Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Luke 24 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 On the first day of the week, at dawn, they came to the tomb, carrying the spices they had prepared. Erile go sa le mo mosong ka Tshipi ba tseela ditlolo tsa bone kwa phupung,
2 They found the stone rolled away from the tomb, mme ba fitlhela lentswe le legolo le le neng le khurumeditse phupu le hidikolotswe.
3 but when they went in they did not find the body of the Lord Jesus. Jalo ba tsena mo teng, mme setopo sa ga Jesu sa bo se seyo.
4 While they were perplexed about this, suddenly two men stood beside them in dazzling clothes. Ba ema foo ba reregile ba akanya gore se ka bo se diragaletswe ke eng? Ka tshoganetso banna ba babedi ba iponatsa mo go bone, ba apere diaparo tse di tshweu di lakasela mo e leng gore matlho a bone a ne a kaloga.
5 Frightened, they bowed their faces to the ground. The men asked, "Why seek the living among the dead? Basadi ba bo ba tshogile thata mme ba obama fa pele ga bone. Mme banna ba ba botsa ba re, “Ke eng fa lo batla motshedi mo diphupung?
6 He's not here—he's risen. Remember what he told you while still in Galilee, Ga a yo fa! O rudile! A ga lo gakologelwe se o neng a se lo bolelela kwa Galalea gore Mesia o tshwanetse go okelwa mo nonofong ya batho ba ba bosula a bo a bapolwa mme a tsoge ka letsatsi la boraro?”
7 that the Son of Man must be handed over to sinful men, be crucified, and rise on the third day." Not in this edition
8 And they remembered his words, Mme ba gakologelwa,
9 returning from the tomb, they told all this to the eleven and all the rest. ba sianela kwa Jerusalema go ya go bolelela barutwa ba gagwe ba ba lesome le bongwe le mongwe le mongwe se se diragetseng.
10 Mary Magdalene, Joanna, Mary the mother of James, and the other women with them told these things to the apostles. (Basadi ba ba neng ba ya kwa phupung e ne e le Marea Magatalena, Joana le Marea mmagwe Jakobe le ba bangwe ba le bantsinyana).
11 But these words seemed like nonsense to them, and they did not believe them. Mme polelo e ya utlwala ekete dinaane fela mo bathong, ba se ka ba e dumela.
12 Peter got up and ran to the tomb; bending down, he saw only the linen cloths, then went home amazed at what had happened. Le fa go ntse jalo, Petere a sianela kwa phupung go ya go bona. A obama a okomela mme a bona diphutho tse di senang sepe; a boela gae, a gakgamaletse se se diragetseng.
13 That same day two of them traveled to a village called Emmaus, about seven miles from Jerusalem, Ka lone letsatsi leo, balatedi bangwe ba ga Jesu ba le babedi ba bo ba ya kwa motsaneng wa Emau; bokgakala jwa dimmaele di supa go tswa kwa Jerusalema.
14 and they were talking with each other about all these things that had happened. Ya re ba ntse ba tsamaya ba bo ba bua; kaga loso lwa ga Jesu,
15 While they were talking and discussing together, Jesus himself drew near and went with them. mme ka tshoganetso Jesu ka sebele a tla a tseisanya nabo tsela!
16 But their eyes were kept from recognizing him. Mme ba se ka ba mo lemoga, gonne Modimo o ne wa dira gore ba seka ba lemoga.
17 He asked them, "What are you discussing with each other as you walk?" They stopped, looking sad. A ba raya a re, “Lo lebega o ka re lo tshotse kgang e tona ka ga sengwe. Lo tshotse kgang ka ga eng?” Ba ema go se kae ba tlhontse difatlhogo.
18 One of them, Cleopas, replied, "Are you the only visitor to Jerusalem who does not know what has happened there these days?" Mme mongwe wa bone, ebong Keleopase a fetola a re, “E tshwanetse ya bo e le wena fela mo Jerusalema yo o iseng o utlwalele dilo tse di gakgamatsang tse di diragetseng mo bekeng e e fetileng.”
19 He asked, "What things?" They said, "About Jesus of Nazareth—a prophet powerful in deed and word before our Father and all the people, Jesu a botsa a re, “Dilo di fe?” Ba re, “Dilo tse di dirageletseng Jesu, wa Monasara. E ne e le Moporofiti yo o neng a dira dikgakgamatso tse di leng thata go dumelwa ebile e le Moruti yo mogolo yo o neng a tlotlwa thata ke Modimo le batho.
20 and how our chief priests and rulers handed him over to a death sentence, and crucified him. Mme baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo ya rona ba mo tshwara ba mo neela mmuso wa Se-Roma go atlholelwa loso, ba bo ba mmapola.
21 We'd hoped he was the one to redeem Israel. Yet on top of all this, it's the third day since these things happened. Re ne re solofetse gore e ne e le Mesia yo o galalelang yo o tsileng go golola Iseraele. Mme jaanong, mo godimo ga mo gotlhe mo go diragetseng mo malatsing a mararo a a fetileng,
22 Some women of ours also amazed us—early at the tomb, basadi bangwe ba setlhopha sa rona sa balatedi ba gagwe ba ne ba le kwa phupung phakela thata mme ba boa ka polelo e e hakgamatsang e e reng setopo sa gagwe ga seyo, le gore ba bonye baengele gone ba ba ba boleletseng gore Jesu o a tshela!
23 and not finding his body, they came back saying they'd even seen a vision of angels, who said he was alive. Not in this edition
24 Some of our companions went to the tomb and found it just as the women said, but they did not see him." Bangwe ba rona ba ne ba sianela teng go ya go bona, mme ka boammaaruri jo bo tletseng setopo sa ga Jesu sa bo se seyo, fela jaaka basadi ba boletse.”
25 He said to them, "How foolish you are, and slow to believe all the prophets said! Mme Jesu a ba raya a re, “Lo dieleele go le kae? A batho ba ba dieleele! Lo palelwa ke go dumela se baporofiti ba se kwadileng mo dikwalong!
26 Was it not necessary that the Christ should suffer these things and enter into his glory?" A ga go a tlhalosiwa pele ke baporofiti gore Mesia o tlaa bogela dilo tse tsotlhe pele ga a tsena mo kgalalelong ya Gagwe!”
27 And beginning with Moses and all the Prophets, he explained to them from all the Scriptures everything about himself. Mme a ba phuthololela mafoko ka go latelana ga one mo dikwalong tsa baporofiti, a simolola ka lokwalo lwa Genesese mme a tsamaya le dikwalo tse dingwe, a tlhalosa gore mafoko a ne a raya eng le gore a ne a bua kaga gagwe.
28 And they approached the village they were heading to, and he pretended to go farther. Ka nako e ba ne ba atamela Emau kwa ba neng ba ya teng. Jesu a dira jaaka o ka re o santse a fetela kwa pele,
29 But they insisted, "Stay with us—evening is near, the day nearly done." So he went in to stay with them. mme ba mo kopa go lala nabo, ka nako e ne e setse e fetile. Jalo a ya lwapeng nabo.
30 As he reclined with them, he took the bread, blessed it, broke it, and gave it to them. Mme ya re ba nna fa fatshe ba a ja, a kopela dijo tshegofatso mo Modimong mme a tsaya senkgwe se sennye a se ngathoganya a se ba naya,
31 And their eyes were opened, and they recognized him. And he vanished from their sight. ka bonako matlho a bone a bulega mme ba mo lemoga! mme ka sone sebaka se a nyelela.
32 They said to each other, "Weren't our hearts burning within us as he spoke to us on the road, as he opened the Scriptures to us?" Ba simolola go bolelelana ka fa dipelo tsa bone di tlhotlhelesegileng ka teng fa a bua le bone a tlhalosa dikwalo fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng.
33 That same hour they got up, returned to Jerusalem, and found the eleven and those with them gathered together, Fela ka yone nako eo ba nanoga ba boela kwa Jerusalema, kwa barutwa ba ba lesome le motso le balatedi ba bangwe ba ga Jesu ba neng ba ba dumedisa ka mafoko a, “Ruri Morena o tsogile. O iponaditse mo go Petere!”
34 saying, "The Lord has risen indeed, and has appeared to Simon!" Not in this edition
35 And they told what happened on the road, and how he was recognized in the breaking of the bread. Mme ba babedi ba ba tswang Emau ba bolela ka fa Jesu a iponaditseng mo go bone ka teng fa a ngathoganya senkgwe.
36 As they spoke these things, Jesus himself stood among them and said to them, "Peace to you!" Mme ya re ba sa ntse ba bua ka gone, ka tshoganetso Jesu a bo a setse a eme foo mo gare ga bone, a ba dumedisa!
37 But they were startled and frightened and thought they saw a spirit. Mme botlhe ba bo ba tshogile thata, ba gopola gore ba bona sepoko.
38 And he said to them, "Why are you troubled, and why do doubts arise in your hearts? A ba botsa a re, “Lo tshositswe ke eng? Ke eng fa lo belaela gore a ruri ke Nna?
39 Look at my hands and my feet—it's really me. Touch me and see: a spirit has no flesh and bones, as you see I have." “Lebelelang dinao tsa me! Lo ka bona gore ke nna ka sebele. Nkamang gore lo tlhomamise sentle gore ga ke sepoko! Gonne dipoko ga di na mebele, jaaka lo bona nna ke na le one.”
40 And when he had said this, he showed them his hands and his feet. Mme ya re a bua jaana, a tsholetsa diatla gore ba bone [dipadi tsa dipekere] mo diatleng tsa gagwe, a ba a ba kaela dintho mo dinaong tsa gagwe.
41 And while they still disbelieved for joy and were marveling, he said to them, "Do you have anything here to eat?" Le fa go ntse jalo ba nna foo ba sa itse gore ba ka reng, ba tletse boitumelo le pelaelo. Mme a ba botsa a re, “A lo na le sengwe se se jewang fano?”
42 They gave him a piece of broiled fish, Ba mo naya setoki sa tlhapi e e besitsweng.
43 and he took it and ate before them. Mme a e ja ba mo lebeletse.
44 He said to them, "This is what I told you while still with you: everything written about me in the Law of Moses, the Prophets, and the Psalms had to be fulfilled." Mme a ba raya a re, “Mafoko a, ke ona a ke kileng ka a bua le lona ke santse ke na le lona fa dilo tsotlhe di na le go diragala, ebong tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe, le mo baporofiting le mo dipesalemeng, kaga me.”
45 Then he opened their minds to understand the Scriptures, Hong a rarabolola tlhaloganyo ya bone, gore ba tlhaloganye dikwalo.
46 and told them, "This is written: the Christ must suffer and rise from the dead on the third day, Mme a ba raya a re, “Go kwadilwe jaana, fa ene Keresete a tla swa jalo, mme a ba a tsoga mo losong ka letsatsi la boraro;
47 and that repentance for the forgiveness of sins should be proclaimed in his name to all nations, beginning from Jerusalem. le gore go rerelwe merafe yotlhe boikotlhao jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.
48 You are witnesses of these things. “Lona lo basupi ba dilo tse.
49 I am sending the promise of my Father on you. Stay in the city until you are dressed with power from on high." Mme, bonang, ke tlisa polelo ya tsholofetso ya ga Rre mo go lona: mme lo name lo sa diegile mo motseng wa Jerusalema, go tlo go tsamaye lo amogele nonofo e e tswang kwa godimo.”
50 And he led them out as far as Bethany, and lifting up his hands he blessed them. Mme a ba etelela pele ba ya go fitlha go lebagana le Bethania; mme a choletsa mabogo a gagwe, a ba segofatsa.
51 While he blessed them, he parted from them and was carried up into heaven. Mme ga diragala ya re a sa ntse a ba segofatsa, a kgaogana nabo, mme a tsholelediwa kwa legodimong.
52 And they worshiped him and returned to Jerusalem with great joy, Mme ba mo obamela; mme ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo,
53 and were continually in the temple blessing our Father. mme ba tlhola ba ntse ba le mo tempeleng ka gale, ba baka Modimo.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]