”
10 And when those who had been sent returned to the house, they found the servant well. Mme ya re ditsala tsa moeteledipele wa masole di boela kwa tlung ya gagwe, tsa fitlhela motlhanka a fodile gotlhelele!
11 Soon after, he went to a town called Nain, with his disciples and a big crowd. Morago ga lobakanyana Jesu a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ya kwa motsaneng wa Naine le batho ba bantsi ba mo kgobokanetse jaaka gale.
12 As he neared the town gate, a dead man was being carried out—an only son to his mother, a widow—and a large crowd from the town was with her. Popelelo ya phitlho ya tswela kwa ntle fa Jesu a atamela kgoro ya motsana. Mosimane yo o neng a sule e ne e le ene fela ngwana wa mosimane wa mosadi wa motlholagadi, mme bahutsahadi ba le bantsi ba tswa nae mo motsaneng oo.
13 When the Lord saw her, he felt compassion for her and said, "Don't cry." E rile fa Morena a mmona, pelo ya gagwe ya tlala kutlwelobotlhoko. Mme a mo raya a re, “Se lele!”
14 He stepped up and touched the bier; the carriers stopped, and he said, "Young man, I tell you, get up." Hong a tsamaela kwa kesing ya moswi! Mme a e ama, mme batshodi ba yone ba ema. A mo raya a re, “Morwaaka, tsoga mo losong!”
15 And the dead man sat up and began to speak, and Jesus gave him to his mother. Hong mosimane a nna sentle mme a simolola go bua le ba ba neng ba mo dikaganyeditse! Mme Jesu a mmusetsa kwa go mmaagwe.
16 Fear gripped them all; they praised our Father: "A great prophet has risen among us!" "Our Father has visited his people!" Letshogo le legolo la tsena batho, mme ba goa ba baka Modimo. Ba re, “Moporofiti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona mme re bonye letsogo la Modimo le dira gompieno!”
17 And this report about him spread through the whole of Judea and all the surrounding country. Polelo ya se a se dirileng ka letsatsi leo ya anamela ka bonako go tswa ntlheng e nngwe go ya go e nngwe ya Judea le go kgabaganya melelwane tota.
18 John's disciples told him all these things. Then John called two of his disciples, Mme barutwa ba ga Johane wa Mokolobetsi ba tloga ba utlwa gotlhe mo Jesu o neng a go dira. Ya re ba bolelela Johane kaga gone,
19 sent them to the Lord: "Are you the one who is to come, or should we look for another?" a romela bangwe ba barutwa ba gagwe ba le babedi kwa go Jesu go ya go mmotsa ba re, “A o Mesia tota? Kgotsa re nne re mo lebeletse?”
20 When the men reached him, they said, "John the Baptist sent us to you, asking, 'Are you the one who is to come, or should we expect someone else?'" Barutwa ba babedi ba fitlhela Jesu a sa ntse a alafa balwetse ba malwetse a a farologanyeng, a fodisa digole le difofu ebile a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe. Erile ba mmotsa potso ya ga Johane, a fetola a re, “Boelang kwa go Johane mme lo mmolelele gotlhe mo lo go boneng le mo lo go utlwileng gompieno: gore ba ba neng ba foufetse ba a bona! Batlhotsi ga ba tlhole ba tlhotsa! Balepero ba setse ba fodisitswe! Bosusu ba a utlwa! Baswi ba a rula! Mme bahumanegi ba utlwa Mafoko a a Molemo.
21 In that hour he healed many of diseases, plagues, and evil spirits, and gave sight to many blind. Not in this edition
22 He answered them, "Go tell John what you've seen and heard: the blind see, the lame walk, lepers become clean, the deaf hear, the dead rise, and the poor hear good news. Not in this edition
23 And blessed is the one who is not offended by me." Mme lo mmolelele gore, ‘Go sego yo o sa latlhegelwang ke tumelo mo go nna.’ ”
24 When John's messengers left, Jesus spoke to the crowds about John: "What did you go into the wilderness to see? A reed swaying in the wind? Erile ba sena go tsamaya Jesu a bua le batho kaga Johane. A re, “Motho yo ke mang yo lo neng lo ile go mmona mo sekakeng sa Judea? A lo ne lwa mmona a le motlhofo jaaka bojang jo bo sutisiwang ke mosumo mongwe le mongwe wa phefo!
25 What then did you go out to see? A man dressed in soft clothes? Look—those dressed in splendor, living in luxury, are in kings' palaces. A lo kile lwa mmona a apere diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo? Nnyaa! Batho ba ba nnang mo monateng ba bonwa mo matlung a segosi, e seng kwa ntle mo sekakeng.
26 But what did you go out to see—a prophet? Yes, I tell you: more than a prophet. Mme a lo kile lwa bona moporofiti? Ee! Le go feta moporofiti?
27 This is the one Scripture speaks of: 'Look, I'm sending my messenger ahead of you to prepare your way before you.' Ke ene yo dikwalo di neng di mo raya fa di re, ‘Bona! Ke romela morongwa wa me kwa pele ga gago, go go baakanyetsa ditsela!’
28 I tell you: no one born of women is greater than John—yet the least in our Father's kingdom is greater than he." Mo bathong botlhe ga go na ope yo mogolo go feta Johane. Mme le fa go ntse jalo yo mmotlana mo Bogosing jwa Modimo o mogolo go mo feta.”
29 (When all the people, including the tax collectors, heard this, they declared our Father just, having been baptized with John's baptism, Mme botlhe ba ba utlwileng Johane a rera, le e leng bone ba ba neng ba le bosula thata, ba dumela gore se se batlwang ke Modimo se siame, mme ba kolobediwa ke ene.
30 but the Pharisees and lawyers rejected our Father's purpose for themselves, not baptized by him.). Botlhe ba kolobediwa kwa ntle ga Bafarasai le baruti ba molao wa ga Moshe. Ba ne ba gana leano la Modimo mo go bone mme ba gana kolobetso ya ga Johane.
31 "To what then should I compare the people of this generation, and what are they like? Mme Jesu a ba botsa a re, “Ke ka reng ka batho ba ba ntseng jalo? Ke ka ba tshwantsha le eng?
32 They are like children sitting in the marketplace, calling to each other: 'We played the flute for you, and you didn't dance; we sang a dirge, and you didn't weep.' Ba tshwana le setlhopha sa bana ba ba ngongoregang mo ditsaleng tsa bone, ba re, ‘Ga lo rate fa re tshameka “Lonyalo” e bile ga lo rate fa re tshameka phitlho!’
33 For John the Baptist came eating no bread, drinking no wine, and you say, 'He has a demon.' Gonne Johane wa Mokolobetsi o ne a tlwaetse go tsamaya a sa tsaya dijo e bile a se ke a tsaya seno mo botshelong jwa gagwe jotlhe, mme lwa re, ‘O tshwanetse a ba a tsenwa!’
34 The Son of Man came eating and drinking, and you say, 'See, a glutton and a drunkard, a friend of tax collectors and sinners!' Mme ke ja dijo tsa me e bile ke nwa mofine wa me mme lwa re, ‘Kana Jesu o rata dijo jang! E bile o a nwa! E bile o na le ditsala tsa mofuta o o kwa tlase!’
35 Yet wisdom is justified by all her children." Mme nna ke tlhomamisa gore lo ka kgona go itshegetsa mo tshiamololong ya lona.”
36 A Pharisee invited him to eat with him; he went into the Pharisee's house and reclined at the table. Hong mongwe wa Bafarasai a kopa Jesu gotla kwa lwapeng lwa gagwe go ya go ja, mme Jesu a amogela taletso eo. Ya re ba nna fa fatshe ba a ja,
37 A woman in the city, a sinner, learned he was reclining at table in the Pharisee's house and brought an alabaster bottle of perfume. mosadi wa mebila, wa seaka, a utlwalela fa Jesu a le foo mme a lere lebotlolo le tletse setlolo se se tlhwatlhwa kgolo.
38 Standing behind him at his feet, weeping, she began wetting his feet with her tears, wiped them with her hair, kissed his feet, and anointed them with the perfume. Ya re a tsena mo teng a obama fa dinaung tsa gagwe ka mangole, a lela go fitlhela dinao tsa ga Jesu di kolobediwa ke dikeledi tsa gagwe; mme a di phimola ka moriri wa gagwe a di atla a ba a tshela setlolo mo go tsone.
39 Seeing this, the Pharisee who'd invited him thought, "If he were a prophet, he'd know who's touching him and what kind of woman she is—a sinner." E rile Mofarasai mongwe yo Jesu o neng a mmiditse, a bona se se diregang le gore mosadi e ne e le mang, a ithaya a re, “Se supa gore Jesu ga se moporofiti, gonne fa tota a ne a romilwe ke Modimo, o ka bo a itsile gore mosadi yo ke wa mofuta ofe!”
40 Jesus replied to him, "Simon, I have something to say to you." He said, "Say it, Teacher." Hong Jesu a buela kwa godimo a araba dikakanyo tsa ga Simone wa Mofarasai a re, “Ke na le sengwe se ke batlang go se bua le wena.” Simone a fetola are, “Gosiame moruti, tswelela.”
41 "A certain moneylender had two debtors. One owed 500 denarii, and the other fifty. Hong Jesu a mmolelela polelo e: “Monna o kile a adima batho ba babedi madi, a adima yo mongwe dikete di le tlhano tsa dipula mme a adima yo mongwe makgolo a matlhano a dipula.
42 Since neither could pay, he canceled both debts. So which of them will love him more?" Mme ga go ise go ke go nne le ope wa bone yo o neng a mo duela, jalo ka bopelo-tlhomogi a ba itshwarela botlhe, a ba lesa gore ba seka ba duela. Ke ofe yo o gopolang gore o ne a mo rata thata morago ga moo?”
43 Simon answered, "I suppose the one he forgave the larger debt." Jesus said, "You judged rightly." Simone a araba a re, “Ke gopola gore ke yo o neng a mo kolota thata.” Jesu a dumela a re go ntse jalo.
44 Turning to the woman, he told Simon, "Do you see this woman? I entered your house—you gave no water for my feet, but she wet my feet with her tears and wiped them with her hair. Hong a retologela kwa mosading a raya Simone a re, “A o bona mosadi yo o khubameng fa yo! Erile ke tsena mo lwapeng lwa gago ga o a ka wa tshwenyega ka go nnaya metse go tlhapa lorole mo dinaong tsa me, mme ene o di tlhapisitse ka dikeledi tsa gagwe a ba a di phimola ka moriri wa gagwe!
45 You gave me no kiss, but she, from when I came in, hasn't stopped kissing my feet. Lo nkganeletse katlo ya tlwaelesego ya tumediso, mme ene o atlile dinao tsa me gangwe le gape go simologa ka nako e ke neng ke goroga ka yone.
46 You did not anoint my head with oil, but she has anointed my feet with perfume. Lo ne lwa tlhokomologa bopelonomi jwa gale jwa lookwane lwa motlhware go tlotsa tlhogo ya me, mme ene o bipile dinao tsa me ka setlolo se se sa tlwaelesegang.
47 So I tell you, her many sins are forgiven, because she loved much. But whoever is forgiven little loves little." Ka moo dibe tsa gagwe tse dintsi di itshwaretswe, gonne o nthatile thata; mme yo o itshwaretsweng go le gonnye go supa lorato lo lo nnye.”
48 And he said to her, "Your sins are forgiven." Mme a mo raya a re, “Dibe tsa gago di itshwaretswe.”
49 Then his fellow guests began asking each other, "Who is this, who even forgives sins?" Mme banna ba ba neng ba ntse fa lomating lwa bojelo ba raana ba re, “Monna yo o akanya gore ke mang, yo o tsamayang a itshwarela dibe?”
50 And he said to the woman, "Your faith has saved you; go in peace." Mme Jesu a raya mosadi a re, “Tumelo ya gago e go bolokile; tsamaya ka kagiso.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]