Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Luke 4 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Jesus, full of the Holy Spirit, returned from the Jordan, led by the Spirit in the wilderness. Mme ya re Jesu a ntse a tletse Mowa O O Boitshepo, a tloga mo nokeng ya Jorodane, a tlhotlheleditswe ke Mowa O O Boitshepo a ya mafatshing a Judea, kwa Satane o neng a mo raela selekanyo sa malatsi a le masome a mane. O ne a sa je sepe mo lobakeng loo lotlhe, mme a ba a tshwerwe ke tlala.
2 Forty days, tempted by the devil, eating nothing in those days; when they ended, he was hungry. Not in this edition
3 The devil told him, "If you're the Son of God, tell this stone to become bread." Satane a mo raela a mo raya a re, “Fa o le Morwa Modimo, raya leje le o re le fetoge senkgwe.”
4 And Jesus answered him, "It is written, 'Man shall not live by bread alone.'" Mme Jesu a mo fetola a re, “Go kwadilwe mo dikwalong gatwe, ‘Dilo dingwe mo botshelong di botlhokwa thata go na le senkgwe.’ ”
5 Then the devil led him up and showed him all the kingdoms of the world in an instant. Mme Satane a mo tseela kwa godimo mme a mmontsha magosi a lefatshe otlhe ka nako e khutshwane;
6 He said to him, "I will give you all this authority and their glory, for it has been entrusted to me, and I give it to whomever I want. mme Satane a mo raya a re, “Ke tlaa go naya magosi a mantle a otlhe le kgalalelo ya one gonne ke a me ke a naya mongwe yo ke eletsang go a mo naya fa o ka khubama ka mangole wa nkobamela.”
7 If you, then, will worship me, it will all be yours." Not in this edition
8 And Jesus answered him, "It is written, 'You will worship your Father, and serve only him.'" Jesu a fetola a re “Re tshwanetse go obamela Modimo, ene ka esi. ‘Go kwadilwe jalo mo dikwalong.’ ”
9 Then he led him to Jerusalem, stood him on the temple's highest point, and said, "If you're the Son of God, throw yourself down from here, Hong Satane a mo tseela kwa Jerusalema kwa setlhoeng se se kwa godimo sa Tempele mme a re, “Fa o le morwa Modimo itige! Gonne dikwalo tsa re Modimo o tlaa romela baengele ba one go go sireletsa le go go tlamela gore o seka wa sugakana fa fatshe!”
10 for it is written, 'He will command his angels concerning you, to guard you,' Not in this edition
11 and 'On their hands they will bear you up, so that you won't strike your foot against a stone.'" Not in this edition
12 And Jesus answered him, "It is said, 'You shall not put your Father to the test.'" Mme Jesu a fetola a re, “Dikwalo gape tsa re ‘O se leke bopelotelele jwa Modimo.’ ”
13 And when the devil had ended every temptation, he departed from him until an opportune time. Erile Diabole a sena go fetsa dithaelo tsotlhe a tlogela Jesu ka lobakanyana mme a tsamaya.
14 Jesus returned to Galilee in the Holy Spirit's power, and news of him spread through the whole region. Mme Jesu a boela kwa Galalea, a tletse nonofo ya Mowa O O Boitshepo. Mme ka bofefo a tuma mo tikologong ya kgaolo eo yotlhe.
15 And he taught in their synagogues, and everyone glorified him. Gonne o ne a galalediwa ke mongwe le mongwe mo disenagogeng ka ntlha ya dithero tsa gagwe.
16 He came to Nazareth, where he was raised, and as usual entered the synagogue on the Sabbath, then stood to read. E rile fa a tsena mo motsing wa Nasaretha, mo legaeng le o tsaletsweng mo go lone, a ya jaaka gale kwa tlung ya thuto ka Sabata, mme a ema a bala dikwalo.
17 He was handed the scroll of the prophet Isaiah, unrolled it, and found where it was written: Mme a neelwa lokwalo lwa ga Moporofiti Isaia, mme a lo bula mo kgaolong e e reng.
18 "The Spirit of our Father is upon me, because he has anointed me to proclaim good news to the poor. He has sent me to proclaim freedom for the captives and recovery of sight to the blind, to set free those who are oppressed, “Mowa wa Modimo o mo go nna. O ntaoletse go rerela bahumanegi Mafoko a a Molemo; o nthometse go fodisa dipelo tse di phatlogileng le go bolela gore magolegwa a tla gololwa, le difofu di tlaa bona, bapatikegi ba tlaa gololwa mo bagateleding ba bone le gore Modimo o ipaakanyeditse go naya letlhogonolo botlhe ba ba tlang mo go one.”
19 to proclaim the year of our Father's favor." Not in this edition
20 He rolled up the scroll, gave it back to the attendant, and sat down. Every eye in the synagogue was fixed on him. Mme a tswala lokwalo a lo busetsa kwa molebeleding, a nna fa fatshe, mongwe le mongwe mo senagogeng a mo lebeletse thata ka tlhoafalo.
21 And he began to say to them, "Today this Scripture has been fulfilled in your hearing." Hong a oketsa a re, “Dikwalo tse di diragetse gompieno!”
22 All spoke well of him, amazed at the gracious words from his mouth, and said, "Isn't this Joseph's son?" Botlhe ba ba neng ba le foo ba bua sentle kaga gagwe e bile ba gakgamaditswe ke mafoko a mantle a a neng a tswa mo molomong wa gagwe. Mme ba botsa ba re, “Mo go ka diragala jang. A motho yo ga se morwa Josefe?”
23 He said to them, "Surely you'll quote this proverb to me: 'Doctor, heal yourself.' Do here in your hometown, too, what we heard happened in Capernaum." Mme Jesu a re, “Nkete lo tlaa mpuela seane se se reng, ‘Ngaka, iphodise’ ke gore, ‘Ke eng fa o sa dire dikgakgamatso fano mo legaeng la gaeno jaaka tse o neng o di dira kwa Kaperenama?’
24 And he said, "Truly, I say to you, no prophet is acceptable in his hometown. Mme ke lo tlhomamisetsa gore ga go moporofiti ope yo o amogelesegang mo ga gabo!”
25 But truly I tell you, many widows lived in Israel in Elijah's days, when the sky was shut three years and six months and a great famine struck the whole land, Sekai ke se, “Gakologelwang jaaka moporofiti Elija a ne a dira Sarefa a le moeti go tswa lefatsheng la Sidona. Go ne go le batlholagadi ba Sejuta ba le bantsi ba ba neng ba tlhoka thuso mo malatsing ao a leuba, gonne go ne go se na pula selekanyo sa dingwaga di le tharo le sephatlo, mme tlala ya tsena mo lefatsheng ka bokukuntshwane; le fa go ntse jalo Elija a ba a sa romelwa kwa go bone.
26 and Elijah was sent to none of them but only to a widow in Zarephath of Sidon. Not in this edition
27 Many had leprosy in Israel in the days of the prophet Elisha, yet none was made clean except Naaman the Syrian." Kgotsa akanyang moporofiti Elija, yo o neng a fodisa Naamane wa Mosiria, bogolo go balepero ba le bantsi ba Sejuta ba ba neng ba tlhoka thuso.”
28 When they heard these things, everyone in the synagogue was furious. Mme mafoko a a ba shakgatsa thata;
29 They got up, drove him out of town, and took him to the edge of the hill their town was built on, to throw him off the cliff. Mme ba tlola, ba mo gagautlha ba ba ba mo tseela kwa losing lwa lentswe le le godileng mo go neng go agilwe motse teng, go mo kgoromeletsa mo godimo ga lekhubu.
30 But he walked through the crowd and went away. Mme a tswa mo bontsintsing jwa batho a ba tlogela.
31 He went down to Capernaum, a town in Galilee, and taught them on the Sabbath, Mme a boela kwa Kaperenama, motse o o mo Galalea, mme a ruta teng mo senagogeng ka Sabata mongwe le mongwe.
32 and they were astonished at his teaching, for his word possessed authority. Teng koo le gone batho ba gakgamadiwa ke dilo tse o neng a di bua. Gonne o ne a bua jaaka mongwe yo o itseng boammaaruri mo boemong jwa go nankola megopolo ya ba bangwe.
33 In the synagogue was a man with the spirit of an unclean demon; he cried out in a loud voice, Mme ya re nako nngwe a ruta mo ntlung ya thuto, monna yo o neng a tsenywe ke mowa o o maswe a simolola a goeletsa kwa go Jesu a re,
34 Ha! What do you want with us, Jesus of Nazareth? Have you come to destroy us? I know who you are—God's Holy One. “Tsamaya! Ga re na sepe le wena, Jesu wa Nasaretha. O tsile go re senya, ke a itse gore o mangMorwa Modimo yo o boitshepo.”
35 Jesus rebuked him: "Be silent and come out of him!" The demon threw him down before them all, came out, and did him no harm. Jesu a mo kgaodisa go bua a re, “Didimala!” A raya mowa o o maswe a re, “Tswela kwa ntle!” Mme mowa o o maswe wa latlhela monna fa fatshe fa bontsintsing jwa batho bo ntse bo lebeletse; mme wa mo tlogela ‘o’ sa mo utlwisa botlhoko gope.
36 All were amazed and asked each other, "What word is this? With authority and power he orders unclean spirits, and they leave!" Hong batho ba botsa ka kgakgamalo ba re, “Ke eng se se mo mafokung a monna yo fa le mewa e e maswe e mo utlwa?”
37 And reports about him went out into every place in the surrounding region. Mme polelo kaga se a se dirileng ya anama jaaka molelo wa naga mo tikologong yotlhe.
38 And he arose and left the synagogue and entered Simon's house. Now Simon's mother-in-law was ill with a high fever, and they asked him to help her. Erile a sena go tloga mo tlung ya thuto ka letsatsi leo, a ya kwa legaeng la ga Simone kwa a neng a fitlhela mogwagwadia Simone wa mosadi a lwala thata bolwetse jwa letshoroma. Mme batho botlhe ba mo kopa go re a mo fodise.
39 He stood over her and rebuked the fever; it left her, and she rose at once and began serving them. Ya re a eme fa thoko ga bolao jwa gagwe a bua le letshoroma, a le kgalemela, ka bonako a fola a tsoga a ba direla dijo!
40 As the sun set, all who had someone sick with various diseases brought them to him; laying his hands on each one, he healed them. Ya re letsatsi le phirima mo maabanyaneng ao, baagi ba motse botlhe ba ba nang le balwetse mo magaeng a bone, go sa re sepe gore e ka bo e le malwetse a a ntseng jang, ba ba tlisa kwa go Jesu; mme erile fa a ba baya diatla ba fola.
41 Demons also came out of many, shouting, "You are the Son of God!" He silenced them, forbidding them to speak, since they knew he was the Christ. Bangwe ba ne ba tsenwe ke mewa e e maswe, mme mewa e e maswe ya tswela kwa ntle ka taolo ya gagwe, ya goa ya re, “O Morwa Modimo.” Mme ka gore ba ne ba itse fa e le Keresete, a ba didimatsa.
42 At daybreak he went out to a remote place. Crowds looked for him, came to him, and tried to keep him from leaving them. Mme ya re phakela mo mosong o o latelang a tswela kwa ntle mo sekakeng. Bontsintsi jwa batho ba mmatla gongwe le gongwe mme ya re fa ba mmonang gone ba mo kopa gore a seka a ba tlogela, mme a nne kwa Kaperenama.
43 But he told them, "I must announce the good news of our Father's kingdom to the other towns too—this is why I was sent." Mme a ba fetola a re, “Ke tshwanetse go rera Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo le mo metseng e mengwe, gonne ke sone se ke se tletseng.”
44 And he was preaching in the synagogues of Judea. Jalo a nna a tsamaya a rera mo matlung a thuto mo Judea otlhe.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]