Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 9 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Jesus stepped into a boat, crossed over, and came to his own town. Mme Jesu a palama mokoro a kgabaganya lecha a ya Kaperanama, motse wa ga gabo.
2 Some brought him a paralyzed man lying on a mat. Seeing their faith, Jesus told the paralyzed man, "Take heart, son; your sins are forgiven." Ka bofefo banna bangwe ba lere kwa go ene mosimane yo o teteselang a le mo phateng. Erile fa Jesu a bona tumelo ya bone a raya mosimane yo o teteselang a re, “Nametsega ngwana, gonne ke go itshwaretse dibe!”
3 At this, some of the teachers of the law said to themselves, "This man is blaspheming." Mme bangwe ba baeteledipele ba tumelo ba gowa ba re, “O a tlhapatsa, Monna yo a re ke Modimo!”
4 Knowing their thoughts, Jesus said, "Why do you harbor evil in your hearts? Jesu o ne a itse se ba neng ba se akanya mme a re, “Ke eng fa lo akanya megopolo e e maswe jaana?
5 Which is easier: to say, 'Your sins are forgiven,' or to say, 'Get up and walk'? A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa?
6 But so you know the Son of Man has authority on earth to forgive sins"—then he told the paralyzed man, "Get up, take your mat, and go home." Mme jalo he, go supa gore ke na le thata fano mo lefatshing go itshwarela dibe.” Jalo a retologela kwa mosimaneng yo o teteselang a mo raya a re, “Tsoga o phuthe phate ya gago o ye lwapeng.”
7 And the man got up and went home. Mme mosimane a nanoga a tsamaya!
8 Seeing this, the crowds were awed and praised our Father, who gave people such authority. Poifo e kgolo ya wela bontsintsi jwa batho fa ba bona se se diragala fa pele ga matlho a bone. Ba galaletsa Modimo thata ka go naya motho thata e e ntseng jalo.
9 Moving on from there, Jesus saw a man named Matthew sitting at the tax booth. "Follow me," he said. Matthew got up and followed him. Fa Jesu a tsamaya mo phologelong ya tsela, a bona mokgethisi Mathaio, a ntse fa go kgethisediwang teng, mme Jesu a mo raya a re, “Tla o nne morutwa wa me.”
10 As Jesus ate in Matthew's house, many tax collectors and sinners joined him and his disciples at the table. Morago, fa Jesu le barutwa ba gagwe ba a ja dijo kwa tlung ya ga Mathaio, ga bo go le batsietsi ba le bantsi e le balalediwa ba ba itsegeng ka mekgwa e e maswe.
11 Seeing this, the Pharisees asked his disciples, "Why does your teacher eat with tax collectors and sinners?" Mme Bafarasai ba kgotswa ba re, “Ke eng fa moruti wa lona a dirisanya le batho ba ba ntseng jaana.”
12 On hearing this, Jesus said, "It is not the healthy who need a doctor, but the sick. Mme Jesu a ba raya a re, “Ka gore ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka, ba ke ba ba e tlhokang!”
13 But go and learn what this means: 'I want mercy, not sacrifice.' For I didn't come to call the righteous, but sinners." Mme a oketsa a re, “Tsamayang lo ithute tlhaloso ya temana ya Lokwalo, ‘Ga se ditlhabelo tsa lona le dimpho tsa lona tse ke tshwenyegang ka tsone, ke batla gore lo nne le kutlwelobotlhoko’. Tiro ya me fano mo lefatshing ke go busetsa badiradibe mo Modimong e seng go tshwenyega ka batho ba ba siameng.”
14 Then John's disciples came, asking him, "Why do we and the Pharisees fast often, but your disciples don't?" Letsatsi lengwe barutwa ba ga Johane wa Mokolobetsi ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago ba sa ikitse go ja dijo jaaka rona le Bafarasai re dira?”
15 Jesus replied, "Can the groom's friends mourn while he's with them? But days are coming when the groom is taken from them—then they'll fast. Mme Jesu a botsa a re, “A ditsala tsa monyadi di tshwanetse go hutsafala, di ikitsa dijo fa a sa ntse a na le tsone? Mme nako e tlaa tla fa ke tlaa tlosiwang mo go tsone. Mme ke gone ba tlaa nnang le nako e ntsi go ikitsa dijo.
16 No one sews an unshrunk patch on an old garment; the patch pulls away from it, leaving a worse tear. “Mme ke mang yo o ka bitiyang seaparo se segologolo ka letsela le lesha? Ka gore sebata se ka gagola sa dira leroba le legolo go gaisa pele.
17 People don't pour new wine into old wineskins; otherwise the skins burst, the wine spills, and they're ruined. Instead, new wine goes into new wineskins, so both are kept." “Mme emang yo o ka dirisang makuka a magologolo a mofine go tshela mofine o mosha? Gonne a magologolo a ka phanngwa ke go hupela, mme mofine, o tshologe, makuka a senyege. Ke makuka a masha fela a a dirisiwang go tshela mofine o mosha.”
18 While he spoke, a synagogue leader came, knelt before him, and said, "My daughter just died. But come, lay your hand on her, and she will live." Ya re a sa ntse a bua jaana, moruti wa ntlo ya thuto a tla a mo obamela a re, “Morwadiake yo mmotlana o sule, mme o ka mo rudisa fa o ka tla wa mo ama.”
19 Jesus got up and went with him, and so did his disciples. Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba sa ntse ba ya kwa lwapeng lwa moruti
20 Just then a woman bleeding twelve years came up behind and touched his cloak's edge. mosadi yo o sa bolong go lwala bolwetse jwa tshologo ya madi mo teng ka dingwaga di le lesome le metso e le mebedi a tla a mo setse morago mme a ama momeno wa seaparo sa gagwe.
21 She kept saying to herself, "If I only touch his cloak, I will be healed." Gonne o na a akantse gore, “Fela fa nka mo ama ke tlaa fola.”
22 Jesus turned, saw her. "Courage, daughter," he said, "your faith has healed you." The woman was healed at that moment. Jesu a retologa a bua nae a re, “Morweetsana, gotlhe go siame! Tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme mosadi a fola ka yone nako eo.
23 When Jesus entered the synagogue leader's house and saw the flute players and the noisy crowd, Erile fa Jesu a goroga kwa lwapeng lwa ga Moruti, a bona bontsintsi jwa batho bo tsositse modumo mme a utlwa le moopelo wa phitlho,
24 he said, "Go away. The girl is not dead but asleep." But they laughed at him. A re, “Ba ntshetseng kwa ntle, gonne morweetsana ga a swa; o robetse fela!” Mme ba ne ba mo tshega ka tshotlo le ka go mo nyatsa!
25 When the crowd was sent out, he went in, took her hand, and the girl got up. Ya re fa bontsi jwa batho bo sena go tswela kwa ntle, Jesu a tsena mo teng kwa go neng go namaletse morweetsana mme a mo tshwara ka seatla, mme a nanoga a itekanetse sentle gape.
26 News of this spread through all that region. Mme pego ya kgakgamatso e e gakgamatsang e ya tlala mo lefatshing lotlhe.
27 As Jesus left there, two blind men followed, shouting, "Have mercy on us, Son of David!" Ya re fa Jesu a tswa mo lwapeng lwa morweetsana, banna ba le babedi ba difofu ba mo sala morago ba goa ba re, “Ao Morwa Kgosi Dafide, re utlwele botlhoko.”
28 Entering the house, the blind men came to him. He asked, "Do you believe I am able to do this?" "Yes, Lord," they said. Ba tsena mo tlung kwa a neng a nna teng, Mme Jesu a ba botsa a re, “A lo dumela fa ke nonofile go lo foufolola?” Ba re, “Morena, re a dumela.”
29 Then he touched their eyes and said, "Let it be done to you according to your faith". Hong a ama matlho a bone mme a re “Ka ntlha ya tumelo ya lona go tlaa diragala!”
30 Their eyes opened. Jesus warned them sternly, "See that no one knows about this." Mme ka tshoganetso ba foufologa! Jesu a ba laya gore ba seka ba itsise ope kaga selo seo,
31 But they went out and spread the news about him all over that region. mme mo boemong jwa go dira jalo ba anamisa tumo ya gagwe gongwe le gongwe mo motsing.
32 As they went out, a mute, demon-possessed man was brought to Jesus. Erile Jesu a tswa mo lefelong leo, a rakana le monna wa semumu yo o neng a sa kgone go bua ka ntlha ya mowa o o maswe o o neng o le mo go ene.
33 Once the demon was driven out, the mute man spoke. The crowds were amazed and said, "Nothing like this has ever appeared in Israel." Hong Jesu a kgoromeletsa mowa o o maswe kwa ntle, mme gone fela foo monna a simolola go bua. Bontsi jwa batho jwa gakgamala thata ba re, “Ga go ise nke go diragale mo matshelong a rona go bona se se tshwanang le se.”
34 But the Pharisees said, "He drives out demons by the prince of demons." Mme Bafarasai ba re, lebaka le a nonofileng go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ke gore ene ka bo ene o tsenywe ke mewa e e maswe. O tsenywe ke Satane Kgosi ya mewa e e maswe.
35 Jesus traveled every town and village, teaching in their synagogues, announcing the good news of our Father's kingdom, and healing every disease and sickness. Jesu o na a tsamaya mo tikologong yotlhe mo magaeng a lefatshe leo, a ruta mo matlung a thuto ya Sejuda a anamisa Mafoko a a Molemo kaga Bogosi. Mme gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng o na a fodisa batho mofuta mongwe le mongwe wa bolwetse.
36 Seeing the crowds, he felt compassion for them, because they were troubled and helpless, like sheep without a shepherd. Mme o na a na le kutlwelo botlhoko thata mo bontsintsing jwa batho jo bo neng bo tla; ka gore matshwenyego a bone a ne a le matona thata mme ba sa itse se ba ka se dirang kgotsa kwa ba neng ba ka ya teng go bona thuso. Ba ne ba tshwana le dinku tse di senang modisa.
37 Then he said to his disciples, "The harvest is plentiful but the workers are few. Mme a raya barutwa ba gagwe a re “Thobo e kgolo thata mme barobi ba ba botlana thata.
38 So ask the Father of the harvest to send out workers into his harvest field." Jalo he, rapelang yo a leng motlhokomedi wa thobo, lo mo kope go thapa barobi ba bangwe ba masimo a gagwe.”
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]