Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

2 Timothy 4 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 I solemnly charge you before our Father and Christ Jesus, who will judge the living and the dead, by his appearing and his kingdom: Mme jalo ke go kgothatsa ka tlhwaafalo fa pele ga Modimo le fa pele ga ga Jesu Keresete yo e tlaa reng letsatsi lengwe a bo a atlhola batshedi le baswi fa a tla go tlhoma bogosi jwa gagwe,
2 Preach the word; stand ready in season and out; correct, rebuke, and encourage, with complete patience and teaching. go rera Lefoko la Modimo ka tlhwaafalo ka nako tsotlhe, go le lobaka le go se lobaka, fa go siame le go sa siama. Siamisa o bo o kgalemele batho ba gago fa ba tlhoka kgalemelo, ba kgothatse go dira tshiamo, mme ka nako tsotlhe o ba otla ka Lefoko la Modimo ka bopelotelele.
3 For a time will come when they won't tolerate sound teaching, but will pile up teachers to fit their own desires, since their ears itch, Gonne go tlaa tla lobaka lo batho ba se kitlang ba reetsa boammaaruri, mme ba tlaa tsamaya ba batla baruti ba ba tlaa ba bolelelang fela se ba batlang go se utlwa.
4 and will turn their ears away from the truth and wander off into myths. Ga ba kitla ba reetsa se Baebele e se buang mme ba tlaa latela megopolo ya bone e e foufetseng.
5 But you: stay clear-headed in everything, endure hardship, do an evangelist's work, fulfill your service. Ema o tsepame, mme o se ka wa tshaba go bogela Morena. Tlisa ba bangwe kwa go Keresete. O se ka wa tlogela sepe se sa dirwa se o tshwanetseng go se dira.
6 For I am already being poured out like a drink offering; my time to depart has come. Ke bua se ka gore ke tlaa bo ke seyo go go thusa ka lobaka lo loleele. Lobaka lwa me lo setse lo fitlhile. E tlaa re ka bonako ke bo ke le mo tseleng ya me go ya legodimong.
7 I have fought the good fight, I have finished the race, I have kept the faith. Ga ke bolo go tlhabanela Morena thata ka lobaka lo loleele, mme mo go tsone tsotlhe ke ntse ke le boammaaruri mo go ene. Mme jaanong lobaka lo fitlhile lwa gore ke khutlise ntwa ke itapolose.
8 Now a crown of righteousness awaits me, which the Lord, the righteous judge, will give me on that day—not only to me but to all who have loved his appearing. Kwa legodimong serwalo se nkemetse se Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnayang ka letsatsi le legolo la go bowa ga gagwe. Mme e seng nna fela, e leng botlhe ba matshelo a bone a supang gore ba lebeletse ka tlhwaafalo go tla ga gagwe gape.
9 Do your best to come to me soon. Tswee-tswee tla ka bonako le ka bofefo jo o ka bo kgonang,
10 Demas loved this present world, abandoned me, went to Thessalonica. Crescens went to Galatia, Titus to Dalmatia. gonne Demase o ntlogetse. O ratile dilo tse dintle tsa lefatshe leno o ile Theselonika. Keresenese o ile Galalea, Tito o ile Dalamatia.
11 Only Luke is with me. Pick up Mark and bring him with you—he's useful to me for service. Ke Luke fela yo o nang le nna. Tla le Mareko fa o tla, gonne ke a mo tlhoka.
12 I have sent Tychicus to Ephesus. (Tukiko le ene o tsamaile, ke mo rometse kwa Efeso)
13 When you come, bring the coat I left with Carpus at Troas, and the scrolls, especially the parchments. E re fa o tla, o se ka wa lebala go ntlela kobo e ke e tlogetseng kwa Teroase mo go mokaulengwe Karepo, le dikwalo, mme bogolo, thata tsa matlalo.
14 Alexander the coppersmith did me great harm; the Lord will repay him according to his deeds. Alekesanta mothudi wa kgotlho o nkutlwisitse botlhoko thata. Morena o tlaa mo otlhaya,
15 Watch out for him yourself, for he strongly opposed our message. mme o mo tshabe, gonne o tlhabana le sengwe le sengwe se re se boletseng.
16 No one stood with me at my first defense—all abandoned me. May it not be charged against them. Erile lwa ntlha fa ke tlisiwa fa pele ga moatlhodi go ne go sena ope fano go nthusa, Mongwe le mongwe o ne a siile. Ke solofela gore ga ba kitla ba bewa molato kaga gone.
17 But the Lord stood with me and strengthened me, so through me the message would be fully proclaimed and all nations would hear it. I was rescued from the lion's mouth. Mme Morena o ne a ema le nna, a nnaya lobaka lwa go rera thero yotlhe ke sena poifo gore lefatshe le utlwe. Mme o ne a mpoloka gore ke se latlhelwe mo ditaung.
18 The Lord will rescue me from every evil deed and carry me safely into his heavenly kingdom. Glory to him forever and ever. Amen. Ee, Morena o tlaa nna a nkgolola ka nako tsotlhe mo bosuleng jotlhe mme o tlaa ntlisa mo bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. A kgalalelo e nne go Modimo ka metlha le metlha. Amen.
19 Greet Prisca and Aquila, and the household of Onesiphorus. Tswee-tswee “ntumedisetsa” Peresila le Akwila le ba ba nnang le Onesiforo.
20 Erastus stayed at Corinth, and I left Trophimus, who was ill, at Miletus. Eraseto o fetile a sala kwa Korintha, mme ke tlogetse Terofimose a lwala kwa Mileto.
21 Try hard to come before winter. Eubulus, Pudens, Linus, Claudia, and all the brothers and sisters greet you. Leka gore o bo o le kwano pele ga mariga. Eubulo o a go dumedisa le Padense, le Lino, le Kalaudia le ba bangwe botlhe.
22 The Lord be with your spirit. Grace be with you all. A Morena Jesu Keresete a nne le mowa wa gago. Sala sentle, ke le, Paulo.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]