Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Luke 23 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Then the whole assembly rose and brought him before Pilate. Mme Lekgotla lotlhe la tseela Jesu kwa go Pilatwe wa molaodi.
2 They began accusing him: "We found this man misleading our nation, forbidding taxes to Caesar, and claiming to be Christ, a king." Mme ba simolola go mmaya molato ba re: “Motho yo o ntse a timetsa batho ba rona ka go ba raya a re ba se ka ba ntshetsa mmuso wa Seroma makgetho ebile o ipitsa gore ke Mesia wa rona, Kgosi.”
3 Pilate asked him, "Are you the King of the Jews?" He answered, "You say so." Mme Pilatwe a mmotsa a re, “A o Mesia wa bone, Kgosi ya bone?” Jesu a fetola a re, “Ee, ke jaaka o bua.”
4 Then Pilate said to the chief priests and the crowds, "I find no guilt in this man." Mme Pilatwe a retologela kwa baperesiting ba bagolo le kwa lesomong la batho a re, “Moo ga se molato!”
5 But they pressed on: "He stirs up the people, teaching all through Judea, from Galilee to here." Ba kgobega marapo ba re, “Mme o tsosa dipheretlhego kgatlhanong le mmuso gongwe le gongwe kwa o yang teng, mo Judea otlhe, go tswa Galalea, go ya Jerusalema!”
6 When Pilate heard this, he asked whether the man was a Galilean. Pilatwe a botsa a re, “A ke Moga lalea?”
7 Learning he was under Herod's authority, he sent him to Herod, who himself was also in Jerusalem in those days. Mme ya re ba dumela, Pilatwe a re ba mo ise kwa go Kgosi Herode, gonne Galalea o ne a le ka fa tlase ga taolo ya ga Herode, mme Herode o ne a le mo Jerusalema ka lobaka loo.
8 Seeing Jesus, Herod was delighted—he'd long wanted to see him, having heard about him, and hoped to see him perform a sign. Herode o ne a itumelela sebaka seo sa go bona Jesu, gonne o ne a mo utlwaletse thata mme a solofetse go bona a dira kgakgamatso.
9 He questioned him at great length, but Jesus gave him no answer. A botsa Jesu dipotso ka go latelana, mme a se ka a fetola.
10 The chief priests and the scribes stood by, vehemently accusing him. Mme ya re ka lobakanyana loo, baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo ba goa ba eme foo ba mmaya molato.
11 Herod and his soldiers scorned and mocked him, dressed him in bright clothing, and sent him back to Pilate. Mme Herode le masole a gagwe ba simolola go sotla Jesu ba mo tshega; ba mo apesa seaparo sa segosi, ba mmusetsa kwa go Pilatwe.
12 That day Herod and Pilate became friends—they had been enemies before. Mme ya re letsatsi leo Herode le Pilatwe ba ba kileng ba ne ba tlhoane pele, ba nna ditsala tse dikgolo.
13 Pilate then called together the chief priests, the rulers, and the people, Mme Pilatwe a phutha baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuta le batho,
14 and said to them, "You brought me this man as one turning the people away. I examined him before you and found no guilt in this man on your charges. a bolela mogopolo wa gagwe a re, “Lo ntereditse monna yo, lo mmaya molato ka go tsosa khuduego kgatlhanong le mmuso wa Se-Roma. Mme ke mo tlhatlhobile sentle mo ntlheng e mme ga ke mmone molato ope.
15 Neither did Herod, for he sent him back to us. Look, he has done nothing deserving death. Herode le ene o mmuseditse kwano go rona, a sa mmona molato o o tshwanetseng loso.
16 I will therefore discipline him and release him." Jalo ke tlaa mo kgwathisa ka thupa e e mitlwa, ke bo ke mo golola.”
17 Not in this edition Mme modumo o mogolo wa tsoga mo bathong ka lentswe le le lengwe ba re, “Mmolaye, o re gololele Barabase!”
18 But they all cried out together, "Away with this man! Release Barabbas to us!" Not in this edition
19 a man imprisoned for a rebellion that happened in the city, and for murder. (Barabase o ne a le mo kgolegelong ka ntlha ya go simolola dipheretlhego mo Jerusalema kgatlhanong le mmuso le go bolaya batho).
20 Pilate addressed them once more, wanting to release Jesus, Mme Pilatwe a ganetsanya nabo, gonne o ne a batla go golola Jesu.
21 but they kept shouting, "Crucify, crucify him!" Mme ba goa ba re, “Mmapole! Mmapole!”
22 A third time he said to them, "Why? What wrong has this man done? I find no ground for death in him. So I will punish and release him." A bo a bua le bone la boraro a kopa a re, “Ka ntlha yang? O dirile molato ofe? Ga ke a bona lebaka lepe la go mo atlholela loso. Mme ke tlaa mo kgwathisa ke bo ke mo lesa a tsamaya.”
23 But they kept shouting loudly, demanding he be crucified, and their voices prevailed. Mme ba goela kwa godimodimo gore Jesu a bapolwe, mantswe a bone a bo a fenya.
24 So Pilate decided that their demand should be granted. Mme Pilatwe a atlholela Jesu loso jaaka ba lopile.
25 He released the man they asked for, jailed for rebellion and murder, but handed Jesus over to their will. Mme a golola Barabase, ka fa kopong ya bone, monna yo o neng a tshwaretswe go feretlha le go bolaya batho. Mme Pilatwe a ba neela Jesu gore ba mo dire ka fa ba ratang ka teng.
26 Leading him away, they seized a man named Simon of Cyrene, coming in from the countryside, and put the cross on him to carry behind Jesus. Mme ya re bontsi jwa batho bo isa Jesu kwa o neng a ya go bolaelwa teng, ba bona Simone wa Mokurene yo e neng e le gone a gorogang mo Jerusalema a tswa kwa dikgaolong, mme ba mo pateletsa go ba sala morago, a sikere mokgoro wa ga Jesu.
27 A great crowd of the people followed him, including women who were weeping and wailing for him. Bontsintsijwa batho jwa mo sala morago, le basadi ba le bantsi ba ba neng ba mo lelela ka kutlobotlhoko.
28 But Jesus turned to them and said, "Daughters of Jerusalem, don't cry for me; cry for yourselves and your children. Mme Jesu a retologa a ba raya a re, “Bomorwadia Jerusalema, se nteleleng, iteleleng lo bo lo lelele bana ba lona.
29 For the days are coming when they will say, 'Blessed are the barren, the wombs that never bore, the breasts that never nursed.' Gonne malatsi a e tla, a basadi ba ba senang bana ba tlaa bidiwang ba ba sego tota.
30 Then they'll begin saying to the mountains, "Fall on us," and to the hills, "Cover us." Batho ba tlaa lopa dithaba gore di ba wele di ba sugakanye le maje gore a ba khurumetse.
31 For if they do this when the wood is green, what will happen when it's dry?" Gonne fa dilo tse di ntseng jaana di dirwa mo go nna Setlhare sa Botshelo, lona ba tlaa lo dira jang?”
32 Two others, who were criminals, were also led away to be put to death with him. Dinokwane tse pedi di ne tsa tlisiwa go ya go bolawa nae kwa lefelong le le bidiwang “Logata.” Ka boraro jwa bone ba bapolwa, Jesu a le mo mokgorong o o fa gare, dinokwane tse pedi di le mo ditlhakoreng.
33 When they reached the place called The Skull, they crucified him there with the criminals, one on his right, one on his left. Not in this edition
34 Jesus said, "Father, forgive them, for they do not know what they are doing." Then they divided his garments, casting lots. Mme Jesu a re, “Rara, itshwarele batho ba, gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme masole a kgaogana diaparo tsa gagwe ba di laola ka bola.
35 The people stood watching; the rulers sneered, "He saved others—let him save himself, if he's God's Christ, the Chosen One." Batho ba lebelela. Mme Baeteledipele ba Sejuta ba sotla. Ba re, “O ne a siame thata go thusa ba bangwe, a re mmoneng a ipoloka fa e le gore ke ene tota yo o tlhophilweng ke Modimo go nna Mesia.”
36 The soldiers also mocked him, coming up to offer him sour wine, Mme masole le one a mo sotla ka go mo nosa seno se se botlha sa mofine.
37 and saying, "If you are the King of the Jews, save yourself!" Mme ba mo tlhaeletsa ba re, “Fa o le kgosi ya Bajuta, ipoloke!”
38 There was also an inscription over him: "This is the King of the Jews." Kitsiso ya pegwa mo mokgorong fa godimo ga gagwe ka mafoko a, “Yo ke Kgosi ya Bajuta.”
39 One of the hanged criminals insulted him: "Aren't you the Christ? Save yourself and us!" Mongwe wa dinokwane yo o neng a pegilwe go bapa nae a sotla a re, “Wa re o Mesia, a ga o ene? Itshupe ka go ipoloka le rona o re boloke.”
40 But the other rebuked him: "Don't you even fear God, since you're under the same sentence? Mme senokwane se sengwe sa re, “A le Modimo ga o o boife, le fa o o swa? Re tshwanetse go swa ka ntlha ya ditiro tsa rona tse di bosula, mme monna yo ga a a dira sepe se se molato.”
41 Rightly so—we're paying for what we did; but this man has done nothing wrong." Not in this edition
42 Then he said, "Jesus, remember me when you come into your kingdom." Mme a re, “Jesu, o nkgopole fa o tsena mo Bogosing jwa gago!”
43 And Jesus said to him, "Truly I tell you, today you will be with me in Paradise." Mme Jesu a fetola a re, Tsatsi jeno o tlaa nna le nna kwa Paradaiseng ke go solofetsa ka boammaaruri.
44 It was already about noon, and darkness covered the whole land until three in the afternoon, Mme ya bo e setse e le motshegare wa sethoboloko; ga nna lefifi mo lefatshing lotlhe selekanyo sa oura tse tharo, go fitlha ka nako ya boraro.
45 for the sun's light failed; and the curtain of the temple was torn in two. Letsatsi la fifala, mme ka tshoganetso sesiro sa Tempele sa gagoga ka bogare.
46 Jesus called out loudly, "Father, into your hands I commit my spirit!" Then he breathed his last. Mme Jesu a goa a re, “Rara, ke go neela mowa wa me.” Mme ka mafoko ao a swa.
47 Seeing what happened, the centurion praised our Father: "This man really was righteous." Ya re molaodi wa masole a Se-Roma yo o neng a laola polao ya bone a bona se se diragetseng, a tlelwa ke poifo fa pele ga Modimo a re, “Ruri monna yo o ne a sena molato.”
48 All the crowds gathered for this sight, seeing what happened, went home beating their chests. Mme ya re bontsintsi jwa batho ba ba neng ba tsile go bona papolo ba bona Jesu a sule, ba boela magaeng ka kutlobotlhoko e kgolo.
49 All his acquaintances, and the women who followed him from Galilee, stood far off watching these things. Mme ya re barutwa ba gagwe ba bona se se tla tlogang se direga ba goa ba re “Morena, a re ka lwa re tsile le dichaka.”
50 Now there was a man named Joseph, a member of the council, a good and righteous man, Mme monna mongwe yo o bidiwang Josefa, leloko la Kgotla Kgolo ya Sejuta, wa motse wa Arimathea mo Judea, a ya kwa go Pilatwe a mo kopa setopo sa ga Jesu. E ne e le monna yo o boifang Modimo yo o neng a ntse a lebeletse go tla ga Mesia ebile o ne a ise a ke a dumalane le maikaelelo le dikgato tsa baeteledipele ba bangwe ba Sejuta.
51 who had not agreed to their plan and action. He was from Arimathea, a Jewish town, and was waiting for the kingdom of our Father. Not in this edition
52 This man went to Pilate and asked for the body of Jesus. Not in this edition
53 He took it down, wrapped it in a linen cloth, and laid him in a rock-cut tomb where no one had yet been laid. Mme a folosa mmele wa ga Jesu a o phuthela ka letsela le le leele la lene mme a o baya mo lebitleng le lesha le le iseng le ke le dirisiwe, [le gabilwe mo lefikeng mo mhapheng wa thaba].
54 It was the day of Preparation, and the Sabbath was about to begin. Mo go ne ga diragala ka Labotlhano mo tshokologong ka letsatsi la iketleetso ya Sabata.
55 Women who came with him from Galilee followed, saw the tomb, and how his body was placed. Mme ya re setopo se tsewa, basadi ba ba neng ba tswa Galalea ba se sala morago, ba se bona se tsenngwa mo phupung.
56 They went back and prepared spices and ointments, then rested on the Sabbath as commanded. Mme ba ya magaeng go ya go baakanya malao le ditlolo go dibela setopo; mme ya re ba fetsa ga bo go le Sabata. Hong ba itapolosa letsatsi leo lotlhe ka fa molaong wa Sejuta.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]