Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Luke 20 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 One of those days, as Jesus taught the people in the temple and preached good news, the chief priests and scribes came up with the elders, Mme ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao fa a ntse a ruta a bile a rera Mafoko a a Molemo mo Tempeleng, a engwa pele ke baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo le bagolwane ba motse.
2 and asked him, "Tell us by what authority you do these things, or who gave you this authority." Ba batla go itse gore o neilwe e mang nonofo ya go lelekela barekisi kwa ntle ga Tempele.
3 He answered them, "I also will ask you a question. Tell me: A ba fetola a re, “Ke tlaa lo botsa potso pele ga ke lo araba.
4 Was the baptism of John from heaven, or from man?" A Johane o ne a rometswe ke Modimo kgotsa o ne a itirela fela ka fa nonofong ya gagwe?”
5 They discussed among themselves: "If we say, 'From heaven,' he'll say, 'Why didn't you believe him?' Ba buisanya ka ga gone bare, “Fa re re molaetsa wa gagwe o ne o tswa legodimong, hong re tlaa bo re itshwarisa ka gore o tla re botsa gore, ‘Ke eng falo sa dumela?’
6 But if we say 'From man,' all the people will stone us, for they're convinced John was a prophet." Mme fa re re Johane o ne a sa rongwa ke Modimo batho ba tlaa re kgobotletsa ka maje, gonne ba dumela thata gore ene ele moporo-fiti.”
7 So they answered that they did not know where it came from. Mme ya re kwa morago ba fetola ba re, “Ga re itse!”
8 And Jesus said to them, "Neither will I tell you by what authority I do these things." Mme Jesu a ba araba a re, “Ga nkitla ke araba potso ya lona ka gope.”
9 He began telling the people this parable: A man planted a vineyard, leased it to tenants, then went abroad for a long time. Mme a retologela kwa bathong gape a ba bolelela polelo e: “Monna o kile a lema tshimo ya mofine mme a e hirisetsa balemi bangwe, mme a tsamaela kwa lefatsheng le le kgakala go ya go nna gone dingwaga di se kae.
10 "At harvest he sent a servant to the tenant farmers for his share of the vineyard's fruit, but they beat him and sent him away empty-handed. Mme e rile fa nako ya thobo e fitlha, a romela mongwe wa batho ba gagwe go ya go phutha seabe sa gagwe sa thobo. Mme balemi ba mo itaya ba mmusetsa morago a iphotlhere fela.
11 He sent another servant; they beat him too, humiliated him, and sent him away empty-handed. Mme a romela yo mongwe, mme ga diragala gape jalo le ene a itewa a tlhapadiwa a bo a busediwa morago a sa tsaya sepe.
12 And he sent yet a third, but they wounded this one too and threw him out. “Motho wa boraro le ene a rongwa mme ga diragala fela jalo le ene a ntshiwa dintho a ba a lelekwa.
13 The vineyard owner said, 'What should I do? I will send my beloved son; perhaps they will respect him.' Hong mong wa tshimo a ipotsa a re, ‘Ke tlaa dira eng? Ke tlaa roma morwaake yo ke mo ratang thata. Ammaaruri ene ba tlaa mo tlotla.’
14 But seeing him, the tenants reasoned among themselves: 'This is the heir. Let's kill him, so the inheritance becomes ours.' Mme e rile balemi ba bona morwawe, ba re, ‘E ke yone fela nako ya rona! Motho yo o tlaa ja boswa jwa lefatshe lotlhe fa rraagwe a sena goswa. Tlang, a re mmolayeng, ke gone e tlaa nnang jwa rona.’
15 They threw him out of the vineyard and killed him. What then will the vineyard owner do to them? Hong ba mo gogela kwa ntle ga tshimo ya mofine ba mmolaya. Jaanong lo akanya gore mong wa tshimo o tlaa dira eng?
16 "He will come, destroy those tenants, and give the vineyard to others." Hearing this, they said, "Impossible!" Ke a lo bolelela, o tlaa tla go ba bolaya a bo a hirisetsa ba sele tshimo ya mofine.” Mme bareetsi ba ganela ba re, “Ga ba ke ba dira selo se se ntseng jalo.”
17 He looked straight at them and asked, "Then what is this that's written: 'The stone the builders rejected became the cornerstone'? Mme Jesu a ba leba a re, “Jaanong dikwalo di raya eng fa di re, ‘Lentswe le le gannweng ke baagi ke lone le le dirilweng lentswe la kgokgotshwana.’ ”
18 Everyone who falls on that stone will be broken to pieces, and when it falls on anyone, it will crush him." Mme a tlatsa a re, “Le fa e le mang yo o kgotswang mo lentsweng leo o tlaa robega; mme ba le ba welang le tlaa ba sugakanya go fitlhelela ba nna lorole.”
19 The scribes and chief priests wanted to arrest him then and there, knowing he'd told this parable against them—but they feared the people. E rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba molao ba utlwa kaga polelo e o e boletseng, ba batla gore a tshwarwe ka bonako, gonne ba ne ba lemoga gore o bua kaga bone. E ne e le bahiri ba ba bosula mo polelong ya gagwe. Mme ba ne ba boifa gore fa bone ka sebele ba ka mo tshwara go tlaa nna le pheretlhego. Hong ba leka go mo tshwara ka go bua sengwe se se ka bolelelwang molaodi wa Seroma e le lebaka le le ka mo tshwarang.
20 Watching closely, they sent spies pretending to be honest, to catch him in his words, so as to hand him over to the governor's rule and authority. Ya re ba ntse ba lebeletse lebaka le la bone, ba romela ditlhola di ipeile jaaka ekete ke basiami.
21 They asked him, "Teacher, we know you speak and teach rightly, favor no one, but truly teach God's way. Ba raya Jesu ba re, “Morena re a itse fa o le moruti yo o ikanyegang. O aga o bolela boammaaruri o sa fapoge ka gope se bangwe ba se akanyang, ebile o ruta ditsela tsa Modimo.
22 Is it lawful for us to pay taxes to Caesar, or not?" Jaanong a o ko o re bolelele, a go siame go duela makgetho a mmuso wa Seroma kgotsa nnyaa?”
23 But he saw through their cunning and said, Mme ya re ka go lemoga boferefere jwa bone a re,
24 "Show me a coin worth a day's wages. Whose image and inscription is on it?" They said, "Caesar's." “Ntshupegetsang ledi. Ke setshwantsho sa ga mang se se mo go lone? Ke leina la ga mang?” Mme ba fetola ba re, “Kaesara, molaodi yo mogolo wa Roma.”
25 He said to them, "Then give Caesar what's Caesar's, and our Father what's our Father's." Mme a ba raya a re, “Hong nayang molaodi tsotlhe tse e leng tsa gagwe mme lo neye Modimo tse e leng tsa one.”
26 They could not trap him in his words before the people, and amazed at his answer, they fell silent. Mme maiteko a bone a go leka go mo tshwara ka mafoko mo pele ga batho a pala; ba hakgamalela karabo ya gagwe mme ba didimala.
27 Some Sadducees, who deny there is a resurrection, came and asked him, Mme Basadukai bangwe, batho ba ba dumelang gore loso ke bokhutlo jwa botshelo, ba re ga go na tsogo ya baswi,
28 "Teacher, Moses wrote for us: if a man dies leaving a wife but no children, his brother must marry the widow and raise offspring for him. ba tla kwa go Jesu ba re, “Melao ya ga Moshe ya re fa monna a a swa a sena bana, morwa-rraagwe o ka nyala motlholagadi wa gagwe mme bana ba bone e bo e le ba monna yo o suleng, go tsweledisa leina la gagwe.
29 Now there were seven brothers. The first took a wife and died childless. “Re itse kaga bo morwa motho ba basimane ba supa. Yo mogolo mo go bone a nyala mme a swa a sena bana.
30 And the second, Monnawe a nyala motlholagadi yoo mme le ene, a swa a sena bana.
31 and the third took her, and likewise all seven left no children and died. Mme ga tswelela fela jalo, go fitlhelela wa bosupa a mo nyala a bo a swa, a sena bana.
32 Finally the woman also died. Mme ya re kwa morago mosadi le ene a swa.
33 At the resurrection, then, whose wife will she be? For all seven had married her." Jaanong potso ya rona fano ke gore: E tlaa nna mosadi wa ga mang mo tsogong ya baswi! Gonne ba ne ba mo nyetse botlhe?”
34 And Jesus said to them, "The people of this age marry and are given in marriage, Jesu a ba fetola a re, “Nyalo ke selo sa batho mono lefatsheng, mme e tlaa re ka letsatsi leo, batho ba ba bonwang ba tshwanetswe ke go tsosiwa mo baswing ba tsena kwa legodimong ga ba kitla ba nyala.
35 "But those considered worthy to reach that age and the resurrection from the dead neither marry nor are given in marriage. Not in this edition
36 For they can no longer die, because they are like angels and children of our Father, children of the resurrection. Le gone ga ba kitla ba tlhola ba a swa ka gope, ka tsela e, ba tshwana le baengele, ke bana ba Modimo gonne ba tsoseditswe botshelong jo bosha go tswa mo baswing.
37 But even Moses showed the dead are raised, at the bush passage, calling our Father the God of Abraham and of Isaac and of Jacob. “Mme ka fa potsong ya lona, e, le go ka ne go na le tsogo ya baswi kgotsa nnyaa, ke eng, fa le dikwalo tsa ga Moshe di supa selo se. Gonne fa a tlhalosa ka fa Modimo o iponaditseng ka gone mo go ene mo setlhareng se se tukang, o bua kaga Modimo e le, ‘Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe.’ Gore Morena ke Modimo wa motho, mongwe, go raya gore motho yoo o a tshela, ga aa swa. Jalo ka fa Modimong batho botlhe ba a tshela.”
38 He isn't God of the dead but of the living, for all are alive to him." Not in this edition
39 Then some of the scribes answered, "Teacher, you have spoken well." Bangwe ba baruti ba molao ba Sejuta ba ba neng ba eme foo ba re, “O buile sentle Morena!”
40 For they no longer dared to ask him anything. Mme seo sa khutlisa dipotso tsa bone, gonne ba ne ba tshaba go botsa go feta foo.
41 But he said to them, "How can they say that the Christ is the son of David? Mme a ba botsa potso e: “Ke eng fa Keresete, Mesia, gotwe ke wa lotso lwa ga Kgosi Dafide?
42 For David himself says in the Psalms, 'Our Father said to my Lord, "Sit at my right hand, Gonne Dafide ka boene o kwadile mo bukeng ya Dipesalema a re, ‘Modimo o reile Morena wa me, Mesia, wa re, “Nna ka fa seatleng sa me se segolo go fitlhelela ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago.” ’
43 until I make your enemies a footstool for your feet."' Not in this edition
44 David then calls him Lord—how is he his son?" Mesia o ka nna jang Morwa Dafide le Modimo wa ga Dafide ka nako e le nngwe.”
45 While all the people were listening, he said to his disciples, Mme ya re batho ba reeditse, a retologela kwa barutweng ba gagwe a re,
46 "Watch out for the scribes, who want to walk in long robes, and love greetings in the marketplaces, the best seats in synagogues, and places of honor at feasts, “Itiseng mo bomaitseanapeng ba, ba tumelo, gonne ba rata go apara diaparo tse di kgokgothang le go dumedisiwa ka tlotlo fa ba tsamaya mo mebileng. Mme ba rata jang ditulo tsa tlotlego mo disenagogeng le manno a tlotlomalo mo medirong!
47 who devour widows' houses and pray long prayers for show. They will receive greater condemnation." Mme le fa ba rapela ba rapela dithapelo tse di telele ka bobelonomi jo bogolo jo bo bonalang ka kwa ntle, ba loga maano a go gapela basadi ba batlholagadi dilo tsa bone ka tsietso. Mme katlholo e e boitshegang ya Modimo e letetse batho ba.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]