Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

1 Peter 4 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 So, since Christ suffered in the flesh, arm yourselves too with the same mindset: whoever suffers in the flesh is done with sin. E re ka Keresete a bogile a bile a utlwisitswe botlhoko, le lona lo tshwanetse go boga fela jaaka a bogile; lo tshwanetse go ipaakanyetsa go boga, le lona. Mme ke gone gakologelwang gore fa mebele ya lona e boga, sebe se latlhegelwa ke nonofo ya sone.
2 So you no longer spend your remaining time in the flesh for human cravings, but for the will of our Father. Mme ga lo kitla lo senya lobaka lwa lona ka go tsamaya mo dithatong tse di bosula, mme lo tlaa tlhwaafalela go dira go rata ga Modimo.
3 You've already spent enough time doing what those who don't know the Father want: living in sensuality, lust, drunkenness, wild parties, drinking bouts, and lawless idol worship. Ka lobaka lo lo fetileng lo dirile dilo tse di bosula tse batho ba ba sa itseng Modimo ba di itumelelang ebong, boaka, dithato tsa nama, go nwa bojalwa, mediro ya boitaolo, botlhapelwa, le kobamelo ya medimo ya disetwa, le dibe tse dingwe tse di maswe.
4 They're surprised you no longer run with them into the same flood of wild living, so they insult you for it. Ee, ditsala tsa lona tsa pele di tlaa hakgamala thata fa lo sa tlhole lo tlhakana le bone mo dilong tse di bosula tse ba di dirang, mme ba tlaa lo tshega ka tshotlo ba bo ba lo nyatsa.
5 But they will answer to the one ready to judge the living and the dead. Mme gakologelwang gore, ba tshwanetse go lebagana le moatlhodi wa botlhe, batshedi le baswi; ba tlaa otlhaelwa tsela e ba tshedileng ka yone.
6 This is why the gospel was preached even to those now dead: judged in the flesh as all people are, but they may live in the spirit as our Father does. Ke gone ka moo Mafoko a a Molemo a reretsweng le e leng bone ba ba suleng, ba ba bolailweng ke morwalela, gore le fa mebele ya bone e otlhailwe ka loso, ba bo ba ka nna ba tshela mo meweng ya bone jaaka Modimo o tshela.
7 The end of all things is near. Therefore be clear-minded and self-controlled so that you can pray. Bokhutlo jwa lefatshe bo e tla ka bonako. Jalo nnang batho ba ba tlhwaafetseng ba ba rapelang.
8 Above all, keep loving one another deeply, because love covers a multitude of sins. Mo godimo ga tsone tsotlhe, tswelelang mo go supeng lorato lo logolo mo go ba bangwe, gonne lorato lo bipa melato e mentsi ya lona.
9 Show hospitality to one another without grumbling. Itumeleleng go nna mo malapeng a lona le ba ba tlhokang dijo kgotsa marobalo.
10 Each of you, use whatever gift you've received to serve others, as good stewards of our Father's varied grace. Modimo o neile mongwe le mongwe wa lona dinonofo tse di faphegileng; tlhomamisang go di dirisa go thusa ba bangwe, lo bolelela ba bangwe masego a Modimo a mantsi.
11 Whoever speaks should speak as one delivering the very words of our Father. Whoever serves should serve by the strength he supplies, so that in everything he may be glorified through Jesus Christ. To him belong the glory and the power forever and ever. Amen. A o bileditswe go rera? Jalo rera fela jaaka ekete Modimo o ne a bua ka wena. A o bileditswe go thusa ba bangwe? Go dire ka thata yotlhe le nonofo e Modimo o e go nayang, gore Modimo o tle o galalediwe ka Jesu Keresete; a go nne kgalalelo kwa go ene ka metlha le metlha, Amen.
12 Dear friends, don't be surprised at the fiery trial testing you, as if something strange were happening to you. Ditsala tse di rategang, lo se etsaetsege, kgotsa lwa hakgamala fa lo tsena mo ditekong tse di molelo tse di kwa pele, gonne mo ga se mo go sa itsiweng, selo se se sa tlwaelesegang se, se tlaa lo diragalela.
13 Instead, rejoice as much as you share Christ's suffering, so you may also rejoice with joy when his glory is revealed. Mo boemong jwa mo, itumeleng, gonne diteko tse di tlaa lo dira bapati ba ga Keresete mo pogisong ya gagwe, mme morago lo tlaa nna le boipelo jo bo hakgamatsang jwa go tlhakanela kgalalelo ya gagwe mo letsatsing le le tlang fa le bonadiwa.
14 If insulted for Christ's name, you're blessed, for the Spirit of glory and of our Father rests on you. Itumele fa o hutsiwa o bo o tlhapadiwa ka ntlha ya go nna Mokeresete, gonne fa moo go diragala, Mowa wa Modimo o tlaa tla mo go wena ka kgalalelo e kgolo.
15 None of you should suffer as a murderer, thief, criminal, or meddler in others' affairs. A ke se ka ka utlwa ka go boga ga gago ka ntlha ya go bolaya kgotsa go utswa kgotsa go dira matshwenyego kgotsa go nna molotlhanyi kgotsa go tsena mo dilong tsa batho ba bangwe.
16 But if you suffer as a Christian, don't be ashamed, but praise our Father that you bear that name. Mme ga go tlhabise ditlhong go bogela go nna Mokeresete. Baka Modimo ka ntlha ya tshwanelo ya go nna mo baneng ba ga Keresete, o bo o bidiwa ka leina la gagwe le lentle!
17 For it is time for judgment to begin with the household of our Father; if it starts with us, what awaits those who disobey the good news of our Father? Gonne lobaka lwa katlholo lo tsile, mme lo tshwanetse go simologa pele mo baneng ba e leng ba Modimo. Mme fa rona ba re leng Bakeresete re tshwanetse go atlholwa, ke bokhutlo jo bo maswe jang jo bo letileng ba ba iseng ba ke ba dumele mo Modimong.
18 And, "If the righteous are barely saved, what will become of the ungodly and sinner?" Fa basiami ba sa bolokwe ka motlhofo, ba e seng ba Modimo bone ba ka nna le letshoba lefe la go bolokwa?
19 So then, those who suffer by our Father's will should entrust their souls to their faithful Creator, doing good. Jalo fa lo boga ka fa go rateng ga Modimo, tswelelang lo dire tshiamo lo ikanye Modimo o o lo bopileng, gonne ga o kake wa lo tlhabisa ditlhong.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]