Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

John 1 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 In the beginning was the Word, and the Word was with our Father, and the Word was God. Erile pele ga tlholego ya dilo tshotlhe, Keresete a bo a ntse a le teng le Modimo. Ga a bolo go nna a tshela mme a le Modimo ka sebele.
2 He was in the beginning with our Father. Not in this edition
3 All things were made through him, and without him not one thing was made that was made. O tlhodile sengwe le sengwe se se leng teng, ga gona sepe se se tshelang se se sa tlholwang ke ene.
4 In him was life, and the life was the light of all people. Botshelo jo bo sa khutleng bo mo go ene, mme botshelo jo bo naya batho lesedi.
5 The light shines in the darkness, and the darkness has not overcome it. Botshelo jwa gagwe ke lesedi le le phatsimang mo lefifing, mme lefifi ga le kake la tima lesedi.
6 There came a man sent from our Father, whose name was John. Modimo o ne wa roma Johane wa Mokolobetsi e le mosupi wa gore Jesu Keresete ke lesedi la Boammaaruri.
7 He came as a witness, to bear witness about the light, so that all might believe through John's witness. Not in this edition
8 He was not the light, but came to bear witness about the light. Johane e ne e se lesedi ka boene; o ne a le mosupi wa lone fela.
9 The true light, which gives light to everyone, was coming into the world. Moragonyana, yo e leng ene lesedi la boammaaruri a goroga go tla go phatsima mo go mongwe le mongwe yo o tlang mo lefatsheng.
10 He was in the world. The world came into being through him, yet did not know him. Mme le fa tota a dirile lefatshe, lefatshe ga le a ka la mo itse fa a sena go tla.
11 He came to his own, and his own people did not receive him. Le fa e le mo lefatsheng la ga gabo le mo go ba ga gabo ebong Bajuta, ga a a ka a amogelesega. Ba se kae fela ba ne ba mo amogela. Mme botlhe ba ba neng ba mo amogela, o ne a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo. Gotlhe mo ba neng ba tlhoka go go dira, e ne e le go mo ikanya gore a ba boloke.
12 But to all who received him, believing in his name, he gave the right to become children of our Father, Not in this edition
13 children born not of blood nor of the will of flesh nor of the will of man, but of our Father. Botlhe ba ba dumelang se, ba tsalwa sesha eseng ga senama mo go tswang mo thatong ya motho kgotsa leano; mme go tswa mo go rateng ga Modimo.
14 The Word became flesh and lived among us. We saw his glory, the glory of the one and only Son from the Father, full of grace and truth. Mme Keresete a nna motho mme a nna mo lefatsheng mo gare ga rona a tletse lorato lwa boitshwarelo le boammaaruri. Bangwe ba rona ba bonye kgalalelo ya gagwe; kgalalelo ya Morwa yo o esi wa ga Rara wa Legodimo!
15 John testified about him, crying out, "This is the one I meant: he who comes after me outranks me, since he existed before me." Johane a mo supegetsa batho, a bolelela batho ba le bantsintsi a re, “Yo ke ene yo ke neng ka bua ka ga gagwe ke re, ‘Mongwe o e tla yo o mphetang go menaganye; gonne ga a bolo go nna pele ga ke tsalwa.’ ”
16 For from his fullness we have all received, grace upon grace. Rotlhe re amogetse mahumo a a tswang mo matlhogonolong a gagwe a o a re lereditseng, letlhogonolo mo godimo ga letlhogonolo go koegilwe mo go rona!
17 For the law was given through Moses; grace and truth came through Jesus Christ. Gonne Moshe o re neetse molao fela o o nang le maikaelelo a a thata go tshegediwa, le tshiamo e e senang kutlwelobotlhoko, fa Jesu Keresete ene a re lereditse lorato le boitshwarelo.
18 No one has ever seen our Father; the one and only God, close beside the Father, has made him known. Ga go na ope yo tota o kileng a bona Modimo ka matlho, fa e se Morwawe fela a le esi yo o mmonyeng, gonne ke mopati wa ga Rara ebile o re boleletse gotlhe ka ga Ene.
19 This is John's testimony, when the Jews sent priests and Levites from Jerusalem to ask him, "Who are you?" Baeteledipele ba Sejuta ba roma baperesiti le bathusi ba bone go tsweng kwa Jerusalema go botsa Johane gore a o ne a ipitsa Mesia.
20 He confessed, and did not deny, but confessed, "I am not the Christ." Mme a ganela mo go senang gotwe sepe. A re, “Ga ke Keresete.”
21 So they asked him, "What then? Are you Elijah?" "I am not," he said. "Are you the Prophet?" "No," he answered. Mme ba mmotsa ba re, “Go siame, jaanong o mang? A o Elija?” A fetola a re, “Nnyaa.” “A o moporofiti?” “Nnyaa.”
22 So they asked, "Who are you? We need to give an answer to those who sent us. What do you say about yourself?" “Jaanong o mang? Re bolelele gore re tle re kgone go neela ba ba re romileng karabo. Wa reng fa o ikarabela?”
23 He said, "I'm the voice of one crying out in the wilderness, 'Make straight the way of the Lord,' as the prophet Isaiah said." A fetola a re, “Ke lentswe le le tswang mo sekakeng se se senang sepe, ke goa fela jaaka Isaia a porofitile a re, ‘ipaakanyetseng go tla go Morena’.”
24 Now they had been sent from the Pharisees. Mme ba ba neng ba romilwe ke Bafarasai ba mmotsa ba re, “Fa o se Mesia kgotsa Elija kgotsa moporofiti, o tsaya kae tetlelelo ya go kolobetsa?”
25 They asked him, "Why baptize, then, if you're not the Christ, nor Elijah, nor the Prophet?" Not in this edition
26 John answered them, "I baptize with water, but among you stands one you do not know, Johane a ba raya a re, “Ke kolobetsa fela ka metsi, mme mo gare ga bontsintsi jwa batho, go na le mongwe yo lo iseng lo ke lo rakane nae.
27 even he who comes after me, whose sandal strap I am not worthy to untie." Yo o tlaa tlogang a simolola tirelo-Modimo mo go lona, mme ga ke a lekana go nna le fa e le lekgoba la gagwe.”
28 These things took place in Bethany across the Jordan, where John was baptizing. Tiragalo e e ne ya diragala kwa Bethania, motse o o ka fa ntlheng e nngwe ya Noka ya Jorodane kwa Johane o neng a kolobetsa teng.
29 The next day, seeing Jesus coming toward him, he said, "Look! The Lamb of our Father—Jesus—who takes away the sin of the world! Letsatsi le le latelang Johane a bona Jesu a tla ntlheng ya gagwe mme a re, “Bonang! Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!
30 This is the one I meant: 'After me comes a man who ranks before me, because he was before me.' Ke ene yo ke neng ke bua ka ga gagwe ke re, ‘Monna yo o mphetang thata o tlaa tloga a tla ka bofefo, yo o sa bolong go nna pele ga me!’
31 I didn't know him, but I came baptizing with water so he would be revealed to Israel." Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme ke fano ke kolobetsa ka metse gore ke mo supe mo chabeng ya Iseraele.”
32 John testified: "I saw the Holy Spirit descend from heaven like a dove and remain on him. Mme Johane a bolela ka go bona Mowa O O Boitshepo o fologela mo go Jesu o le mo setshwa-nong sa lephoi o tswa kwa legodimong.
33 I didn't know him, but the one who sent me to baptize with water told me, 'The one you see the Holy Spirit come down and stay on—he is the one who baptizes with the Holy Spirit.' Gape Johane a re, “Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme erile ka nako e Modimo o neng o nthoma ka yone go tla go kolobetsa wa re, ‘Fa o bona Mowa O O Boitshepo o fologa o nna mo mongweng, ke ene yo o mmatlang. Ke ene yo o kolobetsang ka Mowa O O Boitshepo.’
34 And I have seen and have borne witness that this is the Son of our Father." Ke bonye go diragala mo monneng yo, mme ke sone se ke supang gore ke Morwa Modimo.”
35 The next day John was standing again with two of his disciples, Letsatsi le le latelang fa Johane a eme le barutwa ba bangwe ba le babedi,
36 and looking at Jesus as he walked by, he said, "Look! The Lamb of our Father!" Jesu a feta gautshwane le bone. Johane a mo leba thata mme a bua a re, “Bonang Kwana ya Modimo!”
37 The two disciples heard him say this, and they followed Jesus. Mme barutwa ba babedi ba ga Johane ba retologa ba sala Jesu morago!
38 Jesus turned, saw them following, and asked, "What do you seek?" They said, "Rabbi" (meaning Teacher), "where do you stay?" Jesu a retologa a ba bona ba mo setse morago. Mme a ba botsa a re, “Lo batlang?” Ba mo raya ba re, “Rra, o nna kae?”
39 He told them, "Come and you will see." So they went and saw where he was staying, and remained with him that day—about four in the afternoon. A ba raya a re, “Tlang lo bone.” Mme ba ya le ene kwa a neng a nna teng mme ba nna nae lobaka lo e neng e ka nna go simologa nako ya bone mo tshokologong go fitlhelela go nna lotlatlana.
40 One of the two who heard John speak and followed Jesus was Andrew, Simon Peter's brother. (Mongwe wa banna ba e ne e le Anderea Monnaa Simone Petoro).
41 He first found his own brother Simon and told him, "We've found the Messiah" (meaning Christ). Mme Anderea a ya go senka Petoro mogolowe a mo raya a re, “Re bonye Mesia.”
42 He brought him to Jesus. Jesus looked at him and said, "You are Simon the son of John. You will be called Cephas" (meaning Peter). Mme a isa Petoro kwa go Jesu. Jesu a tlhoma Petoro matlho le mogopolo ka lobakanyana mme a re, “O Simone, morwa Johane, mme o tlaa bidiwa Petoro, ke gore Lefika!”
43 The next day, Jesus decided to leave for Galilee. He found Philip and said, "Follow me." Letsatsi le le latelang Jesu a ikaelela go ya Galalea. Mme bona Filipo a mo raya a re, “Ntshala morago.”
44 Now Philip was from Bethsaida, the city of Andrew and Peter. Filipo a ya go senka Nathaniele mme a mo raya a re, “Re bonye Mesia! Ene tota motho yo Moshe le baporofiti ba boletseng ka ga gagwe! Leina la gagwe ke Jesu, morwa Josefe yo o tswang Nasaretha!”
45 Philip found Nathanael and told him, "We've found the one Moses wrote of in the Law and the prophets—Jesus, son of Joseph, from Nazareth." Nathaniele a hakgamala a re.
46 Nathanael said, "Can anything good come from Nazareth?" Philip said, "Come and see." “Kwa Nasaretha! a gona le sengwe se se siameng se se ka tswang teng?” Filipo a re, “Tla fela o iponele.”
47 Jesus saw Nathanael approaching and said of him, "Look—a true Israelite, with no deceit in him!" Ya re ba atamela Jesu a re, “Monna yo o ikanyegang ke yo o e tla, Moiseraele wa boammaaruri.”
48 Nathanael asked him, "How do you know me?" Jesus answered, "Before Philip called you, while you were under the fig tree, I saw you." Nathaniele a re, “O nkitsile jang?” Mme Jesu a fetola a re, “Erile o le ka fa tlase ga setlhare sa mofeige, Filipo a ise a go bone, ke ne ke go bona.”
49 Nathanael answered him, "Rabbi, you are the Son of our Father! You are the King of Israel!" Nathaniele a fetola a re, “Rra, O Morwa Modimo, Kgosi ya Iseraele!”
50 Jesus answered him, "You believe because I told you I saw you under the fig tree? You'll see greater things than these." Jesu a mmotsa a re, “A o dumela gotlhe mo fela ka gore ke go boleletse gore ke ne ka go bona ka fa tlase ga setlhare sa mofeige? O tlaa bona ditshupo tse dikgolo go na le tse.
51 He told him, "Truly, truly, I say to you, you will see heaven opened, and our Father's angels ascending and descending on the Son of Man." O tlaa bo o bone le legodimo le atlhamologa le baengele ba Modimo ba boaboela ba tla kwa go nna, Monna wa kgalalelo.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]