Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Luke 19 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Jesus entered Jericho and was passing through. Mme ya re a feta mo Jeriko, monna mongwe yo o neng a bidiwa Sakaio, yo e neng e le mongwe wa batlhotlheletsi ba Sejuta mo papading ya go phutha lekgetho la Seroma (ebile e le mohumi),
2 And there was a man named Zacchaeus; he was a chief tax collector, and he was rich. Not in this edition
3 He wanted to see who Jesus was, but couldn't for the crowd—he was short. a leka go bona Jesu mme a ba a le mokhutshwane thata go mmona mo bontsintsing jwa batho.
4 He ran ahead and climbed a sycamore tree to see him, since Jesus was about to pass that way. Mme a sianela kwa pele a palama setlhare sa mosikamore fa thoko ga tsela, a lebelela a le koo.
5 When Jesus reached the spot, looked up, and said to him, "Zacchaeus, hurry down, for I must stay at your house today." E rile Jesu a feta foo a lelala Sakaio mme a mmitsa ka leina a re, “Sakaio! Itlhaganele! Fo-loga! Gonne ke ya go nna moeng mo lwapeng lwa gago gompieno!”
6 So he hurried down and welcomed him joyfully. Sakaio a itlhaganela a fologa a tseela Jesu kwa tlung ya gagwe ka boitumelo jo bogolo.
7 Seeing this, everyone grumbled, "He's gone to stay with a sinful man." Mme bontsintsi jwa batho ba se ka ba itumela. Ba ngongorega ba re, “O ile go nna moeng wa moleofi yo o itsegeng ka mokgwa o o maswe”.
8 Zacchaeus stood and said to the Lord, "Look, Lord, I give half my possessions to the poor, and if I've cheated anyone, I'll repay four times as much." Mme ya re ka lobaka loo, Sakaio a ema fa pele ga Morena a re, “Morena, go tloga fano ke tlaa abela bahumanegi bontlha bongwe jwa dikhumo tsa me, mme fa ke bona ke patikile mongwe mo makgethong a gagwe ke tlaa ipona molato ka go mmusetsa di tsa gagwe go menagane gane!”
9 Jesus told him, "Today salvation has come to this house, since he too is a son of Abraham. Mme Jesu a mo raya a re, “Se se supa gore poloko e tsile mo lwapeng lo gompieno. Monna yo e ne e le mongwe wa bana ba ga Aberahame yo o neng a timetse, mme nna Morwa Motho, ke tsile go batla ke bo ke boloka mewa e e ntseng jaaka wa gagwe.”
10 For the Son of Man came to seek and to save the lost." Not in this edition
11 While they listened, he added a parable, since he was near Jerusalem and they thought our Father's kingdom would appear immediately. Mme ka gonne Jesu o ne a atamela Jerusalema, a bolela polelo go baakanya mogopolo o o reng Bogosi jwa Modimo bo tlaa simologa gone jaana.
12 So he said, "A nobleman went to a distant land to receive a kingdom for himself and return. A re, “Mogolwane mongwe yo o neng a nna mo lefatsheng lengwe kwa motseng mogolo o o kgakala wa bogosi, o ne a bilediwa go ya go tlhongwa kgosi ya lefatshe la gagwe.
13 Calling ten of his servants, he gave each about three months' wages, saying, "Trade with this until I return." Pele ga a tsamaya o ne a phutha bathusi ba le some a naya mongwe le mongwe wa bone dikete tse pedi tsa dipula, go sala ba di atisa fa a setse a tsamaile.
14 His citizens hated him and sent envoys after him, saying, "We don't want this man ruling over us." Mme bangwe ba batho ba gagwe ba ne ba mo ila ba bo ba mo romelela polelo ya gore ba batla boipuso, ba bolela gore ba mo tsogologetse ga ba kitla ba mo amogela go nna kgosi ya bone.
15 "Returning after receiving the kingdom, he called the servants he had given money to, to learn what they had earned. “Ya re fa a boa a bitsa batho ba o neng a ba neetse madi, go bona gore ba dirileng ka one, le gore ba boetswe ke bokae.
16 The first came, saying, 'Lord, your money has earned ten times as much.'" “Monna wa ntlha a bega papadi e kgolo, e menaganye ga some go feta tlhwatlhwa e o neng a e neetswe.
17 "He replied, 'Well done, good servant! Since you were faithful in a small matter, take charge of ten cities.'" “Mme kgosi ya goa ya re, ‘O dirile sentle! O monna yo o siameng o ikanyegile mo bonnyennyaneng jo ke go bo neileng. Mme tuelo ya gago ke gore, o tlaa nna molaodi wa metse e le some!’
18 "And the second came, saying, 'Lord, the money you gave me has earned five times as much.'" Monna wa bobedi le ene a bega papadi e e itumedisang, e menaganye ga tlhano go feta tlhatlhwa e o neng a e neetswe.
19 "And he said to him, 'And you will be in charge of five cities.'" “Mong wa gagwe a mo raya a re, ‘Go siame! o ka nna molaodi mo metseng e metlhano.’
20 "Then another came, saying, 'Lord, here is your money back, which I kept wrapped in a cloth;' “Mme monna wa boraro a bega fela madi a o neng a simolotse ka one, a re, ‘Ke a bolokile,
21 for I was afraid of you, because you're a harsh man: you take what you didn't deposit and reap what you didn't sow." ka gore ke ne ke tshaba [gore o tlaa batla papadi ya me] gonne o monna yo o thata go dirisanya nao o tsaya se e seng sa gago e bile o gapa jalo tse di lemilweng ke ba bangwe.’
22 He answered, "By your own mouth I judge you, wicked servant! You knew I'm a harsh man, taking what I didn't deposit and reaping what I didn't sow? Mme Kgosi ya goa ya re, ‘Selo ke wena sa motlhanka yo o bosula. A ke pelo e thata? Ke tlaa nna fela jalo mo go wena! Fa o itsile bopelo-e-thata jwa me le ka fa ke leng logwadi ka gone,
23 Why then didn't you put my money in the bank? I'd have collected it with interest when I returned. ke eng fa o ne o sa boloke madi a me mo polokelong gore ke tle ke bone morokotso mo go one.’
24 He said to those standing by, 'Take the money from him and give it to the one with ten times as much.'" “Mme a retologela kwa go ba ba emeng fa go ene a ba raya a re, ‘Tsayang madi mo go ene lo a neele monna yo o dirileng a mantsi.’
25 "And they said to him, 'Lord, he has ten times as much! “Mme ba re ‘Morena, o setse a na le a mantsi!’
26 I tell you: everyone who has will be given more; but from the one who has none, even what he has will be taken. Kgosi ya fetola ya re, ‘Ee, ke boammaaruri gore ba ba nang le go le gontsi ba newa go le gontsi, mme ba ba nang le go le gonnye ba latlhegelwa le ke gone mo ba nang nago.
27 But bring here these enemies of mine who refused my rule, and slaughter them before me.'" Mme jaanong kaga baba ba, ba me ba ba rukutlhileng, ba tliseng kwano lo ba bolaye fa pele ga me!’ ”
28 And when he had said these things, he went on ahead, going up to Jerusalem. Mme ya re Jesu a sena go bolela polelo e, a ya Jerusalema le barutwa ba gagwe (a ba eteletse pele).
29 Nearing Bethphage and Bethany, at the Mount of Olives, he sent two of the disciples, Ya re ba tsena mo motsing wa Bethefeige le Bethania, mo Thoteng ya Lotlhware, a romela barutwa ba gagwe ba le babedi kwa pele,
30 saying, "Go into the village ahead. As you enter, you will find a colt tied there, never sat on. Untie it and bring it here. a ba laela go ya kwa motseng o o fa pele le gore e re ba tsena ba senke tonki e e golegilweng fa thoko ga tsela. E tlaa bo e le tonkana, e e iseng e ke e palangwe. “E gololeng, mme lo e lere kwano.
31 If anyone asks you, 'Why are you untying it?' say, 'The Lord needs it.'" Mme e re fa mongwe a lo botsa gore lo dira eng, lo re, ‘Morena o a e batla!’ ”
32 So those who were sent went away and found it just as he had told them. Mme ba bona tonkana jaaka Jesu a boletse,
33 As they were untying the colt, its owners said to them, "Why are you untying the colt?" mme ka boammaaruri ya re ba e golola, beng ba yone ba batla tlhaloso. Ba botsa ba re, “Lo dira eng? Lo gololelang tonkana ya rona?”
34 And they said, "The Lord needs it." Mme barutwa ba fetola ba re, “Morena o a e batla!”
35 They brought it to Jesus, threw their cloaks on the colt, and set Jesus on it. Mme ba lere tonkana kwa go Jesu ba pega dingwe tsa diaparo tsa bone mo go yone gore a e palame.
36 And as he rode along, they spread their cloaks on the road. Mme bontsi jwa batho jwa ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, mme ya re ba fitlha fa tsela e fologelang gone go tswa kwa Thoteng ya Lotlhware, batho ba simolola go goa ba opela fa ba ntse ba tsamaya ba baka Modimo kaga dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng.
37 As he neared the descent of the Mount of Olives, the whole crowd of disciples began rejoicing, praising our Father loudly for all the mighty works they had seen, Not in this edition
38 saying, "Blessed is the King who comes in the name of our Father! Peace in heaven and glory in the highest!" Ba ipela ba re, “Modimo o re neile Kgosi, e tshele ka boleele! A legodimo lotlhe le itumele! Kgalalelo go Modimo kwa magodimong!”
39 And some of the Pharisees in the crowd said to him, "Teacher, rebuke your disciples." Mme bangwe ba Bafarasai mo gare ga batho ba re, “Morena, kgalemela balatedi ba gago go bua dilo tse di ntseng jalo!”
40 He answered, "I tell you, if these were silent, the very stones would cry out." Mme a fetola a re, “Fa ba ka didimala, maje a a fa thoko ga tsela a, a tlaa thubega ka tuduetso!”
41 And when he drew near and saw the city, he wept over it, Mme ya re ba atamela Jerusalema a lebela motse kwa pele, a simolola go lela.
42 saying, "If only you had known today what brings you peace! But now it is hidden from your eyes. A lela a re, “Kagiso e e sa khutleng e ne e le gautshwane le wena mme wa e gana, mme jaanong lobaka lo setse lo fetile.
43 Days are coming when your enemies will build a barricade around you, surround you, and hem you in on every side, Baba ba gago ba tlaa go agelela ka lobota lwa mmu, ba go dika, ba go kganelela ka ntlha tsotlhe,
44 and they will level you and your children within your walls, leaving no stone on another, because you did not recognize the time of your visitation." ba bo ba go ripitlela fa fatshe le bana ba gago ba o nang nabo; ga ba kitla ba tlogela leje le tlhatlaganye le le lengwe, gonne o ganne sebaka se Modimo o se go neileng.”
45 And he entered the temple and began to drive out those who were selling, Hong a tsena mo Tempeleng a simolola go lelekela ntle barekisi mo marekisetsong a bone,
46 he told them, "Scripture says, 'My house will be a house of prayer,' but you've made it a den of robbers." a ba raya a re, “Dikwalo di bolela gore ‘Tempele ya me ke lefelo la thapelo; mme lo e fetotse mongobo wa magodu.’ ”
47 He taught daily in the temple, while the chief priests, scribes, and leaders of the people looked for a way to kill him, Morago ga moo a ba ruta malatsi otlhe mo Tempeleng, mme baperesiti ba bagolo le baruti bangwe ba molao le bagwebi ba ne ba leka tsela e ba ka mmolayang ka yone.
48 but they found nothing they could do, since all the people hung on his words. Mme ba se ka ba akanya sepe, gonne o ne a tumile thata mo bathong, ebile ba utlwa lefoko lengwe le lengwe le o neng a le bua.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]