Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

1 Peter 3 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Likewise, wives, submit to your own husbands, so that even if some disobey the word, they may be won without a word by their wives' conduct, Basadi ba lo nyetsweng, kopanelang dithulagaganyo le banna ba lona; gonne fa ba gana go reetsa fa lo bua le bone kaga Morena, ba tlaa fenngwa ke maitseo a lona, le matshelo a a itshekileng.
2 seeing your pure, reverent conduct. Matshelo a lona a BoModimo a tlaa bua le bone botoka go gaisa mafoko a lona.
3 Do not let your beauty be the outward kind—braided hair, gold jewelry, fine clothing. Se kgatlhweng ke bontle jo bo ka fa ntle jo bo mo mekgabong ya gauta, kgotsa diaparo tse di maphatsi-phatsi, kgotsa go itoga moriri.
4 But let it be the hidden person of the heart, the undying beauty of a gentle, quiet spirit, precious in our Father's sight. Nnang bantle mo teng, mo teng ga dipelo tsa lona, ka bontle jo bo sa feleng jo bo siameng le ka mowa o o didimetseng o o leng botlhokwa thata mo Modimong.
5 For this is how the holy women of old who hoped in our Father adorned themselves, submitting to their own husbands, Bontle joo, jo bo mo teng, bo bonywe mo basading ba baitshepi ba bogologolo, ba ba neng ba ikanya Modimo ebile ba dirisanya sentle le banna ba bone mo dithulaganyong.
6 as Sarah obeyed Abraham, calling him lord. And you have become her children if you do good, fearing no terror. Jaaka Sara, a ne a utlwa monna wa gagwe Aberahame, a mo tlotla jaaka tlhogo ya lolwapa. Mme fa lo dira jalo lo tlaabo lo latela dikgato tsa gagwe jaaka barwadie ba ba siameng ebile ba dira se se molemo; jalo ga lo kitla lo boifa gore e ka re kgotsa lwa kgopisa banna ba lona.
7 Husbands, similarly, live with your wives with understanding, honoring each as the weaker vessel and as coheirs of the grace of life, so your prayers aren't hindered. Lona banna ba lo nyetseng, lo tshwanetse go nna kelotlhoko mo basading ba lona, lo itse se basadi ba lona ba se tlhokang, lo bo lo ba tlotle jaaka tokololo e e bokoa. Gakologelwang gore lona le basadi ba lona lo barui mmogo mo go amogeleng tshegofatso ya Modimo, mme fa lo sa ba direle jaaka lo tshwanetse dithapelo tsa lona ga di kitla di arabiwa.
8 Finally, all of you, be of one mind, sympathetic, loving one another as family, tenderhearted, and humble. Mme jaanong se ke lefoko la lona lotlhe: Lo tshwanetse go nna jaaka lolwapa lo lo itumelang; lo tletse kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe, lo ratana ka dipelo tse di bonolo le dikakanyo tse di kokobetseng.
9 Do not repay evil for evil or insult for insult, but bless instead—you were called to this, so you may inherit blessing. Se dueleng bosula ka jo bongwe. Se ipusolosetseng mo go ba ba buang bosula ka lona. Mo boemong jwa moo, rapelelang gore Modimo o ba thuse, gonne re tshwanetse ra nna tshiamo mo go ba bangwe, mme Modimo o tlaa re go segofaletsa.
10 For, "Whoever desires to love life and to see good days, let him keep his tongue from evil and his lips from speaking deceit. Fa o batla botshelo jo bo itumedisang, jo bo siameng, laola loleme lwa gago, o bo o tlhokomele dipounama tsa gago mo go bueng maaka.
11 Let him turn away from evil and do good; let him seek peace and pursue it. Fapoga mo bosuleng mme o dire tshiamo. Leka go tshelela mo kagisong le fa o tshwanetse go e latela go fitlhelela o e bona!
12 For the eyes of our Lord are on the righteous, and his ears are open to their prayer, but the face of our Lord is against those who do evil." Gonne Morena o lebeletse baba ba gagwe, o reeditse dithapelo tsa bone; mme sefatlhogo sa gagwe se kgatlhanong thata le ba ba dirang bosula.
13 Now who is there to harm you if you are eager to do what is good? Mme ka metlha yotlhe ga go na ope yo o tlaa lo utlwisang botlhoko go batla gore lo dire tshiamo.
14 But if you suffer for righteousness, you are blessed. Don't fear their fear, don't be shaken. Mme le fa ba tshwanetse, lo tshwanetse go fufegelwa, gonne Modimo o tlaa go lo duelela.
15 Set Christ apart as Lord in your hearts. Always be ready to answer anyone who asks the reason for your hope, but with gentleness and respect. O ikanye Keresete Morena wa gago mme fa mongwe a botsa gore ke eng fa o dumela ka tsela e o dumelang ka yone e, ipaakanyetse go mmolelela, mme o mmolelele ka tshiamo le maitseo.
16 Keep a clear conscience, so that when you're slandered, those who insult your good conduct in Christ are shamed. Dirang tshiamo; mme fa batho ba bua ka lona, ba lo raya maina a a sa siamang, ba tlaa tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya go lo akela fa lo ne lo dira tshiamo fela.
17 Better to suffer for doing good, if that's our Father's will, than for doing evil. Gakologelwang gore, fa Modimo o batla gore lo boge, go molemo go bogela tshiamo go na le go bogela se se sa siamang!
18 For Christ too suffered once for sins, the righteous for the unrighteous, to bring us to our Father—put to death in flesh, made alive in spirit, Keresete le ene o ile a boga. O swetse dibe tsa rona rotlhe baleofi gangwe fela, le fa ene a ne a sena sebe, gore a tle a re ise gae kwa Modimong re babalesegile. Mme le fa mmele wa gagwe o ne wa a swa, mowa wa gagwe o ne wa tswelela wa tshela,
19 in which he also went and proclaimed to the spirits in prison, mme e ne e le mo moeng fa a etela mewa e e mo kgolegelong, a e rerela,
20 who disobeyed long ago, when our Father waited patiently in Noah's days as the ark was being built, in which a few—eight people—were brought safely through the water. mewa ya ba ba neng ba gana go reetsa Modimo, bogologolo pele ga malatsi a ga Noa, ba ganne go reetsa Modimo, le fa o ne wa ba letela ka bopelo-telele fa Noa a ntse a aga araka (ntlo e e kokobalang). Le fa go ntse jalo e ne e le batho ba ferabobedi fela ba ba neng ba bolokwa mo go nweleng mo morwaleleng o o boitshegang oo.
21 This corresponding baptism now saves you too—not removing body dirt, but appealing to our Father for a good conscience—through Jesus Christ's resurrection, (Seo, ke se kolobetso e se re supegetsang: Mo kolobetsong re supa gore re bolokilwe mo losong le mo tshekisong ka tsogo ya ga Keresete; e seng gore mebele ya rona e tlhatswiwe ka metse fela, mme eleng gore mo go kolobediweng, re boela mo Modimong re o kopa go tlhatswa dipelo tsa rona mo sebeng).
22 who entered heaven and is at our Father's right hand, with angels, authorities, and powers subject to him. Mme jaanong Keresete o kwa legodimong, o ntse mo felong ga tlotlego go bapa le Modimo Rara, baengele botlhe le dinonofo di a mo obamela, di a mo utlwa.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]