Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

2 Timothy 2 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 So then, my child, draw your strength from the grace that is in Christ Jesus. Oo, Timotheo, morwaaka, tia mo nonofong e Keresete Jesu o go e neileng.
2 And what you heard from me in the presence of many witnesses, entrust to faithful people able to teach others too. Gonne o tshwanetse go ruta ba bangwe dilo tse wena le ba bangwe lo nkutlwileng ke bua ka tsone. Ruta batho ba ba ikanyegang boammaaruri jo bogolo jo le bone ba tlaa bo rutang ba bangwe.
3 Take your share of suffering like a good soldier of Christ Jesus. Tsaya seabe sa gago sa go boga jaaka lesole le le siameng la ga Jesu Keresete, fela jaaka ke dira,
4 No soldier on duty gets tangled in civilian affairs—he wants to please the one who enlisted him. mme jaaka lesole la ga Keresete o se ka wa itlhakatlhakanya le dilo tsa selefatshe, gonne ga o kake wa itumedisa ene yo o go kwadileng mo mophatong wa batlhabani ba gagwe.
5 And an athlete is not crowned unless he competes according to the rules. Latela melao ya Morena go dira tiro ya gagwe, felajaaka mosiani a ka latela melao kgotsa a bonwa molato mme a tlhoke go gapa sekgele.
6 The hard-working farmer ought to be the first to receive a share of the crops. Dira thata, jaaka molemi yo o duelwang sentle ka go roba thobo e kgolo.
7 Think over what I am saying, for the Lord will give you understanding in everything. Akanya ka ditshwantsho tse tharo tse, mme a Morena a go thuse go tlhaloganya gore di amana jang le botshelo jwa gago.
8 Remember Jesus Christ, risen from the dead, a descendant of David, as told in my gospel, O se ka wa lebala ntlha ya botlhokwa ya gore Jesu Keresete e ne e le Motho, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide; le gore e ne e le Modimo, jaaka go supilwe ke boammaaruri jwa gore o tsogile gape mo baswing.
9 for which I suffer, chained like a criminal. But the word of our Father is not chained! Ke ka ntlha ya gore ke rerile boammaaruri jo bogolo jo, ke gone ka moo ke leng fano mo matshwenyegong ebile ke tsentswe mo kgolegelong jaaka serukhutlhi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa, le fa nna ke golegilwe.
10 So I endure everything for the sake of the chosen, so they too may gain the salvation in Christ Jesus, with eternal glory. Ke rata thata go boga, fa moo go ka tlisa poloko le kgalalelo ya bosakhutleng ka Keresete Jesu mo go ba Modimo o ba tlhophileng.
11 This saying is trustworthy: If we have died with him, we will also live with him; Ke gomoditswe ke boammaaruri jo, gore fa ke boga re bo re swela Keresete go raya gore re tlaa simolola go nna le ene kwa legodimong.
12 if we endure, we will also reign with him; if we disown him, he also will disown us; Mme fa re a kanya gore go mo direla ka nako eno go bokete, gakologelwang gore letsatsi lengwe re tlaa nna Nae re bo re busa Nae. Mme fa re lesa ka ntlha ya go boga, re fularela Keresete, mme le ene o tshwanetse go re fularela.
13 if we are faithless, he remains faithful, for he cannot disown himself. Mme le fa re le bokoa thata mo re se kakeng ra salelwa ke tumelo epe, o nna a le boikanyego mo go rona ebile otlaa re thusa, gonne ga a kake a re itatola rona ba re leng bontlha bongwe jwa gagwe, mme o tlaa diragatsa ditsholofetso tsa gagwe mo go rona ka malatsi otlhe.
14 Remind them of these things, and warn them before our Father not to quarrel over words—useless, and ruins those who listen. Gakolola batho ba gago dintlha tse dikgolo tse, mme ba lae mo leineng la Morena gore ba se ka ba ganetsanya mo dilong tse di sa tlhokegeng. Dikganetsanyo tse di ntseng jalo di a timetsa ebile ga di na mosola, ebile di a bolaya.
15 Do your best to present yourself to our Father approved, a worker unashamed, rightly handling the word of truth. Dira thata gore Modimo o tle o go reye o re, “O dirile sentle.” Nna modiri yo o siameng, yo o sa tlhokeng go tlhabiwa ke ditlhong fa Modimo o tlhatlhoba tiro ya gago. Itse se Lefoko la One le se buang le se le se rayang.
16 But avoid empty, godless chatter; it leads people further into wickedness, O tshabe dikgang tsa boeleele tse di gogelang batho mo sebeng sa go galefelana.
17 and their talk will spread like gangrene. Among them are Hymenaeus and Philetus, Dilo di tlaa buiwa tse di tukang di bile di utlwisa ntho e e kekelang Humenaio le Feleto, mo go rateng dikganetsanyo, ke batho ba ba ntseng jalo.
18 who wandered away from the truth, claiming the resurrection already happened, and are undermining some people's faith. Ba tlogetse tsela ya boammaaruri, ba rera maaka a gore tsogo ya baswi e setse e diragetse; ebile ba koafaditse tumelo ya bangwe ba ba ba dumelang.
19 Yet our Father's firm foundation stands, sealed: "He knows those who are his," and "Let all who name his name turn from evil." Mme boammaaruri jwa Modimo bo nitame jaaka lefika je legolo, ebile ga go na sepe se se ka bo tshikhinyang. Ke lefika la motheo le le nang le mafoko a mo go lone: “Morena o itse ba tota e leng ba gagwe,” mme “motho yo o ipitsang Mokeresete ga aa tshwanela go dira dilo tse di sa siamang.”
20 In a large house there are vessels not only of gold and silver, but also of wood and clay—some for honor, some for dishonor. Mo lwapeng lwa mohumi go na le dijana tse di dirilweng ka gauta le selefera le tse dingwe di dirilwe ka logong le ka letsopa. Dijana tse di tlhwatlhwa kgolo di dirisediwa baeng, mme tse di tlhwatlhwa e potlana di dirisiwa mo tlung ya kapeelo kgotsa go tsenya matlakala.
21 So if anyone purifies himself from these, he becomes a vessel of honor: holy, useful to the Master, ready for every good work. Fa o fularela sebe o tlaa nna jaaka sengwe sa dijana tse di dirilweng ka gauta e e itshekileng, tse e leng tsone tse di siameng mo tlung, gore Keresete a tle a go dirisetse maikaelelo a gagwe a magolo.
22 Flee youthful cravings; pursue righteousness, faith, love, and peace with those who call on the Lord from a pure heart. Tshaba sengwe le sengwe se se ka go nayang dikgopolo tse di bosula tse makawana gantsi ba nang le tsone, mme o nne gaufi le sengwe le sengwe se se go dirang gore o batle go dira tshiamo. Nna le tumelo le lorato, mme o nne botsalano le ba ba ratang Morena ebile ba na le dipelo tse di itshekileng.
23 Have nothing to do with foolish, ignorant controversies; you know they breed quarrels. Gape ka re, o se ka wa tsena mo dikganetsanyong tsa boeleele tse di tsosang kgang mo bathong di bo di ba galefisa.
24 The Lord's servant must not be quarrelsome, but be gentle to all, able to teach, patient when wronged. Batho ba Modimo ga ba a tshwanela go omana; ba tshwanetse go nna tshiamo, e le baruti ba ba pelotelele mo go ba ba molato.
25 Gently correcting those who oppose him. Perhaps our Father will grant them repentance to know the truth, Ikokobetse fa o leka go ruta ba ba akabalang mabapi le boammaaruri. Gonne fa o bua le bone ka bonolo le ka maitseo ka thuso ya Modimo, go ka diragala gore ba tlogele megopolo ya bone e e sa siamang mme ba dumele se e leng boammaaruri.
26 and they may sober up, escaping the devil's trap where he has held them captive to do his will. Mme ba tlaa itharabologelwa mme ba falole mo serung sa botlhanka sa ga Satane sa go leofa, se o se dirisang go ba tshwara ka nako nngwe le nngwe e o e ratang, mme jalo ba ka simolola go dira go rata ga Modimo.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]