1Since many have undertaken to compile an ordered account of what has been accomplished among us.OLEFGo tsala e e ratang Modimo. Dipolelo tse dintsi kaga Keresete di setse di kwadilwe di dirisiwa ka maitshegeletso a tsone jaaka dipolelo mo go rona go tswa mo barutweng ba pele le ba bangwe ba ba di boneng ka matlho.
2Just as eyewitnesses from the beginning and servants of the word handed these accounts to us,OLEFNot in this edition
3I too, having traced everything accurately from the start, decided to write it in order for you, most excellent Theophilus,OLEFLe fa go ntse jalo, go ne ga diragala mo go nna gore go ka siama fa nka boelela dipolelo tse gape go simolola ka palo ya ntlha go ya kwa go ya bofelo morago ga tlhotlhomiso tota ke be ke lo bolelela polelo e.
4so that you may know the certainty of the things you have been taught.OLEFGo lo tlhomamisetsa boammaaruri kaga se lo se rutilweng.
5In the days of Herod, king of Judea, a priest named Zechariah was in Abijah's priestly division. His wife Elizabeth descended from Aaron.OLEFPolelo ya me e simologa ka Moperesiti wa Sejuta, ebong Sakarea yo o tshedileng ka lobaka lwa Herode e le kgosi ya Judea. Sakarea e ne e le leloko la batsamaisi ba Tempele ya ga Abija, (mosadi wa gagwe Elisabetha le ene o ne a tshwana le ene e le leloko la baperesiti ba morafe wa Sejuta, wa losika lwa ga Arone.)
6They were both righteous before our Father, walking blamelessly in all his commandments and ordinances.OLEFSakarea le Elisabetha e ne e le batho ba ba boifang Modimo, ba tlhokometse go utlwa melao yotlhe ya Modimo mo moweng le mo lokwalong.
7But they had no child, because Elizabeth was barren, and both were very old.OLEFMme ba ne ba sena bana, gonne Elisabetha e ne e le moopa; mme ka bobedi jwa bone ba bo ba tsofetse thata.
8Now while he was serving as priest before our Father when his division was on duty,OLEFKa letsatsi lengwe ya re Sakarea a tsamaisa tiro ya gagwe mo Templeng, gonne lesomo la gagwe le ne le le mo tirong mo bekeng eo, tlotlego ya mo tlela ya go tsena mo felong ga Boitshepo go ya go fisa mashwalo fa Pele ga Modimo.
9by priestly custom, lot chose him to enter his sanctuary and burn incense.OLEFNot in this edition
10And the whole crowd of the people were praying outside at the hour of incense.OLEFKa lobakanyana, bontsi jwa kokoano ya batho jwa emela kwa ntle ga Tempele, ba rapela jaaka ba tle ba dire fa mashwalo a fisiwa.
11Then an angel of our Father appeared to him, standing at the right of the altar of incense.OLEFSakarea o ne a le mo felong ga boitshepo fa ka tshoganetso Moengele a iponatsa mo go ene, a eme ka fa letsogong le legolo la sebeso sa ma-shwalo! Sakarea o ne a tshogile ebile a gamaregile.
12Zechariah was shaken when he saw him, and fear came over him.OLEFNot in this edition
13The angel said to him, "Don't be afraid, Zechariah—your prayer has been heard. Your wife Elizabeth will bear you a son; name him John.OLEFMme moengele a mo raya a re, “Se boife, Sakarea! Gonne ke tletse go go bolelela gore Modimo o utlwile thapelo ya gago le mosadi wa gago Elisabetha o tlaa tshola ngwana wa mosimane! Mme o tlaa mo raya leina o re Johane.
14You will have joy and gladness; many will rejoice at his birth.OLEFKa bobedi jwa lona lo tlaa nna le boipelo jo bogolo le boitumelo ka botsalo jwa gagwe, mme ba le bantsi ba tla ipela le lona.
15He will be great before our Father, must never drink wine or other alcoholic drinks, and he will be filled with the Holy Spirit even from his mother's womb.OLEFGonne e tlaa nna mongwe wa batho ba bagolo ba Morena. A se ka a nwa mofine kgotsa seno se se tagisang-gonne o sa le a tladitswe ka Mowa o o Boitshepo, le e leng pele ga a tsalwa!
16And he will turn many of the children of Israel back to their Father.OLEFMme o tlaa tlhotlheletsa Bajuta ba le bantsi go sokologela mo go Morena Modimo wa gagwe.
17He will go before our Father in Elijah's spirit and power, turning fathers' hearts to their children, and the disobedient to the wisdom of the righteous, to prepare a people ready for our Father."OLEFE tlaa nna motho yo o mowa o makgawekgawe a nonofile jaaka Elija, moporofiti yo mogolo; mme o tlaa etelela pele go tla ga ga Mesia, a baakanyetsa batho go goroga ga gagwe. O tlaa ba ruta go rata Morena fela jaaka bagolwane ba bone ba ne ba dira, le go tshela jaaka batho ba ba boifang Mo-dimo.”
18Zechariah said to the angel, "How will I know this? I'm old, and my wife is well along in years."OLEFHong Sakarea a raya moengele a re, “Mme mo ga go kgonege! Ke setse ke le monna mogolo jaanong, le mosadi wa me le ene o tsofetse.”
19The angel answered him, "I am Gabriel, who stands in our Father's presence, sent to speak to you and bring you this good news.OLEFHong moengele a mo raya a re, “Ke Gabariele ke eme sentle fa pele ga Modimo. Ke one o o ntho-mileng kwa go wena ka mafoko a a molemo a!
20And now you will be silent, unable to speak, until the day these things happen, because you did not believe my words, which will come true in their time."OLEFMme jaanong, ka gore ga o a ka wa ntumela, o tlaa dirwa semumu, o tlaa palelwa ke go bua go fitlhelela ngwana a tsholwa. Gonne mafoko a me a tlaa diragala ka nako e e leng yone.”
21Meanwhile the people waited for Zechariah, wondering why he stayed so long in the sanctuary.OLEFKa lobakanyana kokoano ya batho kwa ntle ba bo ba letile Sakarea go boa, ebile ba gakgametse gore ke eng fa a diegile.
22When he came out, he could not speak to them, and they knew he had seen a vision in the sanctuary. He kept motioning to them and stayed mute.OLEFYa re a tswa a bo a palelwa, ke go bua nabo, jalo ba lemoga fa a bonye ponatshegelo mo tempeleng. Ene a nna a ba gwetlha fela a ntse.
23And when his days of service were ended, he went home.OLEFHong a nna mo Tempeleng selekanyo sa malatsi a a setseng a tiro ya gagwe ya Tempele mme morago a boela gae.
24After these days his wife Elizabeth became pregnant, and for five months she kept herself hidden, saying,OLEFKa bonako morago ga lobaka Elisabetha mosadi wa gagwe a ithwala a nna a le nosi selekanyo sa kgwedi tse tlhano.
25"This is what our Father did for me, in the days he looked on me, to remove my disgrace among people."OLEF“A goa” a re, “Morena o pelotlhomogi mo go kae, go ntsha tlotlologo ya me ya go tlhoka bana!”
26In month six our Father sent the angel Gabriel to a Galilee town called Nazareth,OLEFKgwedi e e latelang Modimo wa roma moengele Gabariele kwa Nasaretha, motse wa Galalea,
27to a virgin engaged to a man named Joseph, of the house of David; the virgin's name was Mary.OLEFkwa kgarebaneng, Marea, yo o neng a beeletswe go nyalwa ke monna yo o neng a bidiwa Josefe, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide.
28And he came to her and said, "Greetings, favored one! Our Father is with you."OLEFGabariele a iponatsa mo go ene a re, “A go nne boitumelo kgarebane e e rategang! Morena o na le wena!”
29But she was greatly troubled by his words, and wondered what kind of greeting this might be.OLEFMarea o ne a tshwenyegile thata fa a leka go akanya se moengele a ka neng a se raya.
30The angel said to her, "Don't be afraid, Mary, for you have found favor with our Father.OLEFMoengele a mo raya a re, “Se tshoge Marea, gonne Modimo o thata.
31You will conceive in your womb and bear a son, and you will call his name Jesus.OLEFKa bonako jaanong o tlaa ithwala mme o tlaa nna le ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re ‘Jesu’
32He will be great and called Son of the Most High, and our Father will give him the throne of his father David,OLEFO tlaa nna mogolo thata mme o tlaa bidiwa Morwa Modimo. Mme Morena Modimo o tlaa mo naya setilo sa bogosi sa mogolwagolwane wa gagwe Dafide.
33and he will reign over Jacob's house forever; his kingdom will never end."OLEFO tlaa busa mo Iseraela ka bosakhutleng, Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo fela!”
34And Mary said to the angel, "How will this be, since I am a virgin?"OLEFMme Marea a botsa moengele a re, “Ke ka nna jang le ngwana? ke le kgarebane.”
35The angel answered her, "The Holy Spirit will come over you, and the Most High's power will shadow you; so the holy child born will be called the Son of our Father.OLEFMoengele a mo fetola a re, “Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Modimo e tlaa go apesa, jalo ngwana yo o tlaa mo tsholang o tlaa ba a le boitshepo e le Morwa Modimo.
36Look, your relative Elizabeth has also conceived a son in her old age—this is the sixth month for her called barren.OLEFMo godimo ga moo, Elisabetha ntsalao wa ‘moopa’ jaaka a bidiwa-o setse a na le dikgwedi di le thataro a ithwele mo botsofeng ja gagwe!
37For nothing will be impossible with our Father."OLEFGonne tsholofetso nngwe le nngwe e e tswang mo Modimong e tlaa diragala.”
38Mary said, "I am the servant of our Father; let it happen to me as you said." Then the angel left her.OLEFMme Marea a re, “Ke motlhanka wa Morena e bile ke batla go dira sengwe le sengwe se o se batlang. A sengwe le sengwe se o se buileng se diragale.” Hong moengele a nyelela.
39In those days Mary got up and hurried to the hill country, to a town in Judah,OLEFMorago ga malatsi a se kae Marea a itlhaganelela kwa makhubung a Judea kwa motseng o Sakarea o neng a nna mo go one, go etela Elisabetha.
40and she entered the house of Zechariah and greeted Elizabeth.OLEFNot in this edition
41When Elizabeth heard Mary's greeting, her baby leaped in her womb, and she was filled with the Holy Spirit.OLEFMme ya re Elisabetha a utlwa tumediso ya ga Marea, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe mme Elisabetha a tlala Mowa o o Boitshepo.
42She cried out with a loud voice, "Blessed are you among women, blessed is the fruit of your womb!OLEFA tshega ka boitumelo a raya Marea a re, “o ratilwe ke Modimo mo basading botlhe, le ngwana, wa gago, o tlhologeletswe kgalalelo ya Modimo e kgolo.
43And why is this granted to me, that the mother of my Lord should come to me?OLEFAna ke tlotlo e kgolo thata jang, e Mma-Morena wa me o nketetseng ka yone!
44For the moment I heard your greeting, the baby in my womb leaped for joy.OLEFErile fa ke utlwa lentswe la gago ka nako e o neng o ntumedisa ka yone, ngwana a tlola mo sebopelong sa me ka boitumelo!
45Blessed is she who believed that there would be a fulfillment of what our Father spoke to her."OLEFO dumetse gore Modimo o tlaa dira se o se buileng; ke ka moo o go neileng letlhogonolo le le gakgamatsang le.”
46And Mary said, "My soul magnifies our Father,OLEFMarea a fetola a re, “Ao, ke galaletsa Morena jang.
47and my spirit rejoices in our Father, my Savior,OLEFKe itumela jang mo Modimong Mmoloki!
48for he has looked on the humble estate of his servant. For from now on all generations will call me blessed;OLEFGonne o tlhokometse motlhanka wa one wa morweetsana, le jaanong kokomana morago ga kokomana go ya bosakhutleng ba tlaa mpitsa mosegofadiwa wa Modimo.
49for the Mighty One has done great things for me, and holy is his name.OLEF“Gonne ene yo mogolo yo o boitshepo, o ntiretse dilo tse dikgolo.
50And his mercy is for those who fear him from generation to generation.OLEFBoutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo tsamaya go tsweng kokomaneng go ya kokomaneng, mo go botlhe ba ba o boifang:
51He has shown strength with his arm; he has scattered the proud in the thoughts of their hearts;OLEF“Nonofo ya letsogo la gagwe e kgolo jang! O faladitse baikgantshi le ba ba ikgodisang.
52he has brought down the mighty from their thrones and lifted up the humble;OLEFO digile dikgosi tse di kgolo mo ditilong tsa tsone tsa bogosi mme o godisitse ba ba ingotlileng.
53he has filled the hungry with good things, and the rich he has sent away empty.OLEFO kgorisitse dipelo tse di bolailweng ke tlala mme o busitse bahumi ba sa tsaya sepe.
54He has helped his servant Israel, in remembrance of his mercy,OLEFEbile o thusitse motlhanka wa gagwe Iseraele jang! Ga a ka a lebala tsholofetso ya kutlwelo-botlhoko.
55just as he spoke to our fathers, to Abraham and to his offspring forever."OLEF“Gonne o solofeditse bo rraarona-Aberahame le bana ba gagwe go nna kutlwelo-botlhoko mo go bone go ya bosakhutleng.”
56And Mary remained with her about three months and then returned to her home.OLEFMarea a nna le Elisabetha selekanyo sa dikgwedi tse tharo mme a boela kwa legaeng la gagwe.
57Now the time came for Elizabeth to give birth, and she bore a son.OLEFKa nako e, tebelelo ya ga Elisabetha e ne e setse e wetse, ka gore lobaka lo ne lo setse lo fitlhile lwa ngwana gore a tsholwe mme ya bo e le mosimane.
58Her neighbors and relatives heard our Father had shown her great mercy, and rejoiced with her.OLEFMme lefoko la anamela ka bonako kwa go bangwe ka ene le ba losika gore Morena o mo diretse molemo go le kae, mme mongwe le mongwe a itumela.
59On the eighth day they came to circumcise the child, and were going to call him Zechariah after his father,OLEFE rile fa ngwana a na le malatsi a fera bobedi botlhe ba losika le ditsala ba tla modirong wa thupiso. Botlhe ba ne ba ithaya ba re leina la ngwana e tlaa nna Sakarea, a reelelwa rraagwe.
60but his mother answered, "No; he will be called John."OLEFMme Elisabetha a re, “Nnyaa! O tshwanetse go bidiwa Johane!”
61And they said to her, "None of your relatives is called by this name."OLEFMme ba gakgamala ba re, “Wa reng? Ga go na ope mo go ba gaeno wa leina leo.”
62And they made signs to his father, asking what Zechariah wanted the child to be called.OLEFJalo ba botsa rangwana, ba bua le ene ka diatla.
63He asked for a tablet and wrote, "His name is John." And everyone was amazed.OLEFMme a kopa pampiri e e kwalelang mme mo kgakgamalong ya mongwe le mongwe a kwala a re, “Leina la gagwe ke Johane!”
64And immediately his mouth was opened and his tongue loosed, and he spoke, blessing our Father.OLEFKa bonako Sakarea a kgona go bua gape, mme a simolola go baka Modimo.
65Fear fell on all their neighbors, and all these things were talked about throughout Judea's hill country.OLEFKgakgamalo ya wela botlhe ba ba agileng gaufi, mme mafoko a se se diregileng a anama le dithota tsa Judea.
66And all who heard kept these things in their hearts, saying, "What then will this child become?" For our Father's hand was with him.OLEFMme batho botlhe ba ba utlwileng kaga gone, ba akanya ka boleele ba ipotsa ba re, “Re a gakgamala gore ngwana yo o tsile go nna eng? Gonne letsogo la Morena ruri le mo okame ka mokgwa mongwe wa botlhokwa.”
67And his father Zechariah was filled with the Holy Spirit and prophesied, saying,OLEFHong rraagwe ebong Sakarea a tlala Mowa o o Boitshepo mme a ntsha polelopele e e reng:
68"Blessed be our Father of Israel, for he has visited and redeemed his people,OLEFBakang Modimo, Morena wa Iseraele gonne o tsile go etela batho ba gagwe mme o ba golotse.
69and has raised up a mighty Savior for us in the house of his servant David,OLEFO re romeletse Mmoloki yo o senatla a tswa mo losikeng lwa motlhanka wa gagwe Dafide,
70as he spoke through the mouth of his holy prophets long ago,OLEFfela jaaka a solofeditse ka baporofiti ba gagwe ba ba boitshepo mo lobakeng lo lo fetileng
71that we should be saved from our enemies and from the hand of all who hate us;OLEFgore o tlaa re romelela mongwe yo o tlaa re gololang mo babeng ba rona, le mo go botlhe ba ba re ilang.
72to show the mercy promised to our fathers and to remember his holy covenant,OLEF“O na a le kutlwelobotlhoko mo bagolwaneng ba rona, ee, mo go Aberahame ka bo ene, ka go gakologelwa tsholofetso ya gagwe e e boitshepo mo go ene,
73the oath that he swore to our father Abraham, to grant us,OLEFNot in this edition
74that we, being delivered from the hand of our enemies, might serve him without fear,OLEFle go re naya tshwanelo ya go direla Modimo kwa ntle ga poifo, re golotswe mo babeng ba rona.
75in holiness and righteousness before him all our days.OLEFLe go re dira boitshepo le go amogelesega, re siametse go ema fa pele ga one ka bosakhutleng.
76And you, child, will be called the prophet of the Most High; for you will go before the Lord to prepare his ways,OLEF“Mme wena morwaaka yo mmotlana, o tlaa bidiwa moporofiti wa Modimo o o galalelang, gonne o tlaa baakanya ditsela tsa ga Mesia.
77to give his people the knowledge of salvation through the forgiveness of their sins,OLEFO tlaa bolelela batho ba one ka fa ba ka bonang poloko ka teng ka boitshwarelo jwa dibe.
78because of the tender mercy of our Father, by which the sunrise from on high will visit us,OLEFGotlhe mo go tlaa nna ka ntlha ya gore boutlwelo-botlhoko jwa Modimo wa rona bo bonolo thata, e bile bosa jwa legodimo bo tlaa re sela.
79to give light to those who sit in darkness and in the shadow of death, to guide our feet into the way of peace."OLEFGo bonesetsa ba ba ntseng mo lefifing la moruti wa loso, le go re goga mo tseleng ya kagiso.”
80The child grew, became strong in spirit, and lived in the wilderness until the day he appeared publicly to Israel.OLEFMme e rile ngwana a sena go gola a rata Modimo thata. A nna kwa ntle mo sekakeng a le esi go fitlhelela a simolola thuto ya gagwe mo Iseraele.