Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 8 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 When he came down from the mountain, great crowds followed him. Bontsintsi jwa batho jwa sala Jesu mora-go fa a fologa mo mhapheng wa lentswe.
2 A man with leprosy approached, knelt before him, saying, "Lord, if you're willing, you can make me clean." Mme bonang! Molepero a atamela. A-khubama fa pele ga gagwe a obama a mo rapela a re, “Rra, fa o rata o ka mphodisa.”
3 Jesus reached out his hand and touched him: "I am willing; be clean." His leprosy vanished at once. Mme Jesu a mo tshwara a mo raya a re “Ke a rata, fola.” Mme gone fela foo lepero la nyelela.
4 Jesus told him, "Tell no one, but go show yourself to the priest and offer the gift Moses commanded, as testimony to them." Mme Jesu a mo raya a re, “O se ka wa bolelela ope; tlhamalalela kwa moperesiting go ya go tlhatlhojwa; mme o tlaa ntsha mpho e e batlwang ka molao wa ga Moshe wa balepero ba ba fodisitsweng, ebong bosupi jwa phatlhalatsa jwa gore o fodisitswe.”
5 When he entered Capernaum, a centurion came to him, appealing to him, Erile Jesu a goroga mo Kaperanama, mogolwane wa sesole sa Roma a tla kwa go ene mme a mo rapela go ya kwa lwapeng lwa gagwe go fodisa motlhanka wa gagwe wa mosimane yo o neng a le mo bolaong a bolawa ke bolwetse jwa teteselo a tlhoafaditswe ke setlhabi.
6 and saying, "Lord, my servant is lying at home paralyzed, suffering terribly." Not in this edition
7 He said to him, "I will come and heal him." Mme Jesu a mo fetola a re, “Ke tlaa tla go mo fodisa.”
8 The centurion replied, "Lord, I'm not worthy for you to come under my roof; just say the word, and my servant will be healed. Mme mogolwane a re, “Rra ga ke a lekana go go tseela kwa lwapeng lwa me gape ga go tlhokafale gore o tle. Fa o ka nna fela fa mme wa re, ‘Fola’, motlhanka wa me o tlaa fola! Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya baeteledipele ba me ba bagolo mme ke na le taolo mo masoleng a me, mme ke raya lengwe ke re, ‘Tsamaya’ mme le tsamaye, mme ke reye le lengwe ke re, ‘Tla’ mme le tle, mme ke reye motlhanka wa me wa mosimane ke re, ‘Dira se kgotsa sele’ mme a se dire. Mme ke itse gore o na le thata ya go raya bolwetse jwa gagwe o re bo tsamaye mme bo tlaa tsamaya.”
9 For I too am a man under authority, with soldiers under me. I tell one, 'Go,' and he goes; another, 'Come,' and he comes; my servant, 'Do this,' and he does it." Not in this edition
10 Hearing this, Jesus was amazed and told his followers, "Truly, I tell you, I have found no one in Israel with such faith. Jesu a nna foo a akabetse! Mme a retologela kwa bontsintsing jwa batho a re, “Ga ke ise ke ke ke bone tumelo e e tshwanang le e mo Iseraele!
11 I tell you, many will come from east and west and sit at the table with Abraham, Isaac, and Jacob in our Father's kingdom, Mme ke lo bolelela se, Badichaba ba le bantsi jaaka mogolwane yo wa Roma, ba tlaa tswa mo tikologong yotlhe ya lefatshe ba nna fa fatshe mo Bogosing jwa Legodimo le Aberahame, Isake le Jakobe.
12 but the kingdom's sons will be thrown into the outer darkness, where there will be weeping and grinding of teeth." Baiseraele ba le bantsi ba ba neng ba baakanyeditswe Bogosi, ba tlaa lelekelwa mo lefifing le le kwa ntle, mo felong ga selelo le tlhokofatso”.
13 Jesus told the centurion, "Go, let it be done for you as you believed." His servant was healed that hour. Hong Jesu a raya mogolwane wa Roma a re, “Tsamaya o ye lwapeng. Se o se dumetseng se diragetse!” Mme mosimane a fola ka yone nako eo.
14 When Jesus entered Peter's house, he saw Peter's mother-in-law lying in bed with a fever. Erile Jesu a goroga kwa tlung ya ga Petere, mogwagwadia Petere wa mosadi o ne a le mo bolaong a tshwere ke letshoroma.
15 He touched her hand; the fever left her, and she rose and served him. Mme erile fa Jesu a tshwara lebogo la gagwe, letshoroma la mo tlogela; mme a ema a ba baakanyetsa dijo.
16 That evening they brought him many oppressed by demons; he expelled the spirits with a word and healed everyone sick. Mo maitseboeng ao batho ba le bantsi ba ba neng ba tsenywe ke mewa e e maswe ba leriwe kwa go Jesu; mme ya re a bua lefoko le le lengwe; mewa e e maswe yotlhe ya sia; mme botlhe ba ba neng ba lwala ba fola.
17 This fulfilled the prophet Isaiah's words: "He took our weaknesses and carried our diseases." Mo ga diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng, “O na a tsaya malwetse a rona, a rwala dipobolo tsa rona.”
18 When Jesus saw a crowd around him, he ordered them to cross to the other side. Fa Jesu a lemoga ka fa bontsintsi jwa batho bo neng bo gola ka teng, o na a laela barutwa ba gagwe gore ba ipaakanyetse go kgabaganyetsa ntlheng e nngwe ya lecha.
19 And a scribe came up and said to him, "Teacher, I will follow you wherever you go." Ka yone nako eo mongwe wa baruti ba tumelo ya Sejuda a mo raya a re, “Moruti, ke tlaa go sala morago, ga gore sepe gore o ya kae!”
20 Jesus told him, "Foxes have dens and birds of the sky have nests, but the Son of Man has nowhere to lay his head." Mme Jesu a re, “Bophokoje ba na le mesima le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho, ga ke na legae le e leng la me, ga go na fa nka latsang tlhogo gone.”
21 Another of the disciples said to him, "Lord, let me first go and bury my father." Mongwe wa barutwa ba gagwe a re, “Morena, mma ke tsamaye pele ke ye go fitlha rre.”
22 But Jesus said to him, "Follow me, and leave the dead to bury their own dead." Mme Jesu a mo raya a re, “Ntshala morago! Lesa ba ba suleng mo moweng ba tlhokomele baswi ba bone.”
23 When he got into the boat, his disciples followed him. Mme a tsena mo mokorong a simolola go kgabaganya lecha le barutwa ba gagwe.
24 Suddenly a great storm arose on the sea, so waves covered the boat—but he was asleep. Ka tshoganyetso ga tsoga setsuatsue se segolo, makhubu a goletsegile go feta mokoro. Mme Jesu o ne a robetse.
25 So they woke him: "Lord, save us! We're dying!" Barutwa ba ya kwa go ene ba feta ba mo tsosa, ba gowa ba re, “Morena, re boloke! Re a nwela!”
26 He said to them, "Why are you afraid, you of little faith?" Then he stood and rebuked the winds and sea, and a great calm followed. Mme Jesu a ba raya a re, “Ao batho ba tumelo e potlana! Ke eng fa lo tshogile jaana?” Hong a ema a kgalemela phefo le makhubu, mme ga nna tuulalo e kgolo.
27 The men were amazed: "What kind of man is this—even winds and sea obey him?" Barutwa ba nna fela foo ba reregile! ba botsanya ba re, “Motho yo ke mang, yo le e leng diphefo tota le lewatle di mo reetsang?”
28 Crossing to the other side, to the region of the Gadarenes, two demon-possessed men came out of the tombs to meet him, so violent no one could pass that way. Erile ba goroga ka fa ntlheng e nngwe ya lecha mo lefatshing la Bagadara, banna ba le babedi ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe ba mo kgatlhantsha. Ba ne ba nna mo diphupung ba le diphatsa thata mo motho ope o neng a ka se ka a ralala golo foo.
29 They shouted, "What do you want with us, Son of God? Have you come here to torment us before the time?" Mme ba simolola go goela kwa go ene ba re, “O batlang mo go rona, wena Morwa Modimo? Ga o ise o nne le tshwanelo ya go re tlhokofatsa.”
30 Now a herd of many pigs was feeding at some distance from them. Serapa sa dikolobe se ne se fula kgakalanyana.
31 And the demons begged him, "If you cast us out, send us into the herd of pigs." Jalo mewa e e maswe ya kopa ya re fa o re “kgoromeletsa ntle re, lelekele mo serapeng sele sa dikolobe.”
32 He told them, "Go." They came out and entered the pigs, and the whole herd rushed down the cliff into the sea and died in the waters. Jesu a e raya a re, “Go siame, tsamayang” mme ya tswa mo banneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo thoteng ka bofefo sa wela mo metsing kwa tlase.
33 The herdsmen fled into the city and reported everything, including what had happened to the demon-possessed men. Mme badisa ba tsone ba sianela kwa motseng o o gaufi go ya go bolela kaga se se diragetseng.
34 The whole city came out to meet Jesus; seeing him, they begged him to leave their region. Mme batho botlhe ba motse ba sianela go tla go bona Jesu, ba mo kopa gore a tsamaye a ba tlogele ba le bosi.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]