Skip to content
The Believer's Library

Biblica® Open Tswana Living New Testament

Matthew 4 OLEF

Show OLEF only
Verse × ×
1 Then the Holy Spirit led Jesus into the wilderness to be tempted by the devil. Mme Jesu a gogelwa ke Mowa o o Boitshepo kwa sekakeng, go ya go lekwa ke Satane.
2 And after fasting forty days and forty nights, he was hungry. Ka malatsi a le masome a mane le masigo a le masome mane o na a sa je sepe, mme a tshwarwa ke tlala.
3 The tempter came and said, "If you're the Son of God, tell these stones to become bread." Mme Satane a mo leka gore a fetole maje senkgwe. Mme a re, go tlaa supa fa o le Morwa Modimo.
4 But he answered, "It is written, 'People do not live by bread alone, but by every word from our Father's mouth.'" Mme Jesu a mo raya a re, “Nnyaa! gonne dikwalo tsa re senkgwe ga se ka ke sa otla mewa ya batho: se re se tlhokang ke go reetsa lefoko lengwe le lengwe la Modimo.”
5 Then the devil took him into the holy city, stood him on the temple's highest point, Mme Satane a mo tsaya a mo isa setlhoeng sa Tempele mo Jerusalema.
6 and told him, "If you're God's Son, throw yourself down, since Scripture says, 'He will command his angels about you, and they will carry you on their hands, so you won't strike your foot on a stone.'" A mo raya a re, “Itige o itshupe fa o le Morwa Modimo; ka dikwalo tsa re, ‘Modimo o tlaa roma baengele ba One go go agelela gore o seka wa golafala,’ ba tlaa go agelela mo go sugagakaneng mo matlapeng a a kwa tlase.”
7 Jesus said to him, "Again it is written, 'You must not put your Father to the test.'" Jesu a mo araba ka kgakalo a re, “Gape gatwe ‘o se ka wa leka Morena Modimo ka teko ya boeleele.’ ”
8 Again the devil took him to a very high mountain and showed him all the world's kingdoms and their glory. Mme Satane a mo tsaya a mo isa setlhoeng sa thaba e e goletseng kwa godimo thata mme a mo kaela dichaba tsa lefatshe le kgalalelo yotlhe ya tsone.
9 He said to him, "All these I will give you, if you bow down and worship me." A mo raya a re, “Ke tlaa go fa mo gotlhe fa o ka khubama wa nkobamela.”
10 Then Jesus told him, "Get away, Satan! For Scripture says, 'Worship your Father, and serve only him.'" Mme Jesu a mo raya a re, “Tloga fa Satane. Dikwalo tsa re, ‘obamela Morena Modimo a le nosi. Reetsa ene fela.’ ”
11 Then the devil left him, and suddenly angels came and took care of him. Mme Satane a mo tlogela mme baengele ba tla go mo direla.
12 Now when he heard that John had been arrested, he withdrew into Galilee. Mme e rile fa Jesu a utlwa gore Johane o tshwerwe, a tswa mo Judea a boela gae kwa Nasaretha mo Galalea; Mme ka bofefo a fetela kwa Kaperanama fa thoko ga Lecha la Galalea gautshwane le Sebulona le Nafetali.
13 He left Nazareth and settled in Capernaum, by the sea, in the territory of Zebulun and Naphtali, Not in this edition
14 so that what was spoken by the prophet Isaiah might be fulfilled: Mo ga diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng
15 "The land of Zebulun and the land of Naphtali, the way of the sea, beyond the Jordan, Galilee of the Gentiles, “Lefatshe la Sebulona le lefatshe la ga Nafetali fa thoko ga Lecha, le moseja ga noka ya Jorodane, le kwa godimo ga Galalea kwa go tletseng Badichaba,
16 the people dwelling in darkness have seen a great light, and for those dwelling in the region and shadow of death, on them a light has dawned." teng koo batho ba ba neng ba le mo lefifing, ba bonye lesedi le legolo; ba ne ba ntse mo lefatshing la loso, mme lesedi la ba tlhabela.”
17 From that time Jesus began to preach, saying, "Repent, for the kingdom of our Father is near." Go simolola foo, Jesu a simolola go ruta a re, “Sokologang mo sebing lo sokologele mo Modimong gonne Bogosi jwa Legodimo bo, atametse.”
18 Walking by the Sea of Galilee, he saw two brothers, Simon called Peter and his brother Andrew, casting a net into the sea—they were fishermen. Mme ya re ka letsatsi lengwe a tsamaya mo motlhabeng wa lotshitshi lwa Lecha la Galalea, a bona banna ba le babedi, bana ba motho, ebong Simone yo o bidiwang Petere le Anderea, ba le mo mokorong ba tshwara ditlhapi ka lotloa ka e ne e le batshwari le barekisi ba ditlhapi.
19 And he said to them, "Follow me, and I will make you fishers of people." Mme Jesu a ba bitsa a re, “Ntshalang morago mme ke tlaa lo ruta ka fa lo ka tshwarang ka teng mewa ya batho.”
20 Immediately they left their nets and followed him. Mme ba akofa ba tlogela matloa a bone ba tsamaya nae.
21 Going on from there, he saw two more brothers—James son of Zebedee and John his brother—in the boat with their father Zebedee, mending nets, and called them. Ya re kgakalanyana mo motlhabeng wa lotshitshi, a bona bana ba motho ba bangwe gape ba le babedi, ebong Jakobe le Johane ba ntse mo mokorong le Sebede rraabo, ba roka matloa a bone; mme le bone a ba bitsa.
22 Immediately they left the boat and their father and followed him. Mme ba akofa ba emisa tiro ya bone ba tsamaya nae, ba tlogela rraabo.
23 He went all through Galilee, teaching in their synagogues, announcing the good news of the kingdom, and healing every disease and sickness among the people. Jesu a tsamaya mo tikologong yotlhe ya Galalea a ruta mo dikerekeng tsa Bajuta a rera Mafoko a a Molemo kaga Bogosi jwa Legodimo. A fodisa mofuta mongwe le mongwe wa khidiego le malwetse.
24 News of him spread through all Syria. They brought him all who were sick—gripped by various diseases and pains, oppressed by demons, epileptic, paralyzed—and he healed them. Pego ya dikgakgamatso tsa gagwe ya anama go feta melelwane ya Galalea mo e leng gore batho ba ba neng ba lwalela kgakala kwa Siria, ba ne ba tla kwa go ene go fodisiwa. A e ka ne e ne e le bolwetse bofe le setlhabi, kgotsa ba tsenywe ke badimo, kgotsa botsenwa, kgotsa teteselo, o ne a ba fodisa.
25 Large crowds followed him from Galilee, the Decapolis, Jerusalem, Judea, and beyond the Jordan. Bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa mo sala morago gongwe le gongwe kwa a yang gone. Batho ba ne ba tswa Galalea le mo metseng e e some le Jerusalema, le gongwe le gongwe mo Judea le kwa moseja ga Noka ya Jorodane.
FHB

Scripture from Father’s Heart Bible™. © 2026 Spirit Media Publishing, the imprint of Spirit Media Inc. All rights reserved. In Divine Voice™ Color, the words spoken by our Father show in blue, the words of the Son in red, and the words of the Spirit in purple.

OLEF

Biblica® Open Tswana Living New Testament™ Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™ Copyright © 1993 by Biblica, Inc.
Biblica® Open Tswana Living New Testament · Creative Commons - Attribution-ShareAlike [CC BY-SA]