Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

2 Timothy 3 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 But understand this: in the last days there will come times of difficulty. Mme Timotheo gape itse se, gore mo malatsing a bofelo go tlaa nna bokete thata go nna Mokeresete.
2 For people will be self-lovers, money-lovers, boastful, arrogant, abusive, disobedient to parents, ungrateful, unholy. Gonne batho ba tlaa nna baithati le barati ba madi a bone; ba tlaa nna maikgantsho le mabela, ba sotla Modimo, ba sa utlwe batsadi ba bone, ba sa ba tlotle, ebile ba le bosula gotlhelele.
3 Heartless, unforgiving, slanderous, without self-control, brutal, hating what is good, Ba tlaa nna ditlhogo di thata ebile ba sa ineele mo go ba bangwe; ba tlaa nna baaki ba gale le dirukhutlhi ebile ba tlaa natefelwa ke mekgwa yotlhe e e bosula. Ba tlaa nna setlhogo, mme ba tlaa sotla ba ba lekang go dira tshiamo.
4 treacherous, reckless, swollen with conceit, lovers of pleasure rather than lovers of our Father. Ba tlaa oka ditsala tsa bone; ba tlaa nna batenegi, baikgogomosi, e le barati ba dikgatlhego bogolo go go rata Modimo.
5 They keep the shape of devotion to God but deny its power—turn from them. Ba tlaa ya kerekeng (phuthegong), ee, mme ga ba kitla ba dumela sepe se ba se utlwang. O se ka wa tsena mo bathong ba ba ntseng jalo.
6 For among these are those who slip into homes and trap weak women weighed down with sins, driven by various desires. Ke ba ba kukunelang mo malwapeng a batho ba bangwe mme ba tsalane le basadi ba dieleele ba ba imelwang ke dibe, ba ba rute dithuto tsa bone tse dintsha.
7 Always learning but never able to come to a knowledge of the truth. Basadi ba mofuta oo ba saletse ruri morago baruti ba ba makgapha mme ga ba tlhaloganye boammaaruri.
8 As Jannes and Jambres opposed Moses, these also oppose the truth—minds corrupted, disqualified regarding the faith. Mme baruti ba ba tlhabantsha boammaaruri fela jaaka Janese le Jamberese ba ne ba tlhabantsha Moshe. Ba na le megopolo e e leswe, e e sokameng ebile ba fapogile mo tumelong ya Sekeresete.
9 But they won't get far, for their foolishness will be clear to all, as with those two men. Mme ga ba kitla ba ya gope. Letsatsi lengwe tsietso ya bone e tlaa itsiwe sentle ke mongwe le mongwe jaaka boleo jwa ga Janese le Jamperese.
10 You, however, have followed my teaching, conduct, purpose, faith, patience, love, endurance, Mme wena o nkitse sentle gore ga ke motho yo o ntseng jalo. O itse se ke se dumelang le ka fa ke tshelang ka teng le se ke se batlang. O itse tumelo ya me mo go Keresete le ka fa ke bogileng ka teng. O itse lorato lwa me mo go wena, bobelotelele jwa me.
11 my persecutions and suffering—at Antioch, at Iconium, at Lystra, what persecutions I endured! Yet the Lord rescued me from them all. O itse matshwenyego a ke neng ka nna nao ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo. O itse gotlhe mo go ntiragaletseng fa ke etetse kwa Antioka, Ikonia le kwa Lusetere, mme Morena o ne a nkgolola.
12 Indeed, all who desire to live a godly life in Christ Jesus will be persecuted, Ee, pogiso e tlaa tlela botlhe ba ba ikaeletseng go tshela botshelo jwa Modimo go itumedisa Keresete Jesu, e tswa mo go ba ba mo ilang.
13 while evil people and impostors will go on from bad to worse, deceiving and being deceived. Ke boammaaruri, batho ba ba bosula ba tsietso ba tlaa dira go fetisisa, ba tsietsa ba le bantsi, bone ka bo bone ba tsieditswe ke Satane.
14 But you—stay with what you learned and became convinced of, knowing from whom you learned it, Mme o tshwanetse go tswelela go dumela dilo tse o di rutilweng. O a itse gore di boammaaruri gonne o itse gore o ka ikanya bangwe ba rona ba ba go rutileng.
15 and that from infancy you have known the sacred writings, able to make you wise for salvation through faith in Christ Jesus. O itse sentle, gore erile o sa le mmotlana, o ne wa rutwa Dikwalo tse di boitshepo; mme ke tsone tse di go tlhalefesitseng go amogela poloka ya Modimo ka go ikanya Jesu Keresete.
16 All Scripture is breathed out by our Father—useful for teaching, exposing wrong, correcting, and training in right living, Baebele yotlhe re e neetswe ka tlhotlheletso ya Modimo gape e botlhokwa go re ruta se e leng boammaaruri le go re lemotsha se se sa siamang mo matshelong a rona; e a re tlhamalatsa ebile e re thusa go dira tshiamo.
17 so that the person of our Father may be complete, equipped for every good work. Ke tsela ya Modimo ya go re siamisa mo dilong tsotlhe, gore re felele mo go direleng batho botlhe tshiamo ka botlalo.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]