Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Luke 18 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Then Jesus told them a parable about the need to always pray and never lose heart. Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo ya go ba supegetsa ka fa go tlhokegang ka teng gore ba rapele ka metlha yotlhe le go ba bontsha gore ba tshwanetse go tswelela ba rapela go fitlhelela ba bona karabo.
2 "In a certain town there was a judge who neither feared God nor respected people. A ba raya a re, “Go kile ga bo go na le moatlhodi mo motsing, monna yo o ne a sa boife Modimo a le lonyatso lo logolo mo go botlhe.
3 A widow in that town kept coming to him, saying, 'Grant me justice against my opponent.' Mme motlholagadi mongwe wa motse oo o ne a tla kwa go ene nako le nako go ikopela tsheko kgatlhanong le monna yo o neng a mo utlwisitse botlhoko.
4 For a while he refused, but then said to himself, 'Though I don't fear God nor respect people, “Moatlhodi o ne a mo tlhokomologa ka lobakanyana mme ya re morago a mo lapisa. A ithaya a re, ‘Ga ke boife Modimo le fa e le motho, mme mosadi yo o a ntshwenya. Ke tlaa mo atlhola gonne o ntapisa ka go boaboa ga gagwe.’ ”
5 since this widow keeps troubling me, I'll grant her justice, so she doesn't wear me out with her endless visits.'" Not in this edition
6 And the Lord said, "Listen to what the unjust judge says. Hong Morena a ba raya a re, “Fa e le gore moatlhodi yo o bosula o ka dira jalo,
7 Won't our Father bring justice for his chosen ones who cry to him day and night? Will he keep delaying? a ga lo akanye gore Modimo o tlaa atlholela batho ba one ka tshiamo ba ba o lopang bosigo le motshegare?
8 I tell you, he will grant them justice quickly. But when the Son of Man comes, will he find faith on earth?" Ee! O tlaa ba araba ka bonako! Mme potso ke gore: Fa nna Morwa motho, ke boa, ke tlaa fitlhela ba le kae ba ba nang le tumelo [ebile ba rapela]?”
9 He also told this parable to some who trusted in themselves as righteous and despised everyone else: Hong a ba bolelela polelo ya bangwe ba ba kileng ba ikgantsha ka tshiamo ya bone ba nyatsa ba bangwe.
10 "Two men went up to the temple to pray, one a Pharisee and the other a tax collector. “Banna ba babedi ba kile ba ya kwa Tempeleng go ya go rapela. Mongwe e ne e le moikgantshi wa Mofarasai, yo o iponang tshiamo yo mongwe e le mokgethisi wa motsietsi.
11 The Pharisee stood and prayed about himself: 'God, I thank you I'm not like other people—robbers, wrongdoers, adulterers—or even like this tax collector.' Mme moikgantshi wa Mofarasai a ‘rapela’ thapelo e: ‘Ke a leboga Mo-dimo, ga ke moleofi jaaka ba bangwe, bogolo jang jaaka mokgethisi yole! Gonne ga ke tsietse, ga ke dire boaka,
12 'I fast twice a week; I give a tenth of all I get.' Ke itima dijo gabedi mo bekeng, mme ke naya Modimo di tsa bosome jwa dilo tsotlhe tse ke di bapalang.’
13 But the tax collector, standing far off, would not even raise his eyes to heaven, but beat his chest, saying, 'our Father, have mercy on me, a sinner.' “Mme mokgethisi yo o bosula a emetse kwa kgakala a sa batle go lelala kwa legodimong fa a rapela, a ititaya sefuba ka kutlobotlhoko, a goa a re, ‘Modimo nkutlwela botlhoko nna moleofi!’
14 I tell you, this man went to his home justified, not the other. Everyone who lifts himself up will be humbled; the one who humbles himself will be lifted up." Ke a lo bolelela, moleofi yo, e seng Mofarasai, o ne a boela gae a itshwaretswe! Gonne baikgantshi ba tlaa ngotlafadiwa mme ba ba ingotlang ba tlaa godisiwa.”
15 People were even bringing their infants to him to touch them, but the disciples saw this and warned them off. Ka letsatsi lengwe basadi bangwe ba tlisa masea a bone kwa go ene go ba ama le go ba segofatsa. Mme barutwa ba ba raya ba re ba tsamaya.
16 But Jesus called the children to him and said, "Let the children come to me; don't stop them—the kingdom of our Father belongs to ones like these. Hong Jesu a ipiletsa bananyana mme a raya barutwa a re, “Lesang bananyana ba tle kwa go nna! Lo se ka lwa ba kganela! Gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa batho ba dipelo tsa bone di nang le tumelo jaaka tsa bananyana. Mme le fa e le mang yo o senang tumelo e e tshwanang le ya bone, ga a kitla a tsena ka dikgoro tsa Bogosi!”
17 Truly I tell you: whoever doesn't accept the kingdom of our Father like a little child will never enter it." Not in this edition
18 A certain ruler asked him, "Good Teacher, what must I do to inherit eternal life?" Ka bofefo Moeteledipele wa tumelo ya Sejuta a mmotsa potso e: “Morena yo o molemo ke ka dira jang go tsena mo legodimong?”
19 Jesus said to him, "Why call me good? No one is good except our Father alone. Mme Jesu a mo raya a re, “A o lemoga se o se buang fa o mpitsa ‘molemo’? Ke Modimo fela ke one o molemo, e seng ope gape.
20 You know the commandments: 'Do not commit adultery, Do not murder, Do not steal, Do not testify falsely, Honor your father and mother.'" Mme ka fa potsong ya gago, o itse gore melao e e lesome ya re, o seka wa dira boaka, o seka wa bolaya, o seka wa utswa, o se ka wa aka, tlotla batsadi ba gago, le e mengwe jalo.”
21 "All these I have kept since my youth," he said. Mme monna a fetola a re, “Ke tlhokometse mongwe le mongwe wa melao eo go tswa bonnyeng jwa me.”
22 Hearing this, Jesus said, "One thing you still lack: sell all you own, give to the poor, and you'll have treasure in heaven; then come, follow me." Hong Jesu a mo raya a re, “Go santse go na le sengwe se o se tlhokang, rekisa tsotlhe tse o nang natso o abele bahumanegi madi, e tlaa nna yone khumo ya gago kwa legodimong, mme o tle, o ntshale morago.”
23 But when he heard this, he became very sad, for he was extremely rich. Mme e rile fa monna a utlwa se, a tsamaya ka kutlo botlhoko, ka a ne a humile thata.
24 Jesus looked at him and said, "How hard it is for the wealthy to enter our Father's kingdom! Jesu a mo lebelela a tsamaya mme a raya barutwa ba gagwe a re, “Go thata jang gore mohumi a tsene mo bogosing jwa Modimo!
25 For it's easier for a camel to pass through a needle's eye than for a rich person to enter our Father's kingdom." Go bonolo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale bogolo go mohumi go tsena mo Bogosing jwa Modimo!”
26 Those who heard it asked, "Then who can be saved?" Mme ba ba mo utlwileng jaana ba gakgamala ba re, “Fa go le thata jalo, batho ba ka bolokesega jang?”
27 But he said, "What is impossible for people is possible for our Father." A ba fetola a re, “Modimo o ka dira se batho ba se ka keng ba se dira!”
28 Then Peter said, "Look, we have left our own homes and followed you." Mme Petere a re, “Re tlogetse malwapa a rona ra go sala morago.”
29 He said to them, "Truly I tell you: no one has left house, wife, brothers, parents, or children for the sake of our Father's kingdom, Jesu a fetola a re, “E, mme botlhe ba ba dirileng jaaka lona, ba tlogetse lolwapa, mosadi, bomorwarraagwe, batsadi kgotsa bana ka ntlha ya Bogosi jwa Modimo,
30 who will not receive many times more now, and eternal life in the age to come." ba tlaa duelwa gantsintsi ka lobaka lo, le go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang.”
31 He took the Twelve aside and said, "Look, we're going up to Jerusalem, and all the prophets wrote about the Son of Man will be fulfilled. Hong a phutha ba ba Lesome le Bobedi a ba raya a re, “Jaaka lo itse, re ya Jerusalema. Mme fa re tsena koo dipolelelo-pelo tsa baporofiti ba bogologolo ka ga me di tlaa diragala.
32 For he will be handed over to the Gentiles, mocked, insulted, and spit on. Ke tlaa neelwa Badichaba go sotlwa le go kgwelwa mathe le go gagautlhwa mo go tlhabisang ditlhong,
33 They will flog him and kill him, and on the third day he will rise." ke tlaa itewa ke bo ke bolawa. Mme ka letsatsi la boraro ke tlaa tsoga gape.”
34 But they understood none of this; this saying was hidden from them, and they did not grasp what was said. Mme ba seka ba tlhaloganya selo se o neng a se bua. O ne a bonala ekete o bua dinaane fela.
35 As Jesus drew near to Jericho, a blind man was sitting by the roadside begging. Mme ya re ba atamela Jeriko, ga bo go le monna mongwe wa sefofu a ntse fa thoko ga tsela, a kopa mo bafeting.
36 Hearing a crowd going by, he asked what was happening. E rile a utlwa modumo wa bontsintsi bo feta a botsa gore go diragalang?
37 They told him, "Jesus of Nazareth is passing by." A bolelelwa gore Jesu wa Nasaretha o a feta.
38 So he called out, "Jesus, Son of David, have mercy on me!" Hong a simolola go goa a re, “Jesu, Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!”
39 Those who were in front rebuked him and told him to be quiet, but he cried out all the more, "Son of David, have mercy on me!" Mme bontsintsi jwa batho jo bo neng bo eteletse Jesu pele jwa leka go didimatsa monna yo, mme a goela kwa godimo a re, “Morwa Dafide nkutlwela botlhoko!”
40 Jesus stopped and ordered him brought to him. When he came near, Jesus asked, E rile Jesu a goroga fa lefelong leo a ema a re, “Lereng monna yoo wa sefofu kwano.”
41 "What do you want me to do for you?" He said, "Lord, let me see again." Hong Jesu a botsa monna a re, “O batlang”? A kopa a re, “Morena ke batla go bona!”
42 And Jesus said to him, "Receive your sight; your faith has saved you." Jesu a mo raya a re, “Go siame, bona! Tumelo ya gago e go fodisitse!”
43 At once he could see and followed Jesus, glorifying our Father. All the people who saw it praised our Father too. Mme ka bofefo monna a kgona go bona, a latela Jesu, a baka Modimo. Mme botlhe ba ba neng ba go bona go direga le bone ba baka Modimo.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]