Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Luke 3 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 In Tiberius Caesar's fifteenth year, when Pontius Pilate was governor of Judea, Herod was tetrarch of Galilee, his brother Philip of the region of Ituraea and Trachonitis, and Lysanias of Abilene, Mme e rile mo ngwageng ya lesome le botlhano ya puso ya ga kgosi kgolo Teberio Kaefase, molaetsa wa tla mo go Johane (morwa Sakarea) ka a ne a nna kwa ntle mo dikakeng (Pilatwe e ne e le mmusi mo Judea ka lobaka loo; Herode e le mmusi mo Galalea, monnawe Filipo e le mmusi mo Iturea le Trakoniti; Lusaniase e le mmusi mo Abilene; Anase le Kaeafase e le baperesiti ba bagolo ba Sejuta).
2 under high priests Annas and Caiaphas, our Father's word came to John son of Zechariah in the wilderness. Not in this edition
3 He went through the whole Jordan region, preaching a baptism of repentance for the forgiveness of sins, Hong Johane a tsamaya gongwe le gongwe mo ditlhakoreng tsoopedi tsa noka ya Jorodane, a rera gore batho ba tshwanetse go kolobediwa go supa gore ba sokologetse mo Modimong, ebile ba sokologile mo dibeng tsa bone, gore ba tle ba itshwarelwe.
4 as it is written in the book of the words of Isaiah the prophet: "A voice of one calling in the wilderness: Prepare the way for the Lord, make his paths straight. Mo mafokong a ga moporofiti Isaia, Johane e ne, “E le lentswe le le kuang mo sekakeng, le re baakanyang tsela e Morena o tlaa tsamayang mo go yone! Mo katolosetseng tsela.
5 Every valley will be filled in, and every mountain and hill made low. The crooked roads will become straight, and the rough ways smooth, Ritibatsang dithaba! Katelang melatswana! Tlhamalatsang ditsela tse di kgopo! Rethefatsang le tsone tse di dikhuti!
6 and all flesh will see the salvation of our Father." Ke gone batho botlhe ba tlaa bonang Mmoloki yo o tswang legodimong.”
7 John said then to the crowds coming to be baptized by him: "You brood of vipers! Who warned you to flee the coming wrath? Se ke sekai sa thero ya ga Johane mo dikokoanong tsa batho ba ba neng ba tsile kolobetsong: “Losika lwa dinoga ke lona! Lo leka go falola molete kwa ntle ga go sokologela mo Modimong ka boammaaruri! Ke gone ka moo lo batlang go kolobediwa!
8 So produce fruit worthy of repentance. Don't start telling yourselves, 'We have Abraham as our father.' For I tell you, our Father can raise up children for Abraham from these stones. Tsamayang pele lo ye go itshupa ka mokgwa o lo tshelang ka one gore ke boammaaruri lo ikwatlhaile. Le gone lo se ka lwa akanya gore lo falotse ka gore lo losika lwa ga Aberahame. Moo ga go a lekana. Modimo o ka ntsha bana ba ga Aberahame mo majeng a a sekaka a!
9 Already the axe lies at the root of the trees; every tree not bearing good fruit is cut down and thrown into the fire." “Selepe sa katlholo ya gagwe se tlhomilwe mo godimo ga lona, se baakanyeditswe go kgaola medi ya lona le go lo kgaolela fa fatshe. Ee, setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo siameng se tlaa rengwa se be se latlhelwa mo molelong.”
10 And the crowds asked him, "What then should we do?" Mme batho ba ba kokoaneng ba fetola bare, “O batla gore re direng?” Hong a ba fetola a re,
11 He replied, "Whoever has two shirts, share with the one who has none; whoever has food, do the same." “Fa o na le dikobo di le pedi,” naya yo o tlhokang e nngwe. Fa o na le dijo tse dingwe di abele ba ba bolailweng ke tlala.
12 Tax collectors also came to be baptized, and they said to him, "Teacher, what should we do?" Le e leng bone bakgethisi tota ba ba itsegeng ka bosula jwa bone ba tla go kolobediwa mme ba botsa ba re, “Re tlaa go tlhomamisetsa jang gore re latlhile dibe tsa rona?”
13 "Collect no more than you are required to," he told them. Johane a re, “Ke tlaa itse jang boammaaruri jwa lona. Tlhomamisang gore lo seka lwa phutha makgetho a a fetang a mmuso wa Seroma o o lo kopang gore lo a kokoanye.”
14 Soldiers also asked him, "And us—what should we do?" He said to them, "Don't extort anyone by force or false charges; be satisfied with your wages." Mme masole mangwe a botsa a re, “A le rona? Jaanong ka ga rona?” Johane a fetola a re, “Lo seka lwa gapa madi ka patiko le thubakanyo; lo se pateletse ope ka ga se lo itseng a sa se dire; mme itumeleleng tuelo ya lona!”
15 The people were expectant, all wondering in their hearts whether John himself might be the Christ. Batho botlhe ba solofetse Mesia go tla ka bonako, ebile ba gakaletse go itse gore a Johane ke ene kgotsa nnyaa. E e ne e le potso ya lobaka lwa oura, mme ba ne ba tsaya kgang ka yone gongwe le gongwe.
16 John answered them all, "I baptize you with water. But one stronger than I is coming—I'm not worthy to untie his sandal strap. He will baptize you with the Holy Spirit and fire. Johane a araba potso e a re, “Ka nna legale ke lo kolobetsa ka metsi; mme mongwe o e tla yo o nang le nonofo e kgolo go feta yame; yo ke sa tshwanelang le fa e le go nna motlhanka wa gagwe mme ene o tlaa lo kolobetsa ka molelo ka Mowa o o Boitshepo.
17 Winnowing fork in hand, he will clear his threshing floor, gather the wheat into his barn, but burn the chaff with fire that can't be put out." O tlaa kgaoganya mmoko le mabele, a tshube mmoko ka molelo o o sa khutleng mme a boloke mabele.”
18 And with many other words of exhortation, John proclaimed the good news to the people. A dirisa ditlhagiso di le dintsi fa a ntse a bolelela batho mafoko a a molemo a Modimo.
19 But John confronted Herod the tetrarch about Herodias, his brother's wife, and about all the evil Herod had done, (Mme ya re Johane a sena go bona Herode mmusi wa Galalea molato, ka go nyala Herodease, mosadi wa ga monnawe, le ka ga diphoso tse dintsi tse o di dirileng, Herode a tsenya Johane mo kgolegelong, ka go dira jalo a ba a oketsa sebe se, mo go tse dingwe tse dintsi tsa gagwe).
20 Herod added this to all the rest: he locked John up in prison. Not in this edition
21 When all the people were baptized, Jesus was baptized too. As he prayed, heaven opened, Erile ka letsatsi lengwe Jesu ka boene a tlhakana le boidiidi jwa batho ba ba neng ba kolobediwa ke Johane. Mme e rile fa a sena go kolobediwa, a rapela, mme magodimo a bulega,
22 and the Holy Spirit descended on him in bodily form like a dove. And a voice came from heaven: "You are my beloved Son; in you I delight." mme Mowa o o Boitshepo o le mo setshwanong sa lephoi wa tlhomama mo godimo ga gagwe, mme lentswe le le tswang legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang thata. Ee, o boitumelo jwa me.”
23 Jesus was about thirty when he began his ministry, the son—so it was thought—of Joseph, son of Heli, Jesu o ne a na le dingwaga di ka nna masome mararo fa a simolola tirelo ya gagwe. O na a itsege e le morwa Josefe.
24 the son of Matthat, the son of Levi, the son of Melchi, the son of Jannai, the son of Joseph, Josefe rraagwe e ne e le Eli; Eli rraagwe e ne e le Lefi; Lefi rraagwe e ne e le Meleki; Meleki rraagwe e ne e le Janai; Janai rraagwe e ne e le Josefe;
25 the son of Mattathias, the son of Amos, the son of Nahum, the son of Esli, the son of Naggai, Josefe rraagwe e ne e le Mathatio; Mathatio rraagwe e ne e le Amose; Amose rraagwe e ne e le Nahume; Nahume rraagwe e ne e le Eseli; Eseli rraagwe e ne le Nagai;
26 the son of Maath, the son of Mattathias, the son of Semein, the son of Josech, the son of Joda, Nagai rraagwe e ne e le Maathe; Maathe rraagwe e ne e le Mathatio; Mathatio rraagwe e ne e le Semeine; Semeine rraagwe e ne e le Joseke; Joseke rraagwe e ne e le Joda;
27 the son of Joanan, the son of Rhesa, the son of Zerubbabel, the son of Shealtiel, the son of Neri, Joda rraagwe e ne e le Joane; Joane rraagwe e ne e le Resa; Resa rraagwe e ne e le Sorobabela; Sorobabela rraagwe e ne e le Salatheile; Salathiele rraagwe e ne e le Neri;
28 the son of Melchi, the son of Addi, the son of Cosam, the son of Elmadam, the son of Er, Neri rraagwe e ne e le Meleki; Meleki rraagwe e ne e le Adi; Adi rraagwe e ne e le Kosame; Kosame rraagwe e ne e le Elemadame; Elemadame rraagwe e ne e le Ere;
29 the son of Joshua, the son of Eliezer, the son of Jorim, the son of Matthat, the son of Levi, Ere rraagwe e ne e le Joshua; Joshua rraagwe e ne e le Eliesere; Eliesere rraagwe e ne e le Jorime; Jorime rraagwe e ne e le Mathate; Mathate rraagwe e ne e le Lefi;
30 the son of Simeon, the son of Judah, the son of Joseph, the son of Jonam, the son of Eliakim, Lefi rraagwe e ne e le Simione; Simione rraagwe e ne e le Juda; Juda rraagwe e ne e le Josefe; Josefe rraagwe e ne e le Joname; Joname rraagwe e ne e le Eliakime;
31 the son of Melea, the son of Menna, the son of Mattatha, the son of Nathan, the son of David, Eliakime rraagwe e ne e le Melea; Melea rraagwe e ne e le Mene; Mene rraagwe e ne e le Matatha; Matatha rraagwe e ne e le Nathame; Nathame rraagwe e ne e le Dafide;
32 the son of Jesse, the son of Obed, the son of Boaz, the son of Salmon, the son of Nahshon, Dafide rraagwe e ne e le Jese; Jese rraagwe e ne e le Obede; Obede rraagwe e ne e le Boase; Boase rraagwe e ne e le Sala; Sala rraagwe e ne e le Naasone;
33 the son of Amminadab, the son of Admin, the son of Arni, the son of Hezron, the son of Perez, the son of Judah, Naasone rraagwe e ne e le Aminadabe; Aminadabe rraagwe e ne e le Admine; Admine rraagwe e ne e le Areni; Areni e ne e le rraagwe Eserome; Eserome e ne e le rraagwe Perese; Perese rraagwe e ne e le Juda;
34 the son of Jacob, the son of Isaac, the son of Abraham, the son of Terah, the son of Nahor, Juda rraagwe e ne e le Jakobe; Jakobe rraagwe e ne e le Isake; Isake rraagwe e ne e le Aberahame; Aberahame rraagwe e ne e le Thara; Thara rraagwe e ne e le Nagore;
35 the son of Serug, the son of Reu, the son of Peleg, the son of Eber, the son of Shelah, Nagore rraagwe e ne e le Seruge; Seruge rraagwe e ne e le Ragau; Ragau rraagwe e ne e le Faleke; Faleke rraagwe e ne e le Ebere; Ebere rraagwe e ne e le Sala;
36 the son of Cainan, the son of Arphaxad, the son of Shem, the son of Noah, the son of Lamech, Sala rraagwe e ne e le Kainame; Kainame rraagwe e ne e le Arpagasadi; Arpagasadi rraagwe e ne e le Sheme; Sheme rraagwe e ne e le Lamege;
37 the son of Methuselah, the son of Enoch, the son of Jared, the son of Mahalalel, the son of Cainan, Lamege rraagwe e ne e le Methusela; Methusela rraagwe e ne e le Enoke; Enoke rraagwe e ne e le Jareke; Jareke rraagwe e ne e le Mahalele; Mahalele rraagwe e ne e le Kainame;
38 the son of Enosh, the son of Seth, the son of Adam, the son of our Father. Kainame rraagwe e ne e le Enose; Enose rraagwe e ne e le Sethe; Sethe rraagwe e ne e le Adamo; Adamo rraagwe e ne e le Modimo.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]