Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Luke 2 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 In those days Caesar Augustus issued a decree to register the whole inhabited world. Ka nako e Kaesare Aguseto, Kgosi e kgolo ya Roma a ntsha molao wa gore merafe yotlhe e kwalwe.
2 This was the first registration, when Quirinius was governor of Syria. Go kwalwa mo go ne ga dirwa ka lobaka lwa Kwirinio e le molaodi wa Siria.
3 Everyone went to be registered, each to his own town. Mongwe le mongwe o ne a kopiwa go boela kwa ga gabo mogolo go ikwadisa.
4 Joseph too went up from Galilee, from the town of Nazareth, to Judea, to the city of David called Bethlehem, since he belonged to David's house and family, Mme Josefe ka e ne e le ngwana wa bogosi, a tshwanelwa ke go tswa kwa motseng wa Galalea wa Nasaretha a etela kwa Bethelehema mo Judea legae la bogologolo la ga Kgosi Dafide.
5 to be registered with Mary, his fiancée, who was expecting a child. A tsamaya le Marea, mmeelediwa wa gagwe yo o neng a bonala a le moimana ka nako e.
6 While they were there, the time came for her to give birth. Mme fa ba sa le teng foo, lobaka lwa tla lwa gore ngwana a tsholwe;
7 She gave birth to her firstborn son, wrapped him in cloths, and laid him in a manger, because the inn had no place for them. mme a tshola ngwana wa ntlha, e le mosimane. A mo phuthela ka kobo a mmaya mo bojelong jwa diruiwa, gonne ba ne ba sena bonno mo motseng wa baeti.
8 Shepherds were in that same region, staying out in the fields, keeping watch over their flock by night. Bosigo joo badisa bangwe ba bo ba le mo nageng kwa ntle ga motse, ba disitse letsomane la bone la dinku.
9 An angel of our Father stood before them; the glory of our Father shone around them, and great fear seized them. Ka tshoganetso moengele a iponatsa mo go bone mme lefatshe la phatsima ka ntlha ya kgalalelo ya Morena, mme ba tshoga thata.
10 The angel told them, "Don't be afraid—I bring good news of great joy for everyone: Mme moengele a ba nametsa a re, “Se boifeng!” “Ke lo lereditse mafoko a boitumelo jo bogolo jo bo tlaa bolelwang ka bosakhutleng, mme ke jwa mongwe le mongwe!
11 Today in the city of David, a Savior was born to you—Christ the Lord. Mmoloki ee, Mesia o tsetswe bosigong jono mo Bethelehema!
12 This is your sign: you'll find a baby wrapped in cloths, lying in a manger." Lo tlaa mo lemoga jang? Lo tlaa bona losea lo phuthetswe mo kobong, lo robaditswe mo bojelong!”
13 Suddenly there was with the angel a multitude of the heavenly host, praising our Father and saying, Ka tshoganetso moengele a tlhakana le lesomo le legolo la ba bangwe ebong mephato ya legodimo ba baka Modimo ba opela ba re:
14 "Glory to our Father in the highest, and on earth peace among those with whom he is pleased!" “Kgalalelo e nne go Modimo kwa magodimong, le kagiso mo lefatsheng mo go botlhe ba ba mo itumedisang.”
15 When the angels left them for heaven, the shepherds said to each other, "Let's go straight to Bethlehem and see this thing that has happened, which our Father has made known to us." Erile mophato o mogolo wa baengele o sena go boela gape kwa legodimong, badisa ba raana ba re, “A re yeng! A re yeng kwa Bethelehema! A re yeng go bona kgakgamatso e e diragetseng, e Morena o re boleletseng kaga yone.”
16 They hurried off and found Mary and Joseph, and the baby lying in the manger. Mme ba sianela kwa motseng ba tsaya tsela e e yang kwa go Marea le Josefe. Mme ga bo go le ngwana a rapame mo bojelong.
17 When they saw him, they made known what had been told them about this child. Badisa ba bolelela mongwe le mongwe kaga se se diragetseng le se moengele o se ba boleletseng kaga ngwana yo.
18 All who heard were amazed at what the shepherds told them. Botlhe ba ba utlwileng polelo ya badisa ba gakgamala.
19 But Mary treasured up all these things, pondering them in her heart. Mme Marea a baya dilo tse mo pelong ya gagwe ka tidimalo mme a akanya kaga tsone gantsi.
20 The shepherds returned, glorifying and praising our Father for all they'd heard and seen, just as they were told. Hong badisa ba boela gape kwa nageng kwa letsomaneng la bone, ba galaletsa Modimo kaga go etelwa ke moengele le gore ba bone ngwana, fela jaaka baengele ba ba boleletse.
21 When eight days for his circumcision were complete, he was named Jesus, the name the angel gave before he was conceived in the womb. Morago ga malatsi a fera bobedi, kwa tirelong ya thupiso ya losea, a rewa leina gatwe Jesu, leina le o le neilweng ke moengele pele ga a ise a ithwalwe.
22 When their days of purification under the Law of Moses ended, they brought him up to Jerusalem to present him to our Father, E rile fa nako e tla ya gore Marea a ntshe tshupelo ya ntlafatso kwa tempeleng, ka fa melaong ya ga Moshe morago ga botsalo jwa ngwana, batsadi ba gagwe ba mo tseela kwa Jerusalema go ya go mo neela mo Moreneng;
23 (as it is written in our Father's Law, "Every firstborn male will be called holy to our Father"), Gonne mo melaong e go tulwe, “Fa ngwana wa ntlha wa mosadi e le mosimane, o tlaa neelwa Morena.”
24 and to offer a sacrifice as the Law of our Father says: a pair of turtledoves or two young pigeons. Ka nako eo batsadi ba ga Jesu le bone ba ntsha setlhabelo sa bone sa go itshekisiwa, a e ka nna maphoi a le mabedi! kgotsa maebana a mabedi! E ne e le kopo e e ka fa molaong.
25 In Jerusalem lived a man named Simeon, righteous and devout, waiting for Israel's comfort, with the Holy Spirit on him. Ka letsatsi leo monna yo o bidiwang Simione moagi wa Jerusalema, o na a le mo tempeleng. E ne e le monna yo o siameng, morapedi yo mogolo, a tletse Mowa o o Boitshepo ebile ka metlha yotlhe a solofetse Mesia go tla ka bonako.
26 The Holy Spirit had revealed to him he wouldn't die before seeing our Father's Christ. Gonne Mowa o o Boitshepo o ne o iponaditse mo go ene gore ga a na go swa go fitlhelela a bona kgosi e e tloditsweng ya Modimo.
27 Prompted by the Spirit, he entered the temple. As the parents brought in the child Jesus to do for him what the Law required, Mowa O O Boitshepo o ne wa mo tlhotlheletsa go ya kwa tempeleng ka letsatsi leo; mme jalo fa Marea le Josefe ba goroga go neela Jesu mo Moreneng ka go ikobela molao,
28 Simeon took him up in his arms and blessed our Father, saying, Simione o ne a le teng mme a tsaya ngwana ka mabogo a gagwe, a baka Modimo.
29 "Sovereign Father, now you are letting your servant depart in peace, according to your word. A re, “Morena. Jaanong ke ka a swa ka kagiso! Gonne ke mmone jaaka o ntsholofeditse gore ke tlaa mmona, ke bone Mmoloki yo o mo neileng lefatshe.
30 For my eyes have seen your salvation, Not in this edition
31 which you have prepared in the presence of all peoples: Not in this edition
32 a light for revelation to the Gentiles, and for glory to your people Israel." Ke lesedi le le tlaa phatshimelang dichaba, e bile o tlaa nna kgalalelo mo bathong ba gago ba Iseraele!”
33 His father and mother were amazed at what was said about him. Marea le Josefe ba ema fela foo, ba gakgamalela se se buiwang kaga Jesu.
34 And Simeon blessed them and told Mary, his mother, "This child is appointed for the fall and rising of many in Israel, and to be a sign that is opposed, Simione a ba segofatsa mme a raya Marea a re, “Chaka e tlaa tlhaba mowa wa gago, gonne ngwana yo o tlaa ganwa ke batho ba le bantsi mo Iseraele ka ntlha ya tshenyego ya bone. Mme o tlaa nna boipelo jo bogolo jwa ba bangwe ba le bantsi. Le dikakanyo tse di kwa teng tsa dipelo tse di ntsi di tlaa senolwa.”
35 and a sword will pierce through your own soul also—so that thoughts from many hearts may be revealed." Not in this edition
36 Also there was Anna, a woman prophet, daughter of Phanuel of Asher's tribe, very old, having lived with her husband seven years after her virginity, Ana, moporofiti wa mosadi o na a le teng ka letsatsi leo. E ne e le morwadia Fanuela, wa morafe wa Sejuta wa ga Ashere, mme o ne a tsofetse, gonne e ne e le motlholagadi wa selekanyo sa dingwaga di le masome a fera bobedi le bone go tloga mo dingwageng di supa tsa lenyalo la gagwe, o ne a seka a tloga mo tempeleng mme a nna teng bosigo le motshegare, a obamela Modimo ka go rapela le go itima dijo gantsi.
37 and a widow until eighty-four, never leaving the temple, worshiping with fasting and prayer night and day. Not in this edition
38 Coming up at that same hour, she gave thanks to our Father and spoke of the child to all awaiting Jerusalem's redemption. A atamela fa Simione a sa ntse a bua le Marea le Josefe, mme a simolola go leboga Modimo le go itsise mongwe le mongwe mo Jerusalema yo a neng a letile go tla ga Mmoloki kaga kgorogo ya ga Mesia.
39 When they finished everything required by our Father's Law, they returned to Galilee, to their own town of Nazareth. Erile batsadi ba ga Jesu ba sena go diragatsa gotlhe mo go neng go tlhokwa ke Molao wa Modimo ba boela gae kwa Nasaretha mo Galalea.
40 The child grew, becoming strong, filled with wisdom, and our Father's favor was on him. Koo ngwana a feta a nna mosimane yo o thata yo o nonofileng, a ba a itsiwe ka botlhale jo bo fetileng dingwaga tsa gagwe; mme Modimo wa gorometsa matlhogonolo a one mo go ene.
41 Now his parents went to Jerusalem every year at the Feast of Passover. Erile Jesu a le dingwaga di le lesome le bobedi a tsamaya le batsadi ba gagwe go ya kwa moletlong wa Tlolaganyo o ba neng ba o tsena ngwaga le ngwaga.
42 When he was twelve years old, they went up according to the custom of the feast. Not in this edition
43 When the festival ended and they left for home, the boy Jesus stayed behind in Jerusalem, unknown to his parents. Morago ga moletlo ba simolola go boela gae kwa Nasaretha, mme Jesu a sala mo Jerusalema. Mme batsadi ba gagwe ga ba a ka ba mo tlhoka letsatsi la ntlha,
44 Thinking he was in the group, they traveled a day's journey, then searched for him among relatives and acquaintances. gonne ba ne ba gopola gore o na le ditsala mo baeting ba bangwe. Mme erile fa a sa bonale mo maabanyaneng ao, ba simolola go mmatla mo ditsaleng tsa bone.
45 When they did not find him, they returned to Jerusalem, searching for him. Mme ya re ba sa mmone, ba boela kwa Jerusalema go ya go mmatla teng.
46 After three days they found him in the temple, sitting among the teachers, listening to them and asking them questions. Morago ga malatsi a mararo ba mmona. O ne a le mo Tempeleng, a ntse fa gare ga baruti ba molao, a ganetsanya le bone ka dipotso tse di thata mme a gakgamatsa mongwe le mongwe ka kitso ya gagwe le dikarabo.
47 All who heard him were amazed at his understanding and his answers. Not in this edition
48 When his parents saw him, they were astonished. His mother said, "Child, why have you done this to us? Look, your father and I have been anguished, searching for you." Mme batsadi ba gagwe ba se ka ba itse gore ba ka akanyang fa ba mmona a ntse foo a didimetse. Hong mmaagwe a mo raya a re, “Morwaaka! Ke eng fa o re diretse jaana. Rrago le nna re go batlile ka tlhoafalo gongwe le gongwe?”
49 He said to them, "Why were you searching for me? Didn't you know I must be in my Father's house?" Mme a ba raya a re, “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa lemoge gore ke tlaa bo ke le fano mo Tempeleng, mo tlung ya ga Rre?”
50 But they did not understand the saying that he spoke to them. Mme ba bo ba sa tlhaloganye gore o raya jang.
51 Then he went down with them and came to Nazareth, remaining obedient to them. His mother kept all these things in her heart. Hong a boela kwa Nasaretha le bone a ba utlwa; mme mmaagwe a boloka dilo tse tsotlhe mo pelong ya gagwe.
52 Jesus increased in wisdom and stature and in favor with our Father and with people. Mme Jesu a gola a nna moleele ebile a le botlhale, mme a ratwa ke Modimo le batho.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]