Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 7 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 "Do not judge, so that you may not be judged. “Se sekiseng mme ga lo na go sekisiwa!
2 For you'll be judged by the judgment you use, and measured by the measure you give. Gonne ba bangwe le bone ba tlaa lo tsaya fela jaaka lo ba tsaya.
3 Why look at the speck in your brother's eye but miss the log in your own? “Mme o tshwenyegelang kaga selabe se se mo leitlhong la mongwe ka wena fa o na le sehidikwe mo go la gago?
4 Or how can you tell your brother, 'Let me remove the speck from your eye,' when a log is in yours? A o tlaa re, ‘Tsala, mma ke go thuse ke ntshe selabe seo mo leitlhong la gago; fa tota o sa bone ka ntlha ya sehidikwe se se mo go la gago’
5 Hypocrite, first remove the log from your own eye; then you'll see clearly to remove the speck from your brother's eye. Moitimokanyi! Pele ntsha sehidikwe se se mo leitlhong la gago. Ke gone o ka bonang go thusa mongwe ka wena.
6 "Don't give dogs what is holy, or throw your pearls before pigs—they'll trample them underfoot, then turn and tear you apart. “Se neeleng dikolobe dilo tsa lona tsa botlhokwa (diperela)! Di tlaa di gataka di be di retologela kwa go lona di lo tlhasela.
7 "Ask, and you'll receive it; seek, and you'll find; knock, and it'll open for you. “Kopang, mme lo tlaa newa se lo se kopang. Batlang, mme lo tlaa bona. Kokonyang, mme lo tlaa bulelwa.
8 For everyone who asks receives, whoever seeks finds, and whoever knocks, it will be opened. “Gonne mongwe le mongwe yo o kopang, o a amogela. Le fa e le mang yo o batlang, o a bona; fela fa o kokonya, o tlaa bulelwa.
9 Or what person among you, if his son asks him for bread, will give him a stone? Fa ngwana a kopa rraagwe dijo, a o tlaa neelwa lentswe mo boemong jwa tsone?
10 Or if he asks for a fish, will give him a snake? Fa a kopa tlhapi, a o tlaa neelwa noga e e nang le botlhole? Nnyaa!
11 So if you, being evil, know how to give your children good gifts, how much more will your Father in heaven give good things to those who ask him? Mme fa lona ba ba dipelo di thata, badira-dibe lo itse go fa bana ba lona dimpho tse di siameng, a Rraa-lona yo o kwa legodimong ga a na go naya ba ba mo kopang dimpho tse di siameng fela jalo?
12 "So in everything, treat people the way you want them to treat you; for this is the Law and the Prophets. “Direlang ba bangwe se lo batlang ba se lo direla. Se ke thuto ya melao ya ga Moshe ka mafoko a makhutshwane.
13 "Enter through the narrow gate, for the gate is wide, the road broad, leading to destruction, and many enter through it. “Legodimo le ka tsenwa fela ka kgoro e tshesane. Tsela e kgolo e e yang kwa moleting e atlhame, kgoro ya one e atlhametse bontsintsi jo bo tlhophang tsela ya one e e motlhofo.
14 But the gate is narrow, the road narrow, that leads to life; few find it. Mme boatlhamo jwa kgoro e e isang botshelong bo bonnye, le tsela e tshesane, mme basekae fela ba a e bona.
15 "Beware false prophets: they come to you in sheep's clothing but are ravenous wolves inside. “Itiseng mo baruting ba e seng bone ba ba tlang ba apere jaaka dinku tse di senang molato, mme e le diphiri tse di lo gagoganyang.
16 By their fruit you will recognize them. Are grapes gathered from thornbushes, or figs from thistles? Lo ka ba lemoga ka tsela e ba dirang ka yone, fela jaaka lo ka lemoga setlhare ka loungo lwa sone ga lo kake lwa tshwantshanya mofine le ditlhare tse di mitlwa! Kgotsa difeige le masitlwana!
17 In the same way, every good tree bears good fruit, but the bad tree bears bad fruit. Mefuta ya ditlhare tsa loungo e ka lemogwa ka bofefo ka go tlhatlhoba loungo lwa tsone.
18 A good tree cannot bear bad fruit, nor can a bad tree bear good fruit. Mofuta o o ungwang loungo lo lo monate ga o ke o ungwa mofuta o o sa jeweng!
19 Every tree that does not bear good fruit is cut down and thrown into the fire. Jalo he ditlhare tse di nang le loungo lo lo sa jeweng di a rengwa di bo di latlhelwa mo molelong.
20 So then, by their fruit you will recognize them. Ee, tsela ya go lemoga setlhare kgotsa motho ke ka mofuta wa loungo lo o lo ungwang.
21 "Not everyone who says to me, 'Lord, Lord,' will enter the kingdom of our Father, but the one who does the will of my Father in heaven. “Ga se botlhe ba ba buang boModimo ba ba ntseng jalo. Ba ka mpitsa ‘Morena’ mme ga ba kitla ba ya legodimong. Gonne potso ya botlhokwa ke gore a ba reetsa Rre yo o kwa legodimong.
22 Many will say to me on that day, 'Lord, Lord, didn't we prophesy in your name, drive out demons in your name, do many miracles in your name?' “Ka letsatsi la katlholo ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re, Morena Morena, re boleletse ba bangwe ka ga gago ra ba ra dirisa leina la gago go lelekela badimo ntle le go dira dikgakgamatso tse dingwe tse dintsi.
23 Then I will tell them plainly: 'I never knew you; get away from me, you lawbreakers.' Mme ke tlaa fetola ke re, ‘Ga lo ise lo ke lo bo lo nne ba me. Tsamayang, gonne ditiro tsa lona di bosula’,
24 "So anyone who hears these words of mine and does them will be like a wise man whose house was built on the rock. “Botlhe ba ba reetsang ditaelo tsa me ba di sala morago, ba botlhale, jaaka monna yo o agang ntlo ya gagwe mo lefikeng le le kwenneng.
25 Rain fell, floods came, winds blew and beat against that house, but it didn't fall, because it was founded on rock. Le fa pula e tla ka bontsi morwalela o bo o tlhatloga mme go tsubutla ditsuatsue ka fa ntle ga ntlo ya gagwe ga e kitla e wa, gonne e agilwe mo lefikeng.
26 And everyone who hears these words of mine and doesn't do them is like a foolish man who built his house on sand. “Mme ba ba utlwang ditaelo tsa me, mme ba sa di tlhokomele ba dieleele, jaaka monna yo o agang ntlo ya gagwe mo motlhabeng.
27 The rain fell, floods came, winds blew and hit that house, and it fell—and its fall was great." Gonne fa dipula le merwalela di tla, mme diphefo di foka di itaaka ntlo ya gagwe, e tlaa gosomana mo go golo.”
28 When Jesus had finished saying these words, the crowds were astonished at his teaching, Bontsintsi jwa batho bo ne jwa gakgamadiwa ke thuto ya ga Jesu.
29 because he was teaching them as one who had authority, and not as their scribes. Gonne o ne a ruta jaaka mongwe yo o nang le nonofo e kgolo, eseng jaaka baeteledipele ba bone ba Sejuda.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]